Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka E e Re Thusang go Sireletsa Bana ba Rona

Buka E e Re Thusang go Sireletsa Bana ba Rona

Buka E e Re Thusang go Sireletsa Bana ba Rona

Mo ngwageng o o fetileng, mosadi mongwe kwa Virginia, U.S.A., o ne a kwala lekwalo a anaanela buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo, mme o ne a re: “Pele ga ditlogolwana tsa me di ya go robala, di nthaya di re: ‘Mmemogolo, re balele setlhogo sengwe mo bukeng ya ga Jesu.’ Wa ntlha o na le dingwaga di le 7, wa bobedi di le 6 mme gofejane o na le di le 4, mme ba rata se se mo bukeng eno fela thata.”

Mmemogolo o tlhalosa jaana: “Ke ne ka ba balela kgaolo 32 ya setlhogo se se reng, ‘Kafa Jesu a Neng a Sirelediwa ka Teng.’ Ke ne ka kgatlhega tota ka gonne fa thuto eno e sena go tlhalosa kafa Jehofa a neng a sireletsa Jesu ka teng, e thusa bana go bona kafa ba ka itshireletsang ka teng ka go ba naya kgakololo e e mosola. Ya re: ‘Fa mongwe a leka go dira seno, o bue ka lentswe le le utlwalang o re: “Ntlogela! Ke ya go bolela gore o ntirang!”’”

Kwa Mexico mmè mongwe yo o nang le ngwana wa mosetsana wa dingwaga di le tlhano yo o bidiwang Betsaida o ne a bolela gore jaanong ke lekgetlo la bobedi a balela morwadie buka ya Morutisi. Mmè yono o ne a re: “Lefatshe le ntse le senyega go ya pele, mme mathata a bana ba rona ba lebanang le one a ntse a oketsega le go feta. Morwadiake a re o lebogela thuto ya gore a ka itshireletsa jang mo ditlhotlheletsong tse di sa siamang, tse di jaaka tse di umakilweng mo kgaolong ya 32.”

Buka eno ya ditsebe tse 256 e e nang le ditshwantsho tse dintle, e bogolo jwa ditsebe tsa yone bo lekanang le jwa tsa makasine ono, e ile ya thusa batsadi thata go latela kaelo ya Baebele ya gore ba thapise bana ba bone. (Diane 22:6) Dithuto tsa yone, tse di theilweng mo dithutong tsa ga Jesu Keresete, di tlhalosiwa ka puo e e motlhofo; mme dintlha tsa teng ke tsa batho ba dingwaga tsotlhe. O ka nna wa ikopela khopi ya yone ka go tlatsa setlankana se se mo makasineng ono o bo o se romela kwa atereseng e e mo go sone kgotsa kwa go e e tshwanetseng mo go tse di mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga gore ke ipofe ka sepe, ke kopa khopi ya buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.