Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Gana Jang Tlhakanelodikobo Kwa Sekolong?

Nka Gana Jang Tlhakanelodikobo Kwa Sekolong?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Gana Jang Tlhakanelodikobo Kwa Sekolong?

“Letsatsi le letsatsi kwa sekolong, bana ba bua ka tlhakanelodikobo. Basetsana ba ikisa kwa basimaneng go ya go robala le bone gone kwa sekolong.”—Eileen, 16.

“Kwa sekolong sa rona, basodoma ba dira boitsholo jo bo sa siamang ba bonwa ke bana ba bangwe mme ba sa tlhabiwe le ke ditlhong.”—Michael, 15. *

A BANA ba o nang le bone mo tlelaseng ba tlhola ba bua fela ka tlhakanelodikobo? A bangwe ba bone ba ya bokgakaleng jwa go nna le seabe mo tlhakanelodikobong? Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa ikutlwa jaaka mosetsana mongwe yo mosha yo o neng a tshwantsha sekolo le go “bereka mo lefelong le go dirwang difilimi tse mo go tsone go tlhakanelwang dikobo fela ka tlhamalalo “ mo go lone. Boammaaruri ke gore, kwa sekolong, basha ba le bantsi ba nna le ditshono tse dintsi tsa go bua ka tlhakanelodikobo—kana le e leng go nna le seabe mo go yone.

O ka nna wa utlwa bana ba o nang le bone mo tlelaseng ba bua kaga go “ithobalela fela le mongwe”—puo e e dirisediwang go tlhakanela dikobo le mongwe yo o sa rataneng le ene. Ka dinako tse dingwe, bana ba go ithobalela fela le mongwe e le batho ba ba itsaneng fela le bone. Ka dinako tse dingwe ba ya go kopana le batho ba ba sa ba itseng, ba ba kopaneng le bone ka Internet gore ba tlhakanele dikobo le bone. Le fa e ka tswa e le bomang ba ba amegang, mo go ithobaleleng fela le mongwe ke sengwe se se dirwang go sa tsenngwe kgang ya lorato. Danielle wa dingwaga di le 19 a re: “Kamano ya teng ga e kaye sepe fa e se fela gore batho ba babedi ba batla go kgotsofatsa dikeletso tsa bone.”

Seno ga se gakgamatse ka gonne go ithobalela fela le mongwe ke selo se go buiwang fela thata ka sone kwa dikolong tse dintsi. Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 17 o ne a bolela jaana mo lokwalodikgannyeng lwa sekolo sa bone: “Morago ga mafelobeke mangwe le mangwe go tla bo go utlwala modumo mo diphashiting, baithuti ba bolelelana ka se ba se dirileng fa ba ne ba na le motho yo ba neng ba ba robetse le ene, mme gantsi ba tlhalosa sengwe le sengwe ka tlhamalalo ba sa fitlhe sepe.”

Fa o le motho yo o lekang go tshela ka melao ya Baebele, o ka nna wa ikutlwa o sa tshwane le ba bangwe fa ba nneela go bua ka tlhakanelodikobo. Mme fa o sa kopanele le bone mo puong ya bone, ba ka nna ba simolola go go sotla. O tshwanetse wa lebelela seno ka gonne Baebele ya re fa batho ba bangwe ba sa tlhaloganye lebaka la go bo o itshwara ka tsela e e rileng, ba ka nna ba simolola go ‘bua ka wena ka go go kgoba.’ (1 Petere 4:3, 4) Le fa go ntse jalo, ga go na ope yo o ratang go sotliwa. Ka jalo, o ka gana jang tlhakanelodikobo kwa sekolong mme go sa go tlhabise ditlhong? Sa ntlha, go botlhokwa gore o tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa go batla go tlhakanela dikobo e le selo se se gogelang thata jaana.

Ikitse

Fa o le mosha, go na le diphetogo tse dikgolo tse di diregang mo mmeleng le mo maikutlong a gago. Fa seno se ntse se direga, o nna le keletso e e nonofileng ya tlhakanelodikobo. Tlhomamisega gore ga go na molato ope ka seo. Ka jalo, fa o ikutlwa o kgatlhegela batho ba bong bo sele kwa sekolong, o se ka wa swetsa ka gore o rata dilo tse di bosula kgotsa gore o ka se ka wa kgona go boloka boitshwaro jwa gago bo le phepa. O ka kgona go nna o le phepa fa e le gore o ikemiseditse!

