Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Ke Batla go Direla Modimo Pele ke Swa’

‘Ke Batla go Direla Modimo Pele ke Swa’

‘Ke Batla go Direla Modimo Pele ke Swa’

KGANG YA GA MAMIE FREE

KA 1990, go ne ga tlhagoga ntwa ya selegae kwa Liberia. Fa ntwa e ntse e gakala, Mamie, mosetsana mongwe wa dingwaga di le 12 wa Mo-Krahn, le ba lelapa la gaabo ba ne ba itswaletse mo teng ga ntlo ya bone kwa Monrovia, e leng motsemoshate wa naga ya bone. Mamie a re: “Re ne ra utlwa go thunya mo ntlong e e bapileng le ya rona. Go ne go wetse mmisaele mo go yone mme ya tuka. Dikgabo tsa molelo di ne tsa wela mo ntlong ya rona mme tsa dira gore le yone e tuke.” Fa ntwa e ntse e fagile jalo, Mamie, mmaagwe le malomaagwe ba ne ba tshaba.

Mamie o gakologelwa jaana: “Ke sa lebelela, ke ne ka utlwa ke itewa ke sengwe.”

“Mme mmè o ne a mpotsa a re: ‘Ke eng?’”

Ke ne ka re: “Ke iteilwe ke sengwe! Ke akanya gore ke lerumo la tlhobolo.”

Mamie o ne a wela fa fatshe a le mo ditlhabing mme a rapela jaana: “Modimo nkutlwe tlhe. Ke akanya gore ke tla tloga ke swa, mme ke batla go go direla pele ke swa.” Morago ga foo o ne a idibala.

E re ka baagelani ba ne ba akanya gore Mamie o tlhokafetse, ba ne ba batla go ya go mo fitlha mo lotshitshing lo lo fa gaufi. Mme mmaagwe o ne a gatelela gore a isiwe kwa kokelong. Ka maswabi, kokelo eo e ne e se na didirisiwa tse di lekaneng tsa go oka banna, basadi le bana ba bantsi ba ba neng ba thologela mo go yone. Malomaagwe Mamie, yo le ene a neng a gobetse, o ne a tlhokafala ka jone bosigo joo mme Mamie ene o ne a falola le fa a ne a sule ditokololo go tswa mo lethekeng.

O ne a nna a dutlela madi kafa teng e bile a na le ditlhabi tse di botlhoko. Dikgwedi tse nnè morago ga moo, dingaka di ile tsa dira diekeserei gore ba tle ba bone lerumo. Le ne le dutse fa gare ga pelo le makgwafo a gagwe. Go ne go le kotsi thata go ara Mamie, ka jalo mmaagwe o ne a mo isa kwa ngakeng ya setso. Mamie o gakologelwa jaana: “O ne a ntshega ka logare mme morago ga foo a leka go ntsha lerumo ka go le gopa ka molomo. A bo a re ‘ke le ntshitse,’ a ntsha lerumo mo molomong wa gagwe. Re ne ra mo duela mme ra tsamaya.”

Mme monna yoo o ne a re akeditse. Diekeserei tse dingwe tse di neng tsa dirwa di ne tsa bontsha gore lerumo le sa ntse le le teng. Mamie le mmaagwe ba ne ba boela gape kwa ngakeng ele ya setso mme e ne ya ba tlhomamisetsa gore go tla tsaya dikgwedi di le robongwe pele diekeserei di ka kgona go supa gore lerumo le ntshitswe. Ba ne ba boela gae mme ba leta ka bopelotelele. Ka nako eo, Mamie o ne a ntse a nwa melemo e e farologaneng go mo thusa go okobatsa botlhoko. Go ne ga dirwa diekeserei tse dingwe gape dikgwedi tse robongwe moragonyana. Lerumo le ne le sa ntse le le teng. Ngaka ele ya setso e ne ya inaya naga.

Lerumo le ne le setse le na le dikgwedi di le 18 le le mo mmeleng wa ga Mamie. Mongwe wa ba losika o ne a mo isa kwa ngakeng ya bola. Go na le gore e mo thuse, e ne ya re Mamie kgotsa mmaagwe o ne a tlile go swa mo letsatsing lengwe le le rileng. Mamie o ne a setse a le dingwaga di le 13 jaanong. Mamie a re: “Ke ne ka nnela go lela. Mme fa letsatsi le le beilweng le fitlha, ga go a ka ga swa ope.”

Rangwanaagwe Mamie o ne a isa Mamie kwa moruting mongwe yo o neng a bolela gore o bone pono e e neng e bontsha gore Mamie ga a swa ditokololo ka ntlha ya lerumo mme ke ka go bo a loilwe ke mongwe. O ne a solofetsa gore fa Mamie a ka latela ditaelo tse a tla di mo nayang, o tla kgona go tsamaya gape morago ga beke. Mamie o tlhalosa jaana: “Ke ne ka tlhapa ka metsi a lewatle a a boitshepo gantsintsi, ka itima dijo, ka pitika fa fatshe fa gare ga mpa ya bosigo bongwe le bongwe ka diura di le dintsi. Mme ga go na sepe sa dilo tseno se se ileng sa thusa, boemo jwa me bo ne bo sa fetoge.”

Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga bulega mafelo a a oketsegileng a kalafi mme kgabagare lerumo le ne la ntshiwa mo go Mamie. O ne a feditse dingwaga di le pedi a le mo ditlhabing. O gakologelwa jaana: “Fa ke sena go ariwa, ditlhabi di ne tsa kokobala mme ka kgona go hema botoka. Le fa gone ke ne ka nna ke sule ditokololo go se kae, ke ne ka kgona go ema ke dirisa tshipi e ke neng ke ikokotlela ka yone.”

Mamie o Kopana le Basupi ba ga Jehofa

Dibeke di le mmalwa morago ga karo, mmaagwe Mamie o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa ba babedi. E re ka a ne a itse gore morwadie o rata go bala Baebele, o ne a laletsa Basupi go tla kwa ntlong ya gagwe. Mamie o ne a dumela ka bonako go ithuta Baebele. Le fa go ntse jalo, morago ga dikgwedi di se kae, o ne a boela kwa kokelong mme a bo a sa tlhole a kgona go kopana le Basupi.

Le fa go ntse jalo, Mamie o ne a sa ntse a batla go ithuta Baebele. Ka jalo, fa moruti mongwe wa kereke nngwe a ithaopa gore o tla mo thusa, o ne a dumela. Kwa tlelaseng ya sekolo sa Sontaga, moithuti yo mongwe o ne a botsa morutisi a re “A Jesu o lekana le Modimo?”

Morutisi o ne a araba a re “Ee, ba a lekana. Mme Jesu ga a lekane le Modimo go le kalo.”

Mamie o ne a ipotsa a re, ‘Ga ba lekane go le kalo jang? Ga go utlwale. Go na le sengwe se se seng boammaaruri fano.’ E re ka Mamie a ne a sa dumele gore o ithuta boammaaruri jwa Baebele, kgabagare o ne a tlogela go ya kwa kerekeng eo.

Ka 1996 go ne ga nna le dikhuduego gape kwa Monrovia. Mamie o ne a swelwa ke maloko a mangwe a mabedi gape mo lelapeng la gaabo mme ntlo ya bone e ne ya fisiwa ka molelo lekgetlho la bobedi. Dikgwedi di se kae moragonyana, Basupi ba babedi ba ne ba kopana le Mamie fa ba ntse ba le mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Mamie o ne a boa a ithuta Baebele gape. Fa a ne a ya kwa pokanong ya gagwe ya ntlha, o ne a gakgamala go bona mongwe le mongwe—go akaretsa le bagolwane ba phuthego—ba thusa go phepafatsa Holo ya Bogosi. Moragonyana mo ngwageng oo, o ne a itumela thata go ya kwa go nngwe ya Dikopano tsa Kgaolo tsa “Barongwa ba Kagiso ya Modimo” e e neng e le pokano ya ntlha e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa e a kileng a ya kwa go yone.

Mamie a re: “Ke ne ke kgatlhegile thata. Ke ne ka bona gore Basupi ba ratana tota, le fa gone ba le batho ba merafe e e farologaneng. Mme sengwe le sengwe se ne se rulagantswe sentle.”

O Fitlhelela Keletso ya Gagwe ya go Batla go Direla Modimo

Ka 1998, ntwa e e neng ya nna teng gape e ne ya pateletsa Mamie le mmaagwe gore ba tshabele kwa nageng e e bapileng le ya gagabo ya Côte d’Ivoire, kwa ba neng ba ya go nna mo Kampeng ya Batshabi ya Peace Town mmogo le Ba-Liberia ba bangwe ba le 6000. Mamie o ne a tswelela go ithuta Baebele le Basupi mme a dira kgatelopele ka bonako. Go ise go ye kae, o ne a batla go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gagwe. Gore a tle a kgone go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa, bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba semoya ba ne ba mo thusa ka go kgweetsa setulo sa gagwe sa maotwana. Ka tsela eno, Mamie o ne a kgona go neela batshabi ba bangwe bosupi jo bo molemo.

Le fa gone bogole jwa gagwe bo ne bo dira gore go nne thata gore a ye kwa Holong ya Bogosi, e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di le 6 go tswa mo a neng a nna teng, Mamie o ne a nna teng kwa dipokanong tsotlhe. Ka May 14, 2000, o ne a tsamaya dikilometara tse di fetang 190 go ya kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe le go bontsha boineelo jwa gagwe mo Modimong ka go kolobediwa mo metsing. (Mathaio 28:19, 20) Mamie o ne a kukiwa a bo a tsenngwa mo molapong o a neng a kolobediwa mo go one a bonwa ke batho ba bantsi ba ba neng ba sekile dikeledi mo matlhong. Sefatlhego sa gagwe se ne se phatsima ka boitumelo fa a tswa mo metsing.

Gone jaanong Mamie o kwa kampeng ya batshabi kwa Ghana, mme mokgele wa gagwe ke go nna mmulatsela wa ka metlha, kgotsa mmoledi wa nako e e tletseng. Mmaagwe le ene o simolotse go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme gone jaanong o bolelela ba bangwe ka dilo tse a di ithutang. Ka bobedi jwa bone ba letetse nako e e solofediwang mo Lefokong la Modimo ya fa ‘setlhotsa se tla bong se palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla bong lo goa ka boitumelo.’—Isaia 35:5-7.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Lerumo la tlhobolo le le neng la ntshiwa mo mmeleng wa ga Mamie

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Fa Mamie a ne a kukiwa a tsenngwa mo bodibeng gore a kolobediwe

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

O tshwere thuto ya Baebele le mmaagwe e bong Emma