Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Loeto Lwa go ya Kwa Chernobyl

Loeto Lwa go ya Kwa Chernobyl

Loeto Lwa go ya Kwa Chernobyl

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA UKRAINE

Kotsi e e neng ya direga kwa madirelong a motlakase a nuklea kwa Chernobyl mo dingwageng tse di fetileng di le 20, e ne e le e e iseng e ko e direge pele. Ka April 26, 1986, sengwe sa didiriswa tse nnè tse di fetlhang motlakase mo madirelong ano se ne sa thunya mme sa baka masetlapelo. Gantsi morago ga gore masetlapelo a direge—a ka tswa a bakilwe ke batho kgotsa e le a tlholego fela—go a kgonega gore go phepafadiwe morago ga moo kgotsa gore dilo di agiwe sesha. Le fa go ntse jalo, kotsi eno yone e ne ya baka tshenyo e e ka se kgoneng go boa e baakanngwa.

MO DINGWAGENG tsa bosheng, ngwaga le ngwaga ka May 9, batho ba pele ba neng ba nna mo toropong e e gaufi le madirelo ano—e ka tswa e le bone fela kgotsa ba na le ditsala le ba losika—ba ile ba etela kwa matlong a e kileng ya bo e le magae a bone. Ka dinako tse dingwe ba ya diphitlhong koo. Baitsesaense ba ile ba etela lefelo leno go tla go bona tshenyo e e bakilweng ke kotsi eno. Mo godimo ga moo, bosheng jaana dikhampani tse di tsamaisang bajanala kwa Ukraine di ile tsa nna tsa rulaganya gore go nne le letsatsi le le lengwe le babereki ba tsone ba tla tsamaisang baeti mo lefelong leno go le ba bontsha.

Mo kgweding ya June 2005 setlhogo se se kafa ntle sa kgatiso ya The New York Times se ne sa bolela ka “go bontshiwa lefelo ke mongwe” ka bokhutshwane mo Pripet ka tsela e e “sa beyeng botsogo jwa gago mo kotsing.” * Pripet—motse wa baagi ba ka nna 45 000, o o bokgakala jwa dikilometara di le 3 go tswa kwa madirelong a kotsi e neng e diregile kwa go one—o ne wa agiwa ka dingwaga tsa bo1970. Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba fuduga mo go one—fela jaaka go ile ga direga ka metse e mengwe e le mentsi—morago ga kotsi eno ya nuklea. Jaanong batho ba ne ba se ka ba tlhola ba letlelelwa go tsena mo mafelong ano ka ntlha ya marang a nuklea a a mo go one. Ka nako ya fa madirelo ano a motlakase a nuklea a ne a thunya, Anna le Victor Rudnik ba ne ba na le lobaka lo e ka nnang ngwaga ba nna kwa Pripet. *

Toropo e potlana ya Chernobyl (e madirelo a motlakase a nuklea a teeletsweng ka yone) e bokgakala jwa dikilometara di le 15 go tswa kwa madirelong ano a nuklea. E setse e le dingwaga jaanong batho ba e neng e le baagi ba yone ba letlelelwa go etela kwa go yone ngwaga le ngwaga. E re ka Chernobyl e le kwa lelapa la ga Rudnik le neng le nna teng, ba ile ba etela Chernobyl mo nakong eno. Mma ke tlhalose loeto lo ke neng ka lo tsaya ke na le mosadi wa me le lelapa leno dingwaga di le mmalwa tse di fetileng.

Malatsi a Rona a Boikhutso a a Hutsafatsang

Re ne ra tswa kwa Kiev, e leng motsemoshate wa Ukraine, re tsamaya mo tseleng e kgolo re ya kwa bokone. Re ne ra feta mo ditorotswaneng tse di neng di na le matlo mo thoko ga mmila, mme malomo a di-tulip a ne a kgabisitse fa pele ga dijarata tsa teng, e bile batho ba ne ba na le ditshingwana tsa merogo. Fa o tswa mo toropong e nngwe o ya kwa go e nngwe go ne go na le masimo a mmidi, korong le sonobolomo a go sa bonaleng le kwa a felelang teng.

Le fa go ntse jalo, fa re ntse re ya re ne ra bona pharologano e kgolo mo go se re ntseng re se bona, go ntse jaaka e kete go na le molelwane o o sa bonaleng. Go ne go se na letshwao lepe la tsela le le bontshang gore jaanong re tsena mo lefelong le le farologaneng, mme gone re ne re kgona go bona pharologano eo. Go ne go didimetse ka tsela e e tshosang fa re ntse re feta mo ditoropong tseno. Mo matlong ano a a neng a wa, difensetere di ne di thubegile le ditswalo di ne di tswetswe ka dikeetane. Mo pele ga dijarata go ne go tlhogile mefero, mme dimela mo ditshingwaneng di ne di godile go feta selekanyo.