Mo godimo ga go lwantshana le maikutlo ano a gantsi basha ba nang le one, , go na le selo se sengwe gape se o tshwanetseng wa se lemoga. E re ka re sa itekanela, rotlhe re sekamela mo go direng dilo tse di bosula. Tota le moaposetoloi Paulo o ne a dumela jaana: “Ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.” Paulo a re go sa itekanelang ga gagwe go ne go dira gore a ikutlwe a le “motho yo o tlhomolang pelo.” (Baroma 7:23, 24) Mme o ne a kgona go fenya ntwa eo, le wena o ka kgona!

Tlhaloganya Bana ba o Nang le Bone mo Tlelaseng

Jaaka go bontshitswe pelenyana, bana ba o nang le bone mo tlelaseng ba ka nna ba bua ka tlhakanelodikobo ka dinako tsotlhe kgotsa ba ipelafatsa ka tsela e ba neng ba tlhakanetse dikobo le mongwe ka yone. O tshwanetse wa nna kelotlhoko ka tlhotlheletso ya bone e e bosula. (1 Bakorintha 15:33) Mme ga o a tshwanela go leba bana ba bangwe ba o tsenang mo tlelaseng le bone jaaka baba ba gago. Ka ntlha yang?

Ba na le dikeletso tse di tshwanang le tsa gago. Mme le bone ba na le tshekamelo ya go dira se se bosula. Mme ba farologane le wena ka gore, bangwe ba bone e ka tswa e le “barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” Kgotsa ba ka nna ba bo ba tswa mo malapeng a mo go one go “se nang lorato lwa tlholego.” (2 Timotheo 3:1-4) Bangwe ba bone ba ka tswa ba sa fiwe kotlhao e e lorato e bile ba sa thapisiwa gore ba kgone go itshwara sentle jaaka fa batsadi ba ba lorato ba thapisa bana ba bone.—Baefeso 6:4.

E re ka bana bano bone ba se na botlhale jwa maemo a a kwa godimo jo wena o bo bonang motlhofo jo bo tswang mo Lefokong la Modimo e leng Baebele, ba ka tswa ba sa itse ditlamorago tse di botlhoko tsa go batla go diragatsa dikeletso tsa bone tse di bosula. (Baroma 1:26, 27) Seemo sa bone se tshwana le fa batsadi ba bone ba ka ba naya koloi e e lobelo mme ba bo ba ba tsenya mo tseleng e kgolo e go tsamayang dikoloi tse dintsi mo go yone—mme ba sa ba ruta pele go kgweetsa. Go ka tswa go le monate go kgweetsa koloi jalo ka nakwana, mme ga go pelaelo gore ditlamorago tsa gone e tlile go nna tse di botlhoko tota. Ka jalo, o ka dira eng fa bana ba o nang le bone mo tlelaseng ba simolola go bua ka tlhakanelodikobo o ntse o le teng kgotsa ba leka go go pateletsa go dira boitsholo jo bo sa siamang le bone?

Gana Puo e e Leswe

Fa ba simolola go bua ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, o ka nna wa raelesega go reetsa kgotsa go akgela ka gone—e le fela gore o se ka wa bonala o sa tshwane le bone. Mme akanya gore o tla bo o dira gore ba akanye eng ka wena. A go reetsa motlotlo wa bone go tla ba thusa go bona gore o motho yo o ntseng jang kgotsa gore o batla go nna motho yo o ntseng jang?

O ka dira eng fa o iphitlhela o le mo motlotlong o o fetogang puo ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. A o ka ema fela wa tsamaya? Ee! (Baefeso 5:3, 4) Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Fa o ikentsha mo motlotlong oo, ga go reye gore o motho yo o se nang maitseo—o tla bo o le motho yo o botlhale.

Ee, ga o a tshwanela go tlhabiwa ke ditlhong fa o tswa mo gare ga batho ba ba tshwereng motlotlo o o sa siamang. Ga go pelaelo gore go na le metlotlo e mengwe gape e o tla ikentshang mo go yone kwantle ga go tlhabiwa ke ditlhong, segolobogolo fa e le gore ga o e rate e bile ga o batle go nna le seabe mo go yone. Ka sekai, a re re gongwe setlhopha sa bana ba o nang le bone mo tlelaseng se simolola go bua ka go ya go kgothosa batho. A o tla reetsa maano a ba a logang? Fa o dira jalo, ba tla tsaya gore o kopanela le bone mo go se ba se dirang. Ka jalo, go tla bo go le botlhale gore o tlhophe go tswa mo gare ga bone. Dira fela jalo fa motlotlo o simolola go nna wa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Gantsi o ka kgona go bona tsela ya go tswa mo gare ga bone kwantle ga go dira gore o bonale e kete o ipona tshiamo mme o feleletse o sotliwa ka ntlha ya seo.

