Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone”

“Ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone”

“Ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone”

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA POLAND

MAFOKO a a reng Arbeit Macht Frei (Tiro e a Golola) a sa ntse a le gone le gompieno mo dikgorong tsa tshipi tsa kampa ya pogisetso ya Auschwitz kwa borwa jwa Poland, e e bokgakala jwa dikilometara di le 60 go tswa kwa molelwaneng wa Czech. * Le fa go ntse jalo, mafoko ao a ganetsa se se ileng sa diragalela bontsi jwa batho ba ba neng ba tsenngwa mo dikampeng tseno go tloga ka ngwaga wa 1940 go ya go 1945. Mo dingwageng tseno, batho ba feta milione kwa Auschwitz ba ne ba bolawa ke Banasi. Le fa go ntse jalo, setlhopha sengwe sa batho se ka bo se ile sa gololwa nako nngwe le nngwe fela.

Ke eng se batho bano ba neng ba tlhoka go se dira gore ba gololwe? Legolegwa lepe fela le e leng Mosupi wa ga Jehofa le le neng le ka saena pampiri e e bolelang gore ga e tlhole e le Mosupi le ne le ka gololwa. Ke eng se Basupi ba le bantsi ba neng ba se dira? Mokwalahisitori e bong István Deák o bolela gore Basupi “ba ne ba tshwana le Bakeresete ba pele ba ba neng ba bona go le botoka gore ba garolwe ke ditau go na le go ntsha setlhabelo se sennye kwa sebesong sa mmusimogolo wa Roma.” Boikutlo jo bo ntseng jalo ruri bo tshwanetse jwa gopolwa, mme ke sone se se ileng sa dirwa.

Mo dikgweding di le pedi, go tloga ka September 21, 2004, go ne ga rulaganngwa gore go nne le dipontsho kwa holong e kgolo ya Auschwitz-Birkenau State Museum, e le go gopola segolobogolo Basupi. Dipontsho tseno di ne di na le setlhogo se se tshwanelang se se reng, “Ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone—Basupi ba ga Jehofa ka Nako ya Puso ya Banasi.” Go ne go na le diboto di le 27 tsa tshedimosetso ya hisitori tse di neng di bontsha kafa Basupi ba neng ba ititeile sehuba ka teng gore jaaka Bakeresete ba se ka ba tsaya letlhakore mo motlheng wa Banasi.

Baeti ba le bantsi ba ne ba amilwe ke lekwalo le le neng la romelwa go tswa kwa kgolegelong ke Deliana Rademakers wa kwa Netherlands. O ne a kwalela ba lelapa la gagwe jaana: “Ke ikanne gore ke tla dira thato ya ga Jehofa. . . . Gore ke tla nna pelokgale le go se boife. Jehofa o na le rona.” Ka 1942, Deliana o ne a isiwa botshwarwa kwa Auschwitz, koo a neng a swela teng mo e ka nnang dibeke di le tharo moragonyana fela ga foo.

Basupi botlhe ba ba neng ba le kwa Auschwitz ba ne ba ka nna 400. Banna ba le bararo ba ba neng ba falola ba ne ba le gone fa dipontsho tseno di ne di simologa, mme ba ne ba bolela maitemogelo a bone ba bo ba araba le dipotso tse di neng di bodiwa ke bakwadi ba dikgang. Ba ne ba santse ba na le bopelokgale jole jo bo ba thusitseng gore ba falole maemo a a neng a le mo dikampeng.

Mo bukeng ya gagwe ya Imprisoned for Their Faith—Jehovah’s Witnesses in Auschwitz Concentration Camp, Teresa Wontor-Cichy yo e leng mmatlisisi yo o berekang kwa State Museum o ne a kwala jaana: “Go ema ga setlhopha seno se sennye se nitame go ile ga tlhotlheletsa magolegwa a mangwe ka tsela e e molemo, mme go gana ga bone go ineela letsatsi le letsatsi go ne ga nonotsha tumelo ya ba bangwe ya gore batho ba ka kgona go nna ba ikanyega mo dilong tse ba di dumelang le fa go ka direga eng.”

Ntlha ya botlhokwa ke gore, ga go simologe gone jaanong gore balatedi ba ga Jesu Keresete ba tshwarwe le go bolawa, mme Jesu le ene o ne a tshwarwa a bo a bolawa ka ntlha ya tumelo ya gagwe. (Luke 22:54; 23:32, 33) Moaposetoloi wa ga Jesu e bong Jakobe le ene o ne a atlholelwa loso. Moaposetoloi Petere o ne a latlhelwa mo kgolegelong, mme moaposetoloi Paulo ene o ne a itewa a bo a latlhelwa mo kgolegelong ka makgetlo a le mantsi.—Ditiro 12:2, 5; 16:22-25; 2 Bakorintha 11:23.

Ka tsela e e tshwanang, Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa ba ne ba tlogela sekao se se molemolemo sa tumelo mo Modimong mo dingwageng tsa bo1930 le tsa bo1940. Ruri go a tshwanela go bo tumelo ya batho bano e ile ya tseelwa kwa godimo kwa Auschwitz.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Totatota Auschwitz e ne e kgaogantswe ka dikarolo di le tharo—Auschwitz I (kampa e kgolo), Auschwitz II (Birkenau), le Auschwitz III (Monowitz). Bontsi jwa diphaposi tsa gase tse di itsegeng ka go bolaya batho setlhogo di ne di le kwa Birkenau.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bafalodi ba le bararo ba kwa Auschwitz ba tshwere boto e e kwadilweng setlhogo sa dipontsho

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Deliana Rademakers, le lekwalo le a neng a le kwala fa a ne a le kwa kgolegelong

[Motswedi wa Setshwantsho]

Inset photos: Zdjęcie: Archiwum Państwowego Muzeum Auschwitz-Birkenau

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]

Tower: Dzięki uprzejmości Państwowego Muzeum Auschwitz-Birkenau