Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Eletsa go Ratiwa

Go Eletsa go Ratiwa

Go Eletsa go Ratiwa

Bogologolo tala mo motseng o gompieno o fitlhelwang kwa nageng ya Turkey, go ne go nna mosetsana mongwe yo o bidiwang Lea. Lea e ne e se motho yo montle, mme monnawe wa mosetsana, e bong Ragele, ene o ne a le montle.

RAGELE o ne a kopana le monna yo o neng a mo rata thata jaana mo e leng gore o ne a dumela go berekela rraagwe Ragele dingwaga di le supa gore a tle a mo nyale. Le fa go ntse jalo, mo bosigong jwa lenyalo, rraagwe basetsana bano o ne a nyadisa Lea mo boemong jwa ga monnawe. Ga re itse gore Lea o ne a ikutlwa jang ka leano leno la ga rraagwe, mme gone o tshwanetse a bo a ne a itse gore eno ga se tsela e e siameng ya go tsena mo lenyalong.

Fa monna yono yo o sa tswang go nyala a lemoga se se neng se diragetse, o ne a sa itumela le eseng. Rraagwe basetsana bano o ne a tlhalosa gore go ya ka setso sa bone mosetsana yo motona ke ene a tshwanetseng a nyalwa pele. Ka gone, Lea o ne a iphitlhela a nyadisitswe ka boferefere le monna yo o simolotseng a rata monnawe, a ba a mo nyala moragonyana. Ruri Lea o tshwanetse a bo a ile a utlwisiwa botlhoko thata ke go bona monnawe a bontshiwa lorato go mo feta. Lea ga a ka a ratana pele ga a nyalwa, mme ke dilo di se kae fela tse a neng a ka di gopola ka letsatsi la gagwe la lenyalo, fa e le gore gone di ne di le teng. Ruri o tshwanetse a bo a ne a eletsa thata go ratiwa ka tsela e Ragele a neng a ratiwa ka yone! Ka gone, ka ntlha ya seemo se a ileng a iphitlhela a le mo go sone se a neng a ka se kgone go se laola, go ka direga gore ka dinako tse dingwe Lea a ka tswa a ne a ikutlwa a sa ratiwe e bile a sa batliwe. *

Batho ba le bantsi gompieno ba ka tswa ba ikutlwa ka tsela e Lea a neng a ikutlwa ka yone ka selekanyo se se rileng. Rotlhe re na le keletso e e nweleletseng ya go batla go rata mongwe le go ratiwa. Gongwe re eletsa go nna le molekane yo o tla re ratang. Gape re batla go ratiwa ke batsadi ba rona, bana ba rona, bomonnaarona le bomogoloarona le ditsala tsa rona. Jaaka Lea, re ka nna ra bona batho ba bangwe ba bontshiwa lorato mme rona re sa lo bontshiwe.

Go tloga fela fa re santse re le bana re utlwela ka batho ba bantle ba ba ratanang le bangwe ba bo ba tshela monate morago ga moo. Baopedi ba opela ka tsela e e amang maikutlo ka ga lorato; baboki bone ba a lo tlotlomatsa. Le fa go ntse jalo, monna mongwe yo o dirang dipatlisiso o ne a kwala jaana: “Ga go na tiro epe, kgwebo epe, e e simololwang ka tsholofelo e kgolo jaana e bile go lebeletswe dilo di le dintsi ka yone, mme le fa go ntse jalo e bo e felela ka maswabi nako le nako, jaaka lorato.” Ee ruri, batho ba re nang le kamano e e gaufi thata le bone ke bone ba gantsi ba re utlwisang botlhoko thata—ba re bakela mahutsana go na le boitumelo jwa goyagoile. Mo dinageng di le mmalwa, mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa manyalo otlhe gone jaanong a felela ka tlhalo, mme balekane ba le bantsi ba lenyalo ga ba a itumela le eseng le fa gone ba sa tlhalana.

Gape dinaga di le dintsi di ile tsa nna le palo e e oketsegang ya malapa a go nang le motsadi a le mongwe fela mo go one le a dilo di sa tsamaeng sentle mo go one, a bana le bone ba utlwang botlhoko ka ntlha ya one. Mme tota bana ke bone ba segolobogolo ba tlhokang go ikutlwa ba le mo lelapeng le ba tlhokometsweng le go ratiwa mo go lone. Ka gone, lorato lo feletse kae? Re ka bona kae thuso gore re ithute ka nonofo eno e e botlhokwatlhokwa? Ditlhogo tse di latelang di tla tlotla ka dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Pego eno e fitlhelwa mo kgaolong ya 29 le 30 ya buka ya Baebele ya Genesise.