Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kopa Thuso ya Potlako Kwa Lontone

Go Kopa Thuso ya Potlako Kwa Lontone

Go Kopa Thuso ya Potlako Kwa Lontone

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BORITANE

MOOKAMEDI wa lephata la diambulense la London Ambulance Service, e bong Rob Ashford o ne a tlhalosa jaana: “Boikaelelo jwa rona ke gore mo metsotsong e le robedi fela, re bo re gorogile kwa balwetseng ba ba lwalang thata le ba ba gobetseng gongwe le gongwe fela mo Lontone e e bogolo jwa disekwerekilometara di le 1 600. Re kgona go fitlhelela seo mo ditiragalong di feta 75 lekgolong, le fa gone ditiragalo tseno di ntse di oketsega ngwaga le ngwaga.”

Ke ne ka lalediwa go etela setheo sa Lontone sa Central Ambulance Control (setheo se batho ba founelang kwa go sone fa ba tlhoka thuso ya potlako) kwa Waterloo e e kwa losing lo lo kwa borwa lwa Noka ya Thames. Setheo seno se segolo go gaisa tsotlhe kwa Yuropa, se amogela megala e e tsenang mo go sone e ka nna 3 000 ka letsatsi ya batho ba ba tlhokang thuso ya potlako. Megala eno e tswa kwa bathong ba ka nna dimilione di le supa, ba ba buang dipuo di feta 300. Badiri ba le 300 ba ba berekang mo setheong seno ba kgona jang go lepalepana le kgwetlho eno?

Go Lebelela Gore Mogala o Potlakile go le Kana Kang

Ke ne ka lebelela modiri mongwe fa a ntse a araba “megala ya thuso ya potlako ya 999,” jaaka fa e bidiwa kwa Boritane—999 ke nomore ya mogala. Ka bonako fela modiri yono o ne a kgona go bona lefelo le go nang le bothata mo go lone le marakanelo a ditsela a a fa gaufi le lone. Ka yone nako eo mmapa wa tsela o ne wa tlhagelela mo khomputareng ya gagwe. Gore a kgone go lemoga gore thuso e tlhokega ka potlako go le kana kang, o ne a botsa dipotso di le mmalwa: Ke batho ba le kae ba ba tlhokang thuso? Ba na le dingwaga di le kae mme ke ba bong bofe? A ba idibetse? A ba sa ntse ba hema? A ba na le ditlhabi mo sehubeng? A ba tswa madi?

Fa modiri yono a ntse a kwala tshedimosetso eno mo khomputareng, khomputara ka boyone e tlhagisa matshwao a a supang gore seemo se potlakile go le kana kang: fa e tlhagisa mmala o mohibidu—go raya gore botshelo bo mo kotsing, o o serolwana—seemo se masisi mme gone botshelo ga bo mo kotsing, kgotsa botala—botshelo ga bo mo kotsing e bile seemo ga se masisi. Morago ga moo, modiri yono o tla bo a romela tshedimosetso eno kwa modiring mmogo le ene mme ene a dire dithulaganyo tsa gore motho yoo a thusiwe.

Thuso Kwa Lefelong le e Tlhokegang Kwa go Lone

Setheo seno se na le diambulense di le 395 le dikoloi di le 60 tse di bofefo go tabogela kwa thuso ya potlako e tlhokegang gone. Fa go tlhokega thuso ya potlako, mokgweetsi wa koloi yo o fa gaufi o laelwa go ya kwa thuso e tlhokegang gone. Badiri ba tsa kalafi ya potlako ba ba tsamayang ka dikuta le bone ba nna ba le malala a laotswe, ka gonne bone ba ka kgona go feta motlhofo fela mo tseleng e e nang le pharakano ya dikoloi. Mo godimo ga moo, dingaka di le 12 le tsone di nna di le malala a laotswe diura di le 24 ka letsatsi gore di thuse badiri ba tsa kalafi ya potlako.

Fa ke ntse ke le kwa setheong seo, mapodise a lefelo leo a ne a bega kotsi nngwe e e masisi e e neng e diregile mo tseleng e kgolo e e sephethephethe. Ambulense e ne e setse e gorogile mo lefelong la kotsi, le fa go ntse jalo mapodise a ne a founela ntlokgolo ya diambulense. Ka ntlha yang? Go tsibosa badiri ba koo gore go ka nna ga tlhokega gore ba thuse ka helikopotara. Helikopotara eno e e lemogiwang ka mmala o mohibidu e dira maeto a ka nna 1 000 ka ngwaga go thusa batho. E kgweediwa ke modiri wa tsa kalafi ya potlako le ngaka, ba gantsi ba isang batho ba ba lwalang thata kwa bookelong jwa Royal London Hospital, koo ba fiwang kalafi ka bonako teng.