Gone ke boammaaruri gore go ka nna ga se ka ga kgonega ka metlha gore o tswe mo gare ga batho ba motlotlo o o sa siamang. Ka sekai, go ka direga gore basha ba ba nnang fa thoko ga gago mo tlelaseng ba leke go go tsenya mo motlotlong wa bone wa tlhakanelodikobo. Fa seo se direga, ba bolelele ka maitseo mme o nitame gore ba tlogele go go itaya tsebe. Mme fa seo se sa thuse, o ka nna wa dira se Brenda a ileng a se dira. A re: “Ke ne ka kopa morutabana ka botlhale gore a ntlose mo ke neng ke nna teng.”

Nna Kelotlhoko

Go ise go ye kae, bana bangwe ba o nang le bone mo tlelaseng ba tla batla go itse gore ke eng fa o sa batle go kopanela le bone mo metlotlong e e leswe eo. Fa ba go botsa ka boitsholo jwa gago, nna kelotlhoko malebana le tsela e o arabang ka yone. Gone ke boammaaruri gore bangwe ba ka nna ba bo ba botsa fela ka go bo ba batla go go sotla e seng ka go bo ba batla go tlhaloganya lebaka la go bo o sa batle. Fa e le gore tota go bonala ba botsa ka go bo ba batla go itse, gololesega go tlhalosa dilo tse o di dumelang. Basha ba le bantsi ba ile ba dirisa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo go thusa bana ba ba nang le bone mo tlelaseng gore ba tlhaloganye mosola wa go tshela ka melao ya Baebele. *

Ititeye Sehuba

O ka dira eng fa moithuti ka wena a na le sebete sa go go tshwaratshwara kgotsa le e leng go go atla? Fa o mo letla go dira jalo, o ka nna wa bo o mo tlhotlheletsa gore a tswelele ka se a se dirang. Baebele e tlhalosa ka lekawana lengwe le le neng la letla mosadi mongwe yo o neng a sa itshware sentle gore a mo tshware le go mo atla. O ne a mo letla gore a bue le ene ka tsela e e bontshang gore o batla go mo gogela gore a tlhakanele dikobo le ene. Go ne ga felela jang? “Ka tshoganyetso o mo sala morago, jaaka poo e e tlang go tlhabiwa.”—Diane 7:13-23.

Go farologana le boemo jo bo fa godimo jono, akanya kafa Josefa ene a neng a lebana le boemo jono ka gone. Mosadi wa mong wa gagwe o ne a nnela go leka go mo gogela, mme o ne a gana a nitame. Mme fa kgabagare a ne a leka go mo tshwara, Josefa o ne a tsaya kgato kwantle ga go okaoka mme a tshaba.—Genesise 39:7-12.

Jaaka Josefa, le wena o ka nna wa tlhoka go tsaya kgato o sa okaoke fa e le gore mosha yo o nang le ene mo tlelaseng kgotsa motho mongwe yo o tlwaelaneng le ene o leka go go tshwara ka tsela e e sa siamang. Eileen a re: “Fa mosimane a leka go ntshwara, ke mmolelela gore a se ka a nkama. Fa a sa batle go utlwa, ke goela kwa godimo ke mmolela gore a se ka a ntshwara.” Eileen o oketsa jaana fa a tlhalosa ka makawana a sekolo sa bone: “Ba ka se ka ba go tlotla fa o sa ba pateletse go dira jalo.”

Le wena o ka dira gore bana ba o nang le bone mo tlelaseng ba go tlotle fa o ka gana go reetsa puo ya bone ya boitsholo jo bo sa siamang, fa o ba tlhalosetsa ka maitseo ka boitshwaro jwa gago o bo o gana o nitame fa ba leka go dira dilo tse di sa tshwanelang. Molemo o mongwe wa go dira jalo ke gore o tla ikutlwa o ithata. Se se botlhokwa le go feta ke gore, Jehofa o tla go amogela!—Diane 27:11.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 22 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ O ka reng fa o batla go tswa mo gare ga batho ba ba tshwereng motlotlo wa boitsholo jo bo sa siamang?

▪ O tla reng kgotsa o tla dira eng fa mongwe yo o nang le ene mo tlelaseng a leka go go dira dilo tse di sa tshwanelang?

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Fa motlotlo o simolola go nna wa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, tswa mo gare ga one

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Gana o nitame fa mongwe a leka go go dira dilo tse di sa tshwanelang