Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Go fopholediwa gore mo ngwageng o o fetileng, batho ba ka nna dimilione di le 200, e leng diperesente di le 5 tsa baagi ba lefatshe ba ba fa gare ga dingwaga di le 15 le 64, ba ile ba dirisa diokobatsi tse di ileditsweng.—2005 WORLD DRUG REPORT, UNITED NATIONS OFFICE ON DRUGS AND CRIME

Dipatlisiso di bontsha gore mosha wa dingwaga tsa bolesome yo o bonang bothubaki jo mo go jone go dirisiwang tlhobolo, go ka direga ka makgetlho a mabedi gore mo lobakeng lwa dingwaga di le pedi le ene a nne le seabe mo bothubaking jo bo ntseng jalo.—SCIENCE” MAGAZINE, U.S.A.

Kwa São Paulo, kwa Brazil, diperesente di le 16,8 tsa basadi ba go fitlhelwang ba na le kankere ya mabele kwa bookelong bongwe mo ngwageng o le mongwe fela, e ne e le ba ba kafa tlase ga dingwaga di le 35. Fa kankere eno e ka lemogiwa e sa ntse e simolola, go nna le diperesente di le 90 tsa gore e kgone go alafiwa.—FOLHA ONLINE, BRAZIL.

Go Lwantsha Bothata Jwa go Lapisega

Babatlisisi ba ba ithutang ka go lapisega ba go bitsa “bongwe jwa malwetse a magolo a motlha wa rona,” go bega jalo The Vancouver Sun. Patlisiso nngwe e bontsha gore “mo e batlang e nna batho ba le bararo mo go ba le banè kwa Amerika Bokone ba eletsa go dira sengwe se sesha mo botshelong jwa bone.” Dingwe tsa dikakantsho tsa go lwantsha go lapisega tse di ntshiwang ke lekwalodikgang ke tseno: “Dira diphetogo dingwe mo botshelong jwa gago tse di tla dirang gore o se ka wa lapisega,” “ithute sengwe se sesha,” dira “tiro nngwe ya go ithaopa e e ka solegelang ba bangwe molemo,” “itshidile mmele, jaaka . . . go gwanta,” le “nna motho yo o ratang go leboga.”

Bokgoba Jwa Gompieno

“Mo lefatsheng lotlhe, batho ba ka nna dimilione di le 12,3 ba patelediwa go bereka ka thata,” go bega jalo pego ya patlisiso nngwe e e dirilweng ke International Labour Organization (ILO) ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Go fopholediwa gore ba le dimilione di le 2,4 tsa bone ke ba ba tserweng ka dikgoka ba bo ba rekisediwa batho ba bangwe. Dingwe tsa ditiro tse di boima tse ba patelediwang go di dira ba tla ba tshosediwa ke go nna diaka, go tsenela bosole, go ithekisa kgotsa go rekisetsa beng ba madirelo mangwe bana ba bone gore ba ba neye madi a go duela melato mengwe e ba nang le yone. Go ya ka Mokaedimogolo wa ILO e bong Juan Somavia, tiro e e ntseng jalo e e boima e “amoga batho ditshwanelo tsa bone le seriti.”

Baebele ya Ntlha e e Feletseng ka Se-Kriol

“Thanolo ya ntlha e e feletseng ya Baebele, go tloga ka Genesise go fitlha ka Tshenolo, e e ranoletsweng mo puong ya batho ba Australia e weditswe,” go bega jalo The Sydney Morning Herald. Thanolo eno e ntšha ka Se-Kriol, e e tlileng go gololwa ka 2007, e tlile go solegela molemo Baaborijene ba ka nna 30 000 ba ba nnang kwa dikgaolong tse di kwa kgakala tsa Bokone jwa Australia. Lekwalodikgang leno la re “porojeke eno e tsere dingwaga di le 27.” Go ya ka United Bible Societies, “dithanolo tse disha di le 22 tsa Kgolagano e Ntšha di ne tsa kwadisiwa semolao ka 2004.” Gone jaanong, Baebele e teng e le bontlhanngwe fela jwa yone kgotsa e feletse ka dipuo di le 2 377.

Mogote mo Teng ga Dikoloi Tse di Phakilweng

Mo ngwageng wa 2004, bana ba le 35 ba ile ba bolawa ke mogote kwa United States fa ba ne ba tlogetswe mo teng ga dikoloi tse di phakilweng, go bolela jalo makasine wa Pediatrics. Dipatlisiso di bontsha gore fa mogote o o ka fa ntle ga koloi o feta didikirii di le 30 tsa Celsius, mogote o o mo teng ga koloi one o ka fitlha ka bonako go didikirii di le 57 go ya go di le 68 tsa Celsius. Tota le fa mogote o o kafa ntle ga koloi e le didikirii di le 22 tsa Celsius, mogote o o mo teng ga koloi o sa ntse o ka tlhatloga ka didikirii di ka nna 22 tsa Celsius, mme gantsi o tlhatloga jalo mo metsotsong e le 15 kgotsa e le 30 fa koloi e sena go phakiwa. Go tlogela fensetere ya koloi e butswe disentimetara di le nnè fela go ne go sa thuse sepe, fela jaaka go sa thuse sepe go bulela pheswana e e tsiditsana ka air-condition pele o tima enjene. Bakwadi ba setlhogo seno ba dumela gore fa batho ba ka itse ka kotsi eno, ba ka kgona go tlhokomela bana gore ba se ka ba swa.