Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letlha le le Botlhokwa Thata mo Hisitoring

Letlha le le Botlhokwa Thata mo Hisitoring

Letlha le le Botlhokwa Thata mo Hisitoring

Ke letlha le Jesu Keresete a suleng ka lone. Ke ka ntlha yang fa loso lwa ga Jesu lo ne lo le botlhokwa jaana? Go na le mabaka a le mmalwa.

Go ikanyega ga ga Jesu go fitlha a swa go ne ga bontsha gore motho a ka kgona go nna a thokgame mo Modimong.

Loso lwa ga Keresete gape lo ne lwa naya batho bangwe tshono ya go nna babusi mmogo le ene kwa legodimong. Mo godimo ga moo, lo ne lwa dira gore go kgonege gore batho ba bangwe ba le bantsi ba itumelele botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.

Mo bosigong jwa pele Jesu a swa, o ne a dirisa borotho jo bo sa bedisiwang le beine e khibidu e le tshwantshetso ya go intsha setlhabelo ga gagwe mo go supang lorato. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19) A o tla gopola tiragalo eno e e botlhokwa?

Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa ka lorato gore o nne gone fa ba keteka Segopotso sa loso lwa ga Jesu. Monongwaga se tla ketekwa ka Laboraro, April 12, fa letsatsi le sena go phirima. O ka nna wa ya kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le legae la gago. Tsweetswee botsa Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gago ka nako e se tla ketekwang ka yone le lefelo le se tla ketekelwang kwa go lone.