Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batlana le Di-Mouflon

Go Batlana le Di-Mouflon

Go Batlana le Di-Mouflon

Mo mosong mongwe wa dikgakologo re ne ra palama koloi e e diretsweng go tsamaya gongwe le gongwe re tshotse dilo tsotlhe tse re di tlhokang, dimmapa, dikhamera, dihutshe le ditlhako tse di kgonang go itsetsepela. Re ne re ya kwa Sekgweng sa Paphos se se kwa godimo mo dithabeng tsa Troodos tsa setlhaketlhake sa Kupero, ka tsholofelo ya gore re tla bona di-mouflon tse di sa bonweng motlhofo. Ke phologolo ya mofuta mang eno?

DI-MOUFLON ke mofuta wa dinku tsa kwa nageng, tse di amanang thata le tse di fitlhelwang kwa kgaolong yotlhe ya Mediterranean. Mme gone mofuta wa mouflon e re batlanang le yone e tlholega kwa Kupero, mme go bolelwa gore bontle jwa yone bo tshwana le jwa kgama e bile e majato jaaka podi. Baitse ba diphologolo ba e bitsa Ovis gmelini ophion, mme batho ba Kupero bone ba e bitsa agrinó. E fitlhelwa fela kwa mafelong a a kwa kgakala a a nang le dithaba.

Re ne ra tswa mo tseleng e kgolo, ra fapogela fa dithotaneng tse di fa tlase fela ga dithaba tse dikgolo, mme morago ga moo, ra ralala mokgatšha o montle. Go na le metse e e agilweng fa thoko ga dithotana, mme go na le masimo a ditlhare tsa maungo tse di jetsweng go bapa le mokgatšha. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae tsela e ne ya nna makgwakgwa, mme mo mafelong mangwe koloi ya rona e ne e tsamaya gaufi thata le mangope a a boteng. Kwa bofelong, re ne ra goroga kwa re neng re ya teng—e leng lefelo la batlhokomedi ba sekgwa. Jaanong re mo garegare ga Sekgwa sa Paphos sa diheketara di le 60 000 tse di tletseng ka ditlhare tsa phaene le masedara. Re ne ra reka kofi re bo re tlotla le Andreas, moitse wa sekgwa yo o apereng diaparo tse di tala yo o buang a sa kgale mathe ganong ka mouflon.

O bolela gore mo Kupero, mouflon ke yone phologolo e kgolo go gaisa tsotlhe tse di amusang. Mo nakong e e fetileng, di-mouflon di ne di le dintsi thata mo setlhaketlhakeng seno. Ditshwantsho di le dintsi tsa mekgabisa tsa Baroma le Bagerika di tshwantshitswe nku eno ya kwa nageng, mme dibuka tsa bogologolo di tlhalosa kafa batho ba maemo ba neng ba rata go di tsoma ka teng mo Sekgweng sa Paphos.

Fa Andreas a ntse a re isa kwa lefelong le le ageletsweng, o ne a re tlotlela mo go oketsegileng ka hisitori ya mouflon. Ka sekai, o ne a re bolelela gore palo ya diphologolo tseno e ne ya fokotsega thata fa batho ba ne ba simolola go tsoma ka ditlhobolo. Ke go tloga ka 1938 go ileng ga sekasekwa bosha melao ya go tsoma kwa Kupero gore go sirelediwe phologolo eno. Baitse ba sekgwa le mapodise ba dirisana mmogo go thibela bogodu jwa diphologolo tseno. Mo ngwageng o o latelang batsomi ba ne ba laelwa gore ba se ka ba tlhola ba tsoma mo sekgweng seno. Diphetogo tseno, mmogo le dikgato tse dingwe tse di neng tsa dirwa fa e sa le ka 1960, di ile tsa dira gore di-mouflon di boe di ate gape.

Go di Bona Lekgetlo la Ntlha

Re ne ra sala Andreas morago go ya kwa lefelong le le ageletsweng ka terata mme ra nna ra batla mo ditlhatshaneng le mo ditlhareng. Fa a sena go re kaela ka seatla gore re didimale, Andreas o re atametsa gaufi go se kae le mokgokolosa. Fa re leba fa godingwana ga one re bona di-mouflon di le tharo tse di namagadi le dikonyana tsa teng di le pedi di fula mo lefelong le le sebatla le le letsatsi. Tse di tona di ne di goletse kwa godimo ka disentimetara di ka nna 90, mme boboa jwa tsone bo ne bo le borokwa, bo bo bo nna bosetlhana mo dimpeng.