Re ne ra tsena mo lefelong le batho ba sa letlelelwang go tsena mo go lone—le le ka nnang bokgakala jwa dikilometara di ka nna 30 go tswa kwa madirelong a motlakase a nuklea. Anna o ne a re bolelela jaana: “Ditoropo tse di mo lefelong leno di na le selekanyo se se kwa godimo thata sa marang a a kotsi a nuklea. Batho ba feta 150 000 go tswa mo ditoropong di le dintsi le metse ba ile ba fudusiwa go tswa mo lefelong leno mo nageng e pele e neng e le Soviet Union.”

Fa re ntse re ile le mosepele, ka bonako fela re ne ra goroga kwa lefelong le lengwe le le nang le terata e e goletseng kwa godimo e e tlhabang e e neng e kgaoganya lefelo leno le mafelo otlhe a mangwe. Gaufi le fano, go ne go na le seteishene se se agilweng ka dipolanka se batlhokomedi ba nnang mo go sone ba tlhokometse dikoloi tse di tsenang. Motlhokomedi o ne a sekaseka dibukana tsa rona tsa mosepele, a kwadisa koloi ya rona mme morago ga moo, a re bulela dikgoro.

Jaanong re ne re le mo teng ga lefelo le batho ba sa letlelelwang go tsena mo go lone. Tsela e ne e okangwe ke ditlhare tse di nang le matlhare a masha a matala. Ditlhatshana tse di kitlaneng di ne di bipile boalo jwa sekgwa—ruri e ne e se ditlhare tse di sheleng le ditlhatshana tse di omeletseng tse ke neng ke lebeletse go di bona. Kwa pele, letshwao le le agilweng ka setena se sesweu le le kwadilweng ka ditlhaka tse di pududu le re bontsha toropo ya Chernobyl.

Mo molelwaneng wa Chernobyl go ne go na le khemisi. Mmaagwe Victor o kile a bo a bereka mo khemising eno. Letshwao le le onetseng le le supang diura tse lebenkele le bulwang ka tsone le sa ntse le akgega mo fensetereng e e kgamathetseng ka seretse. Gaufi le paraka e kgolo ya toropo go na le kago e go direlwang dilo tsa setso mo go yone. Anna o ne a gakologelwa kafa ene le baagi ba bangwe ba neng ba tlhola ba itapolosa ka teng mo lefelong leno morago ga tiro, ba ntse ba lebeletse baopedi ba ba farologaneng fa ba ntse ba opela. Kwa bobogelong jwa difilimi jo bo bidiwang Ukraina, jo bo fa gaufi, ke koo bana ba neng ba rata go tshabela mogote teng ka go ya go bogela difilimi tsa bosheng e re ka go ne go le tsiditsana teng. E setse e le lobaka lo loleele jaanong go sa tlhole go utlwala modumo wa setshego mo holong eo e e lefifi. Anna le Victor ba ile ba re isa kwa pele e neng e le legae la bone—le le sekgala se sekhutshwane fa o tsamaya ka dinao o tswa mo bogareng jwa toropo. Ditlhare tse di sa tlhokomelweng di ne di thibile kgoro e e ka kwa pele, ka gone re ne ra tsamaya re tlhomagane go ralala mefero e e godileng re ya go tsena ka kgoro e e ka kwa morago—e ka nako eo e neng e le phatlha fela mo loboteng.

Mo teng ga ntlo go ne go swafetse ka tsela e e gakgamatsang. Materase o o kobileng o ne o le mo godimo ga bolao jo bo rusitseng. Dipampiri tse di manegiwang mo loboteng go le kgabisa di ne di lepeletse e bile di le leswe. Anna o ne a inama go sela senepe sa kgale mo gare ga matlakala a a neng a gasame mo phaposing. O ne a bolela jaana a utlwile botlhoko: “Ka dinako tsotlhe ke eletsa e kete e ka re re boela fano ra fitlhela dilo tsotlhe di ntse fela jaaka di ne di ntse. A bo ke utlwisiwa botlhoko jang ne ke go bona ntlo ya rona e le thotobolo fela; dithoto tsa rona le tsone di ile tsa utswiwa fa dingwaga di ntse di feta!”

Re ile ra tlogela legae la ba lelapa la ga Rudnik mme ra tsamaya ka dinao mo mmileng. Felo gongwe fa tsela e fetang e fapoga gone go ne go na le setlhopha sa batho ba motlotlo wa bone o neng o ile magoletsa. Re ne ra tsamaya sekgala sa halofo ya kilometara go ela kwa tsela e felelang gone kwa parakeng e e mo lengopeng le le fa godingwana fela ga lefelo le le ritibetseng fa thoko ga noka. Malomo a masweu a ditlhare tsa chestnut a ne a phaphasela mo pheswaneng e e tsiditsana. Mo ditepising tse di mo lefelong leno tse di itsoketsang go ela kwa tlase kwa boemakepeng, go kile ga leta batho ba le makgolokgolo ka ngwaga wa 1986 ba emetse sekepe se se ba fudusang.

