Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo go Le Thata go Bona Lorato Lwa Mmatota

Lebaka La go Bo go Le Thata go Bona Lorato Lwa Mmatota

Lebaka La go Bo go Le Thata go Bona Lorato Lwa Mmatota

Go na le dikgakololo tse dintsi thata malebana le thatano. Dingaka le bagakolodi ba naya batho kaelo. Dithulaganyo tsa thelebishene tse go tshwarwang metlotlo mo go tsone gantsi di bua ka kgang eno.

GO NA le diaterese di le dintsi mo Internet tse go tweng di thusa batho go bona lorato. Mo go tsone, o ka nna wa bolelelwa gore o tla bona “diphiri tse dikgolo le tse di kgatlhang” le gore o tla thusiwa ke “batho ba ba nang le bokgoni jwa go kopanya batho ba ba tshwanelanang,” “bomankge ba tsa thatano,” le “dingaka tsa lorato,” re sa bue sepe ka baithutatlhaloganyo le balepadinaledi.

Kgang eno ya lorato gape e tlhotlheletsa batho go reka dibuka le dimakasine, mme dingwe tsa tsone di ba solofetsa dilo tse di ka se diregeng. Ka sekai, buka nngwe e bolela gore e ka go bontsha “se o ka se dirang gore mongwe le mongwe fela a ratane le wena.” E nngwe yone e bolela gore e ka go bontsha kafa o ka bonang ka teng “molekane yo o go tshwanelang tota, mo lobakeng lwa kgwedi fela.” A o akanya gore kgwedi ke lobaka lo loleele thata? Fa e le gore go ntse jalo, he buka e nngwe yone e bolela kafa e ka go thusang ka teng gore “mo metsotsong e le 90 kgotsa e e kafa tlase ga eo,” o dire gore mongwe a go rate goyagoile.

Bontsi jwa kgakololo eno e a duelelwa. Mme batho ba le bantsi ba duela gabedi. Ba ntsha madi gore ba newe kgakololo. Morago ga moo, fa kgakololo eo e sa bereke, jaaka fa gantsi go direga, ba utlwa botlhoko thata mo maikutlong fa dilo di sa ba tsamaele kafa ba neng ba lebeletse ka teng.

Le fa go ntse jalo, go na le buka e le nngwe fela e e nayang kgakololo, e fa e dirisiwa e se keng e palelwa le ka motlha. Mo godimo ga moo, e bua boammaaruri ka kgang eno ya lorato, e sa tle e solofetsa batho dilo tse di seyong kgotsa go ba jesa dijo tsa ditoro. Le fa gone e ile ya kwalwa bogologolo, kgakololo ya yone e sa ntse e dira le gompieno. Botlhale jwa Mokwadi wa yone bo ka se lekanngwe le jwa ga ope e bile ga go na ope yo o ka bontshang lorato jaaka ene. Gongwe o setse o na le mpho eno e e molemolemo—Baebele e e Boitshepo. Go sa kgathalesege seemo sa rona kgotsa tsela e re godileng ka yone, Baebele e re ruta se re tshwanetseng go se itse ka lorato. Mme kgakololo ya yone ke mahala.

A Baebele e tla dira gore re nne le kamano e e molemo le batho botlhe? Nnyaa. Go na le batho bangwe ba re se kitlang re ikutlwa re atamalane le bone, le fa re ka leka go le kana kang go dira jalo. Mme lorato lwa mmatota ga se selo se se ka patelediwang. (Sefela sa Difela 8:4) Le fa go ntse jalo, fa re dirisa kgakololo ya Baebele, re tla oketsa ditshono tsa rona tsa go godisa kamano e e lorato le ba bangwe, le fa gone seno se ka nna sa re tsaya lobaka lo loleele e bile re tlhoka go dira ka natla. Karolo eno ya lorato e tla tlotliwa mo setlhogong se se latelang, mme pele ga foo, a o ke o akanye ka lebaka la go bo go bona lorato lwa mmatota mo malatsing ano go nnela thata le go feta.

