Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nawa e e Ileng ya Ralala Lefatshe

Nawa e e Ileng ya Ralala Lefatshe

Nawa e e Ileng ya Ralala Lefatshe

Buka ya “All About Coffee” e ne ya tlhalosa tsela e monna mongwe a neng a rata setlhatsana sa kofi thata ka yone e re ke “kgaolo e e kgatlhang thata e e kileng ya tlhalosiwa mo hisitoring e e kaga tshedimosetso ya semela sa kofi.” Go ya ka makasine wa “Scientific American,” setlhatsana seo se ile sa nna le seabe se segolo thata mo kgwebong ya kofi e e tsenyang madi a a kana ka diranta di le dibilione di le 455 ka ngwaga, e leng a a fetwang fela ke madi a a dirwang mo lefatsheng lotlhe mo kgwebong ya lookwane lo lo sa tlhotlhiwang fa madi a teng a balwa ka didolara.

KGANG e e kgatlhang eno ya kofi e simologile kwa mafelong a a dithaba a Ethiopia kwa semela sa naga sa kofi se tlhogang teng. Dimela tse dingwe tse di tswang mo go sone, tse di bidiwang Coffea arabica, ke tsone tse di tlhagisang peditharong ya kofi mo lefatsheng lotlhe. Le fa go ntse jalo, ga go itsiwe sentle gore dinawa tseno tsa kofi tse di gadikiwang di lemogilwe leng. Le fa go ntse jalo, kofi ya arabica e ne e jalwa kwa Pheninsuleng ya kwa Arabia mo lekgolong la bo15 la dingwaga C.E. Le fa go ne go na le molao o o thibelang gore dinawa tsa kofi eno di se ka tsa romelwa kwa dinageng tse dingwe, Ba-Dutch ba ile ba ikgobokanyetsa ditlhare tsa kofi eno kgotsa dipeo tsa tsone tse di ungwang ka ngwaga wa 1616. Go ise go ye kae, ba ne ba nna le dipolasi kwa Ceylon, e gone jaanong e leng Sri Lanka, le kwa Java, e e leng karolo ya Indonesia gone jaanong.

Ka 1706, Ba-Dutch ba ile ba romela setlhatsana sengwe go tswa mo polaseng ya bone kwa Java mme ba se isa kwa ditshingwaneng tsa dithunya kwa Amsterdam, kwa Netherlands. Setlhatsana seo se ne sa gola mme sa tlhogisa ditlhatsana tse dingwe tsa sone. Mme ditlhatsana tseo di ne tsa romelwa kwa dikoloneng tsa Ba-Dutch kwa Suriname le kwa Caribbean. Mme ka 1714, ratoropo wa Amsterdam o ne a naya Kgosi Louis XIV wa kwa Fora sengwe sa ditlhare tseno. Kgosi e ne ya jala setlhare seo mo teng ga lefelo le le khurumeditsweng le le godisang dijalo kwa Jardin des Plantes, e leng Tshingwana ya ntlo ya Segosi kwa Paris.

Bafora ba ne ba batla go nna le seabe mo kgwebong ya kofi. Ba ne ba reka dipeo le ditlhare tsa yone mme ba di romela kwa setlhaketlhakeng sa Réunion. Dipeo tseo ga di a ka tsa gola mme go ya ka metswedi mengwe ya tshedimosetso, kgabagare ditlhare tseo di ne tsa swa tsotlhe mme ga sala se le sengwe fela. Le fa go ntse jalo, go ne ga jalwa dipeo di le 15 000 go tswa mo setlhareng seo se le sengwe fela ka 1720 mme kgabagare ga nna le polasi ya kofi. Ditlhare tseno di ne di tsewa di le botlhokwa thata mo e leng gore fa motho a ne a fitlhelwa a di kgaola, o ne a atlholelwa loso! Bafora ba ne ba solofetse gape go tlhoma dipolasi tsa kofi kwa Caribbean, mme makgetlho a mabedi a ba lekileng go dira seno ka one a ile ba palelwa.

Mookamedi wa dikepe wa Mofora e bong Gabriel Mathieu Clieu, yo o neng a le mo malatsing a boikhutso kwa Paris, o ne a tsaya matsapa a go isa setlhare seno kwa polasing ya gagwe kwa Martinique fa a boela morago a tswa kwa Fora. O ne a boela kwa setlhaketlhakeng sa gaabo ka May 1723 a tshotse setlhatsana sa setlhare seno go tswa kwa Paris.