Ka 2004, go ne ga simololwa mokgwa o mongwe gape—thulaganyo e e neng e lekelediwa ya setlhopha sa diambulense tsa dibaesekele kwa Boemafofaneng jwa Lontone jwa Heathrow, e e neng e le go atolosiwa fela ga tirelo eno ka gonne e setse e le mo tirisong kwa lefelong la West End la toropo eno. Setlhopha sa baitse ba tsa kalafi le badiri ba tsa kalafi ya potlako ba a thusana mo tirong eno, ka go dira jalo ba fokoletsa diambulense morwalo gore di kgone go dira ditiro tse dingwe. Baesekele nngwe le nngwe, e e tsentsweng lebone le le pududu le sediriswa sa go tlhaba mokgosi, e na le lebokoso le le tsentseng didiriswa tsa bokete jwa dikilogerama di le 35, go akaretsa le sediriswa se se bidiwang defibrillator (sediriswa se se dirisang maatla a motlakase go thusa pelo gore e boe e iteye gape), okesejene le melemo e e okobatsang ditlhabi.

Mo lobakeng lwa malatsi a se kae fela, tirelo eno ya dibaesekele e ne ya itshupa gore e botlhokwa. Mosadi wa dingwaga tse 35 o ne a lwala a le mo moleng wa bapalami ba sefofane kwa Boemafofaneng jwa Heathrow, mme a palelwa ke go hema. Badiri ba babedi ba tsa kalafi ya potlako ba ne ba founelwa ke ba lephata la 999 mme ba goroga kwa molwetseng mo lobakeng lwa metsotswana fela, ba tsenya mosadi yono okesejene mme ka bonako fela ba simolola go leka go mo tsosa. Ambulense e ne ya mo isa ka bonako kwa bookelong jo bo gaufi. Fa a sena go thathamologelwa, o ne a leboga badiri ba tsa kalafi ya potlako ka namana go bo ba namotse botshelo jwa gagwe.

Tirelo e e Golelang Pele

Fa batho ba ba founelang 999 ba sa bue Seesemane, ba fetisediwa kwa moranoding. Ebu, go ka nna thata go utlwa gore motho yo o founileng o bua puo efe, segolobogolo fa motho yoo a buela ka bonako ka ntlha ya go bo a tlhobaela kgotsa a gateletswe thata mo maikutlong!

Go na le DVD ya baesekopo e khutshwane e e nang le mokwalo wa fa tlase wa Seesemane o o tlhalosang se se buiwang e e diretsweng go ruta batho botlhe ka thuso ya potlako. Kgatiso ya London Ambulance Service ya LAS News, e bolela gore boikaelelo jwa filimi eno ke go kgothaletsa baagi ba Lontone ba ditso tsa Asia Borwa “go ithuta kafa ba ka thusang ka teng motho yo pelo ya gagwe e sa tlholeng e itaya gore e boe e iteye gape.” DVD eno gape e bontsha se se diregang fa go founetswe 999.

Baagi ba ditso tse di farologaneng ba toropo ya Engelane ba leboga thata gore ba tsa kalafi ya thuso ya potlako ba tsibogela dikopo tsa bone ka bonako, ba ka tswa ba kopela motho a le mongwe fela thuso kgotsa ba le bantsi, go sa kgathalesege gore a thuso eo e tlhokega mo dikagong tse di kafa tlase ga lefatshe kgotsa mo dikagong tse di goletseng kwa godimo. Ngaka nngwe e e ithaopileng fa e bua ka banna le basadi ba ba berekang kwa London Ambulance Service, e ne ya re: “Ke bangwe ba baitse ba tsa kalafi ba ba molemolemo ba nkileng ka bereka le bone.” Eno ke tsela e e molemo e badiri ba setheo sa diambulense se segolo thata mo lefatsheng se se thusang batho mahala ba akgolwang ka yone.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

Mathata le Dilo Tse di Tenang

Go founa go go sa tshwanelang ga motho a ikopela tshedimosetso e e rileng, go founa ka ntlha ya malwetse le dikgobalo tse e seng tsa sepe le ga batho ba founela dinomoro tsa 999 ka phoso kgotsa ba di founela monate fela, go bakela ditheo tsa thuso ya potlako mathata. Selo se se maswe le go feta ke gore balwetse bangwe le batho ba bangwe, go akaretsa maloko a lelapa la motho yo o lwalang ba ile ba kgoba ba tsa kalafi ka mafoko fa ba tlile go ba thusa, mme ka dinako tse dingwe ba ile ba bo ba ba lwantsha! Batho bano ba ka tswa ba galefisiwa ke go gatelelwa thata mo maikutlong kgotsa go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang kgotsa go fela pelo ka gonne ba akanya gore thuso e diegile. Mathata ano a ka se rarabologe motlhofo fela, mme go itsisiwe ga batho ka dilo tseno go ile ga thusa thata.

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Setheo seno se tsibogela megala e le 3 000 ka letsatsi ya batho ba ba tlhokang thuso ya potlako

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]

All photos: Courtesy of London Ambulance Service NHS Trust