Lorato “lo Tla Tsidifala”

Mo boporofeting jwa gagwe jo bogolo jo bo buang ka “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” Jesu o ne a bolelela pele sentle ka maemo le mekgwa ya mo metlheng ya rona. O ne a bolela gore go tla nna le go tlhoka molao le dintwa mo lefatsheng—dilo tse di sa amaneng le lorato ka gope! Gape o ne a bolela gore “ba le bantsi . . . ba tla okana e bile ba tla tlhoana” le gore “lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.” (Mathaio 24:3-12) A ga o dumalane gore lefatshe le setse le sena lorato, gore lorato lwa mmatota ga lo yo, tota le mo lelapeng?

Mo godimo ga mafoko a ga Jesu, moaposetoloi Paulo o ne a ntsha dintlha ka botlalo malebana le tsela e batho ba neng ba tla itshwara ka yone mo “metlheng ya bofelo.” O ne a kwala gore batho ba tla nna “baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-4) Mo dinageng di le dintsi mekgwa e e ntseng jalo e setse e tlwaelegile thata.

A o ke o akanye: A o ikutlwa o rata batho ba ba mabela, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba ka go senyang leina kgotsa go go oka? A o ikutlwa o rata batho ba e leng baithati, ba ba ratang madi kgotsa menate? E re ka batho ba ba iponang ba letla gore bopelotshetlha le dikeletso tsa bone e nne tsone di laolang kamano ya bone le ba bangwe, kgatlhego epe fela e ba e bontshang batho ba bangwe go ka direga gore ke ya bopelotshetlha. Dikwalo di gakolola jaana ka botlhale: “Bano o ba fularele.”—2 Timotheo 3:5.

Ela tlhoko gape ntlha ya gore batho ba ba tshelang mo metlheng ya bofelo ba tla bo ba se na “lorato lwa tlholego,” kgotsa jaaka fa thanolo e nngwe e e baya, ba tla bo “ba sena lorato lo lo tlwaelegileng lwa go rata bamalapa a bone.” Se se utlwisang botlhoko ke gore palo e e ntseng e oketsega ya bana ke ya ba ba golelang mo malapeng a a ntseng jalo. Gantsi se bana bano ba bannye ba se ithutang ka lorato ba se ithuta mo metsweding ya tshedimosetso. A mme metswedi ya tshedimosetso e tlhalosa lorato jaaka tota lo ntse, lo lo tla dirang gore ba nne le kamano e e molemo le batho ba bangwe?

A ke Lorato Lwa go Ijesa Dijo Tsa Ditoro Kgotsa Lwa Mmatota?

Bontsi jwa rona re tlhotlhelediwa ke metswedi ya tshedimosetso ka selekanyo se se rileng. Mmatlisisi mongwe o ne a kwala jaana: “Go tloga fela fa re sa le bannye re kgobelelwa ka ditshwantsho tse di seng boammaaruri le dilo tse re dirwang gore re di dumele tse go leng thata gore re kgaogane le tsone tse di malebana le tlhakanelodikobo, lorato le thatano tse go buiwang thata ka tsone mo dilong tsa boitlosobodutu—difilimi le thelebishene, dibuka le dimakasine, radio le mmino o o rekotilweng, dipapatso tota le tsone dikgang.” Gape o tlhalosa jaana: “Dilo tse dintsintsi tse di bontshiwang ke metswedi ya tshedimosetso tse di jaaka tlhakanelodikobo, lorato le thatano di dira gore re solofele dilo tse di ka se diregeng tse bontsi jwa rona re sa kgoneng go di ntsha gotlhelele mo mogopolong wa rona. Di dira gore re se ka ra kgotsofalela balekane ba rona ba mmatota le gore rona ka borona re se ka ra ikgotsofalela.”

Ee, dibuka, difilimi le dipina ga se gantsi di bontsha se tota lorato e leng sone. Kana ebu, boikaelelo jwa tsone ke go ntsha bodutu e seng go ruta. Ka gone, bakwadi ba tsone ba nnela go kwala dilo di le dintsintsi tse di seng boammaaruri le dikgang tsa thatano tse di tla ba direlang madi a mantsi. Le fa go ntse jalo, se se utlwisang botlhoko ke gore go motlhofo gore motho a lebe dilo tseno e le tsa mmatota. Ke ka moo gantsi batho ba swabisiwang ke go bona ditirisano tsa bone le batho ba bangwe di sa tshwane le tsa batho ba mo ditlhamaneng. Ka gone re ka kgona jang go bona pharologanyo fa gare ga selo se e seng sone le se e leng sa mmatota, fa gare ga lorato lwa monna le mosadi lo lo bontshiwang mo metsweding ya tshedimosetso le lorato lwa mmatota? Akanya ka go bapisiwa ga dilo tse di latelang.