Buka ya All About Coffee, e tlhalosa gore fa de Clieu a ne a tsaya loeto lono, o ne a tsenya setlhare seno sa gagwe se se botlhokwa mo teng ga lebokoso le bontlhanngwe jwa lone bo neng bo dirilwe ka galase gore setlhare se kgone go bona marang a letsatsi mme se nne se thuthafetse fa go le maru. Motho mongwe yo le ene a neng a le mo loetong loo o ne a fufegela de Clieu go bo e le ene fela a nang le setlhatsana seo, mme a leka go phamola semela seo mo go ene mme a se ka a atlega. Setlhare se ne sa kgona go tswelela se tshela. Setlhare seno se ile sa ba sa falola fa sekepe sa bone se ne se tlhasetswe ke magodu a lewatle a Tunisia, le ke sefefo se se maswe le go feta, fa ba ne ba se na metsi a a phepa fa sekepe sa bone se fitlha mo lefelong le go se nang diphefo tse di se tsamaisang. De Clieu o ne kwala jaana: “Metsi a ne a tlhaela thata mo e leng gore mo sebakeng se se fetang kgwedi, ke ne ka tshwanela gore ke dirise metsinyana a ke neng ke na le one go nosetsa semela sa me se ke neng ke solofetse mo gontsi ka sone e bile se intumedisa thata.”

Matsapa a ga De Clieu e ne e se lefela. Setlhatsana sa gagwe sa kofi se ne sa fitlha kwa Martinique se itekanetse, se ne sa gola sa ba sa ata mo lefelong leo la boboatsatsi. Gordon Wrigley mo bukeng ya gagwe ya Coffee, a re: “Go tswa mo setlhatshaneng seno se le sengwe, Martinique e ne ya kgona go naya dinaga tsotlhe tsa Amerika peo eno kwantle ga dinaga tse di jaaka Brazil, French Guiana le Surinam[e], e dira jalo ka tlhamalalo kgotsa ka tsela e e e seng ya tlhamalalo.

Mme Brazil le French Guiana le tsone di ne di batla ditlhare tsa kofi. Kwa Suriname, Ba-Dutch ba ne ba sa ntse ba na le ditlhatsana tsa kofi tse di tswang mo go tse dingwe tsa kwa Amsterdam mme ba ne ba di somarela thata. Le fa go ntse jalo, ka 1722, French Guiana e ne ya amogela dipeo tsa kofi go tswa go senokwane sengwe se se neng se tshabetse kwa Suriname se tla se utswile dipeo dingwe tsa kofi. Balaodi ba kwa French Guiana ba ne ba dumela go mo golola fa a ne a ka ba naya dipeo tsa gagwe tsa kofi mme ba mmusetsa kwa nageng ya gaabo.

Maiteko a ntlha a go romela dipeo tse di golang ka bolotsana kwa Brazil a ne a se ka a atlega. Suriname le French Guiana di ne tsa lwa ka molelwane mme tsa kopa Brazil go di romelela motsereganyi. Brazil e ne a ya romela Francisco de Melo Palheta kwa French Guiana, yo e neng e le mookamedi wa sesole, mme ya mo laela gore a rarabolole kgotlhang eo mme a boe ka dimela tsa kofi.

Tsheko e ne ya tsamaya sentle mme mmusi o ne a direla Palheta moletlo wa go mo tsamaisa sentle. Go leboga moeng yo o tlotlegang yono, mosadi wa mmusi o ne a naya Palheta ngata e ntle ya malomo. Le fa go ntse jalo, mo teng ga malomo ao go ne go fitlhilwe dipeo tsa kofi le matlhogela a setlhare sa teng. Ka jalo, re ka re ka 1727, kgwebo ya kwa Brazil e e dirang madi a a kana ka diranta di le bilione e ne ya simolola ka ngata ya malomo.

Ka jalo, setlhare se sennye se se neng sa ntshiwa kwa Java mme sa isiwa kwa Amsterdam ka 1706 le matlhogela a sone a kwa Paris, tsotlhe fela di ne tsa fetoga masimo a kofi kwa Amerika Bogare le Amerika Borwa. Wrigley o tlhalosa jaana: “Kgwebo ya kofi ya arabica e simologile ka dimelanyana di le mmalwa fela.”

Gompieno, go na le dipolase tsa malapa tse di fetang dimilione di le 25 mo dinageng tse di ka nnang 80 tse di lemang ditlhare tsa kofi tse di ka nnang dibilione di le 15. Di tlhagisa dikopi tsa kofi di le dibilione di le 2,25 tse di nowang letsatsi le letsatsi.