Mo ngwageng o o fetileng ba lelapa la ga Rudnik ba ne ba etela legae la bone kwa Pripet e le lekgetlo la ntlha. Ba ne ba tswa mo toropong eno morago ga gore seteishene sa nuklea se thunye dingwaga di le 19 pele ga foo.

Nako ya go Ikgopotsa Dilo

Ka April 2006, go ketekwa ngwaga wa bo20 fa e sa le masetlapelo a nuklea a diregile, mme go ketekwa ka go dira dilo tse di farologaneng. Mo bathong ba le bantsi, mekete eno e ba gopotsa gore motho ga a kgone go laola maemo a lefatshe ka katlego kwa ntle ga thuso ya Modimo, le fa a ka leka go le kana kang go dira jalo.—Jeremia 10:23.

Mo kgweding ya September ya ngwaga o o fetileng, go ne ga ntshiwa pego ya saense morago ga gore masetlapelo ano a sekasekiwe sesha. Pego eno, e e ileng ya letlelelwa ke Lekgotla la Dinaga Tse di Kopaneng, e ne ya bolela gore kotsi eno e bolaile batho ba le 56 kwa tshimologong, mme go bonelwa pele gore ba bangwe ba le 4 000 ba tla swa ka ntlha ya malwetse a a bakwang ke marang a nuklea. Pele ga foo, dintsho tse di neng tsa bonelwa pele, gantsi e ne e le tsa palo ya batho ba ba fa gare ga 15 000 le 30 000. Kgatiso ya New York Times ya September 8, 2005, e ne ya bolela gore pego ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng “e ne ya tlhaselwa ke ditlhopha di le dintsi tse di amegileng ka go sirelediwa ga tikologo e re ka di bolela gore pego eno ke ya go leka go bipa dikotsi tse di ka nnang gone ka ntlha ya maatla a nuklea.”

Victor, yo o ileng a simolola go ithuta ka Mmopi wa gagwe, Jehofa Modimo, morago ga masetlapelo ao, o ne a re: “Ga re tlhole re tshwenyegile thata mo maikutlong, e re ka re itse gore fa Bogosi jwa Modimo bo tla, dikotsi tse di maswe tse di tshwanang le eno ga di kitla di tlhola di direga gape. Re lebeletse pele go bona fa naga e e dikologileng legae la rona le re le ratang thata le le gaufi le Chernobyl e boa e baakanngwa gape go tswa mo seemong se e leng mo go sone gone jaanong e bo e nna karolo ya paradaise e e molemolemo.”

Tsholofetso ya Baebele ya gore Paradaise ya kwa tshimologong ya mo lefatsheng e tla boa e tsosolosiwa e bo e atolosediwa mo lefatsheng lotlhe e setse e nonofile thata mo bathong ba le dimilionemilione fa e sa le go nna le masetlapelo kwa Chernobyl. (Genesise 2:8, 9; Tshenolo 21:3, 4) Kwa Ukraine fela go na le batho ba le 100 000 ba ba amogetseng tsholofelo eno mo dingwageng di le 20 tse di fetileng! E kete le wena o ka tlhotlhelediwa go akanyetsa isagwe e e galalelang e e solofediwang batho ba ba batlang go ithuta ka maikaelelo a Modimo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Le fa gone puso e ile ya bolela gore go etela mafelo ano ka bokhutshwane fela ga go kotsi, Tsogang! yone ga e kgothaletse ope gore a etele mafelo ano.

^ ser. 5 Bona Tsogang! ya April 22, 1997, mo ditsebeng 12-15 (ka Seesemane).

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]

Sefikantswe Sa Baphepafatsi

Sefikantswe seno se segolo thata ke sa go tlotla badiri ba ba neng ba phepafatsa ka nako ya fa go ne go tlhagile kotsi ya masetlapelo a Chernobyl. Badiri bano ba ne ba tima molelo, ba tswala lefelo la nuklea le le neng le kua mosi ka go le agelela ka lebota la semente ba bo ba tlosa leswe le le kotsi. Go bonala badiri bano ba ne ba le dikete di le makgolokgolo. Go bolelwa gore go tla swa batho ba le 4 000 ka ntlha ya kotsi eno, mme bontsi jwa bone e tla bo e le bangwe ba badiri bano.

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Letshwao le le supang toropo ya Chernobyl, le bobogelo jwa koo jwa dibaesekopo

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Ba lelapa la ga Rudnik le legae la bone kwa Chernobyl

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Madirelo a motlakase a nuklea a a neng a thunya dikilometara di le tharo go tswa mo ntlong ya ba lelapa la ga Rudnik kwa Pripet (setshwantsho se se mo gare)