Lorato Lwa Ditlhamane fa lo Bapisiwa le Lwa Mmatota

Dibuka, difilimi kgotsa diterama tse di buang ka lorato di ka tswa di farologane, mme tsela ya go di kwala e e leng yone ya konokono e batla e tshwana fela. Makasine wa Writer wa re: “Bontsi jwa dibuka tse di buang ka thatano di tsweletse pele ka go kwalwa ka tsela e e tshwanang fela. Go na le lebaka la seo. Mokgwa wa go kwala wa gore mosimane a kopane le mosetsana ba bo ba ratana, ba kgaogane mme morago ga moo ba bo ba boelana gape ke mokgwa o o dirisitsweng kgapetsakgapetsa o babadi ba o itumelelang go sa kgathalesege gore tlhamo eo ke ya motlha ofe le gore e theilwe mo maemong afe.” Mma re sekaseke mokgwa ono wa go kwala o o ratiwang thata.

Mosimane o kopana le mosetsana: Morwa kgosi yo montle o kopana le mosadi wa maratagolejwa ba bo ba ratana. Mokwadi yo o atlegileng o gakolola bao e tlileng go nna bakwadi ba dibuka tsa lorato ka go bolela gore “mmadi wa gago o tshwanetse a bona di tloga fela gore [batho bano ba babedi] ba a tshwanelana.”

Kgopolo ya gore batho ba ka ratana e le lekgetlo la ntlha fela ba bonana e dira gore batho ba tseye gore lorato lwa mmatota ke maikutlo fela, maikutlo a a maatla a a go fekeetsang fa o kopana le motho yo o go tshwanetseng—le gore lorato lo lo ntseng jalo lo itlela fela ka tshoganyetso le gore ga go tlhokege gore o tseye matsapa a a kalo kgotsa o iphe nako ya go itse motho yoo. Le fa go ntse jalo, lorato lwa mmatota ga se maikutlo fela. Ke boammaaruri gore maikutlo le one a nna teng, mme gone lorato ke selo se segolo se se kopanyang batho se gape se akaretsang melao le melaometheo e bile ga lo nke lo kgaotsa go gola, fa fela lo tswelela pele lo ngomaelwa le go nonotshiwa.—Bakolosa 3:14.

Mo godimo ga moo, go itse motho yo mongwe go tsaya nako. Go ipolelela gore o ka bona motho lekgetlo la ntlha fela e bo e setse e le ene molekane yo o go tshwanetseng ke go ijesa dijo tsa ditoro fela, e bile gantsi lorato lwa teng lo felela ka gore motho a sale a swabile. Mo godimo ga moo, fa o ipolelela ka bonako fela gore o bone lorato lwa mmatota, o ka nna wa iphoufaletsa le dilo tse di bontshang gore ga se lone. Go tlhopha molekane yo o tshwanetseng go tlhoka se se fetang fela go ikutlwa o rata motho thata ka ntlha ya lorato lwa nakwana fela. Ka gone, iphe nako. Ee, dipatlisiso di le dintsi di bontshitse gore go tlhopha molekane yo e seng ene go ka ama ka tsela e e sa siamang dilo tse di jaaka tsela e o berekang ka yone, botsogo jwa gago jwa tlhaloganyo le jwa mmele tota le lobaka lo o tla lo tshelang.

Mosimane o kgaogana le mosetsana: Monna mongwe yo o bosula wa maemo a a kwa godimo mo bogosing o gapa mosadi yo montle a bo a tswa mo kagong ya phemelo a tshaba ka ene. Kgosana e tswa letsholo le le kotsi go ya go batlana le mosadi yono. Mosadi mongwe yo e leng mmueledi wa Romance Writers of America a re: “Kgangkgolo ya buka ya lorato ke gore go tshwanetse ga nna le batho ba babedi ba ba ratanang ba bo ba kgaratlha tota gore thatano ya bone e atlege.” Mo dibukeng tse dintsi tsa lorato babadi ba a itse gore thatano eno e tla atlega. Baratani ba kgona go fenya mathata a a bakwang ke dilo tse dingwe.