Se se gakgamatsang ke gore, gompieno bothata ke gore kofi e e tlhagisiwang e ntsi go feta selekanyo. Mme bothata jono bo raranngwa ke dipolotiki, ikonomi, melao e e gagametseng e dikgwebo di e dirisang go laola dikgwebo. Dilo tsotlhe tseno di ile tsa dira gore balemi ba le bantsi mo dinageng di le dintsi ba iphitlhele ba humanegile kgotsa le e leng go sala ba se na sepe. Seemo seno se a gakgamatsa ruri, segolobogolo fa re akanya kafa de Clieu a neng a kgaoganya metsinyana a gagwe le setlhatshana sele se le sengwe dingwaga di ka nna 300 tse di fetileng.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

DIKOFI TSE PEDI TSE DI TLWAELEGILENG THATA

“Dinawa tsa kofi ke peo ya dimela tsa ditlhare tsa Rubiaceae, tse go nang le mefuta ya tsone e ka nna 66 ya Coffea,” go bolela jalo lekwalopaka le le bidiwang Scientific American. Mefuta e mebedi ya tsone e go dirwang kgwebo thata ka yone mo lefatsheng ke Coffea arabica, e go tlhagisiwang peditharong ya yone mo lefatsheng lotlhe, le C[offea] canephora, e gantsi e bidiwang kofi ya robusta e go tlhagisiwang nngwetharong ya yone mo lefatsheng lotlhe.”

Kofi ya robusta e na le monko o o bogale tota mme gantsi e dirwa ka go tlhaolosiwa mo metsing. Setlhare sa yone se ungwa thata mme ga se tshabelwe ke malwetse. Se gola go nna boleele jwa dimetara di le 12, mme boleele jwa se se sa pongwang bo tsena gabedi mo go sone. Se se sa pongwang seno sone ga se na monko o o bogale go le kalo, ke setlhare sa arabica se se sa ungweng thata. Boima jwa peo ya setlhare sa kofi ya robusta ke jwa khafeine ya diperesente di le 2,8 mme jwa sa arabica jone ga bo ke bo feta diperesente di le 1,5. Le fa setlhare sa arabica se na le di-chromosome di le 44 mme sa robusta sone le ditlhare tse dingwe tsa kofi tsone di na le diperesente di le 22, dingwe tsa tsone di ile tsa lomelelwa mo go tse dingwe go tlhagisa setlhare se le sengwe fela sa dipeo tsa mefuta e mebedi tse di sa tshwaneng.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

GO KOLOBETSA KOFI KA TSELA YA TSHWANTSHETSO

Fa kofi e fitlha lekgetlho la ntlha kwa Yuropa ka lekgolo la bo17 la dingwaga, baruti bangwe ba Katoliki ba ne ba e bitsa motswako wa ga Satane. Ba ne ba e bona e le sengwe se se tla tsayang boemo jwa beine, e go ya ka bone e leng selo se se itshekisitsweng ke Keresete. Le fa go ntse jalo, buka ya Coffee e bolela gore, go bonala e rile mopapa Clement VIII, a sena go utlwa tatso ya motswako ono, a ile a ikutlwa ka tsela e sele ka kofi. O ne a rarabolola bothata jo ba neng ba na le jone ka go kolobetsa kofi ka tsela ya tshwantshetso mme ka tsela eo a dira gore Bakatoliki ba e amogele.

[Tšhate/Mmapa mo go tsebe 18, 19]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

KAFA KOFI E NENG YA ANAMA KA TENG

1. Ka bo1400 Kofi ya Arabica e jalwa kwa Pheninsuleng ya Arabia

2. Ka 1616 Ba-Dutch ba kgobokanya ditlhare tsa kofi le dipeo

tse di tshelang

3. Ka 1699 Ba-Dutch ba isa ditlhare tseno kwa Java le kwa

ditlhaketlhakeng tse dingwe kwa East Indies

4. Ka bo1700 Kofi e jalwa kwa Amerika Bogare le kwa Caribbean

5. Ka 1718 Bafora ba isa kofi kwa Réunion

6. Ka 1723 G. M. de Clieu o tsaya setlhare sa kofi go tswa kwa

Fora a se isa kwa Martinique

7. Ka bo1800 Kofi e jalwa kwa Hawaii

[Motswedi wa Setshwantsho]

Motswedi wa tshedimosetso eno: Go tswa mo bukeng ya “Uncommon Grounds”

[Setshwantsho mo go tsebe 18, 19]

Ka nako ya fa Gabriel Mathieu de Clieu a le mo tseleng ya go ya kwa Martinique, a kgaoganya metsinyana a gagwe le setlhatshana sa kofi, ka 1723

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Map: © 1996 Visual Language; De Clieu: Tea & Coffee Trade Journal