Dimela tsa naga tse di di fulang di dintsi thata mo nakong eno ya ngwaga, mme tse di tona di semeletse ka go fula mo e leng gore ga di re bone le go re bona. Le fa go ntse jalo, tse dinnye tsone di ne tsa tlogela go kalapa mme tsa tsamaela go se kae kwa go rona di etsaetsega. Re itumetse tota! Mme modumonyana fela wa nngwe ya dikhamera tsa rona o ne wa di tshosa, mme ka ponyo ya leitlho di ne tsa nyamela mo sekgweng.

E re ka re ne re itumeletse se re se boneng, re ne ra rulaganyetsa go tsamaya mo sekgweng ka maoto re solofetse gore re tla bona di-mouflon kwa nageng. Andreas o akantsha gore re tle gape maitseboa, ka nako e diphologolo tseno di nang le go tsamaela kwa bofelong jwa sekgwa ka yone di batla mafulo. E re ka re ikaeletse go robala mo ditenteng mo mokgatšheng, thaba e e fa godingwana ga mokgatšha ono e ka nna yone lefelo le le siametseng gore re di batle mo go lone. Re ne ra bolelelwa gore di-mouflon di rata thata go palamela kwa godimo ga mekgokolosa mo dikgweding tse go leng mogote ka tsone, mme ka mariga, fa ditlhoa tsa mekgokolosa eno di khurumeditswe ke kapoko, di batlana le dimela tse di jegang kwa tlasenyana ga mekgokolosa, mme ka dinako tse dingwe di tswa le mo sekgweng.

Di simolola go gwela ka nako ya letlhabula. Ka nako ya mariga, di-mouflon di tsamaya ka ditlhopha tsa palo e e fa gare ga 10 le 20. Fa letsomane le simolola go tsala ka April kgotsa May, le ikgaoganya ka ditlhopha tse dinnye tse di tshwanang le tse re di boneng kwa lefelong le le ageletsweng. Diphelefu tsa teng gantsi di fula di le nosi.

Phelefu ya Naga!

Ka makuku a moso o o latelang, re ne ra palamela kwa godimo ga thota gape ka koloi, ra e paka mo lebaleng le le bojang, re bo re tsamaya ka dinao mo sekgweng pele ga letsatsi le tlhatloga thata. Go sa ntse go sisibetse mo sekgweng, mme go na le mouwane mo ditlhareng. Fa re ntse re eme go itumelela tidimalo eno, re ne ra bona phelefu—e le kgolo e bile e nonofile, mme e ne e tloga e fetsa go wa boboa jwa yone jo bokima jwa mariga. E ne e na le boboa jo bontsho mo thamong. E ne ya retolosa tlhogo ya yone ka iketlo mme ya re leba ka matlho a yone a a nang le dintshi tse dintsho e bo e re dupelela mo phefong. Dinaka tsa yone tse dikima tse di segogoropo di boleele jwa mo e ka nnang disentimetara di le 40! E kgolo fa o e bapisa le tse di namagadi tse re di boneng maabane mme e tshwanetse ya bo e le boima jwa dikilogerama di le 35.

Re ne ra sala re eme tsi, re sa heme le go hema. Le fa go ntse jalo, phologolo eno e e kelotlhoko go bonala e ile ya dupelela monko wa rona, ka gonne e ne ya thukutha tlhogo ya yone e bo e tshaba. Se re se boneng le se re se ithutileng mo malatsing a le mabedi se re kgatlhile tota. Gape re kgonne go godisa le tsela e re anaanelang Mmopi wa rona ka yone, yo o neng a re: “Phologolo nngwe le nngwe ya naga ya sekgwa ke ya me, dibatana tse di mo godimo ga dithaba tse di sekete.”—Pesalema 50:10.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Mouflon” ya Kupero (kafa morago) le “mouflon” ya Yuropa

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Top right: Oxford Scientific/photolibrary/Niall Benvie; European Mouflon: Oxford Scientific/photolibrary