Mo botshelong jwa mmatota gantsi go na le mathata a a bakwang ke dilo tse dingwe le a baratani ka bobone ba nnang le one. Mathata ano a ka bakwa ke madi, tiro, balosika le ditsala. Gape mathata a nna gone fa motho yo mongwe a sa fitlhelele se yo mongwe a neng a se solofetse. Gantsi baratani ba ditlhamane ba nna le mathata a mannye fela, mme ga go a nna jalo mo botshelong jwa mmatota. Mo godimo ga moo, lorato lwa mmatota ga lo reye gore re tla fenya mathata re sa dire boiteko bope fela, a a ka tswang a bakwa ke diteko kgotsa go leba dilo ka tsela e e sa tshwaneng, tsela e re godisitsweng ka yone, dikeletso tsa rona le botho jwa rona. Go na le moo, lorato lo akaretsa go dirisana mmogo, go ikokobetsa, go nna bonolo, pelotelele le go itshoka—e leng dinonofo tse gantsi go seng motlhofo gore motho a di bontshe.—1 Bakorintha 13:4-7.

Mosimane o tsaya mosetsana. Morwa wa kgosi o namola kgarebe ya gagwe e ntle a bo a koba monna yo a neng a e gapile. Baratani bano ba a nyalana ba bo ba tshela mmogo ka boitumelo go ya go ile morago ga moo. Mokwadi mongwe wa dibuka tsa lorato o gakolola batho ba e tlileng go nna bakwadi jaana: “Kwa bofelong o tshwanetse wa wetsa buka ya gago ka go bontsha gore batho bao ba babedi ba ne ba tshela monate morago ga moo go ya go ile. . . . Mmadi o tshwanetse a kgotsofadiwa ke gore jaanong batho bano ba babedi ba mmogo e bile ba itumetse.” Gantsi dibuka tsa lorato ga di bue gore banyalani ba ne ba felela kae morago ga dingwaga ba nyalane. Lebaka ke gore mo dingwageng tseo dikgotlhang le dikgwetlho tse dintsi le mathata di a bo di ile tsa leka lenyalo la bone go bona gore le tiile go le kana kang. Jaaka fa dipalopalo tsa tlhalo di bontsha, fa nako e ntse e ya manyalo a le mantsi a a fela ka ntlha ya maemo a a thata.

Ee, lorato lwa dibuka tsa ditlhamane lo itlela fela; lwa mmatota lone lo a berekelwa. Go tlhaloganya pharologano e e fa gare ga dilo tseno tse pedi go tla go sireletsa gore o se ka wa lebelela dilo tseno tse di ka se diregeng le tse di seng boammaaruri. Go tla go thusa gape gore o se ka wa potlakela go ipofa ka ditsholofetso tse o tla di ikwatlhaelang morago. Setlhogo se se latelang se tla bontsha kafa o ka tlhagolelang lorato lwa mmatota ka teng le se o ka se dirang gore o nne motho yo o rategang le go feta.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Batho ba ba sa rateng ba bangwe le bone ga ba ratiwe

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

Lorato lwa dibuka tsa ditlhamane lo itlela fela; lwa mmatota lone lo a berekelwa

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Bagaka ba Banna le ba Basadi mo Dibukeng Tsa Thatano

Kwa United States, kgwebo ya dibuka tse di buang ka thatano e dira madi a a fetang didolara di le bilione (diranta di le dibilione di le 6,5). Mo e ka nnang halofo ya dibuka tsa khabara e e seng thata tsa ditlhamane tse di rekisiwang mo nageng eo ke tsa thatano. Go ya ka dipatlisiso tse di gatisitsweng ke Romance Writers of America, batho ba ba ratang go bala dibuka tseno, ba diperesente di le 90 tsa bone e leng basadi, ba rata thata dinonofo tse tharo fa ba bala ka banna ba bagaka, e leng go nna le maatla, bontle le botlhale. Dinonofo tse tharo tse di ratiwang thata mo basading ba bagaka tsone ke botlhale, bopelokgale le bontle jo bo rategang.

[Ditshwantsho mo go tsebe 6, 7]

Metswedi ya tshedimosetso ga se gantsi e bontshang lorato ka tsela e tota lo leng ka yone