Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Tshedisana le ba Bangwe ka Kagiso go ka Kgonega?

A go Tshedisana le ba Bangwe ka Kagiso go ka Kgonega?

Baebele ya Reng

A go Tshedisana le ba Bangwe ka Kagiso go ka Kgonega?

MO THERONG ya gagwe e e tumileng, Jesu Keresete o ne a re: “Go itumela ba ba kagiso.” Gape o ne a re: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5, 9) Go tshedisana le ba bangwe ka kagiso ga se kgang fela ya go bo o sa lwe le ba bangwe kgotsa go nna fela o ritibetse. Motho yo o ratang go tshedisana le ba bangwe ka kagiso e nna ene wa ntlha go tsaya kgato go dira gore go nne le kagiso fa gare ga gagwe le ba bangwe.

A go ka kgonega go dirisa mafoko a a nopotsweng fa godimo a ga Jesu mo motlheng wa rona? Bangwe ba akanya gore go atlega mo lefatsheng leno go batla gore o bo o le motho yo o tshosetsang ba bangwe, yo o bogale le yo o ratang dikgoka. A go botlhale go ipusolosetsa, ka go nna bogale fa motho yo mongwe a go galefela? Kgotsa a go botlhale go dira gore go nne le kagiso fa gare ga lona? Mma re sekaseke mabaka a le mararo a go bo re tshwanetse go akanyetsa mafoko ano a ga Jesu: “Go itumela ba ba kagiso.”

▪ GO NNA LE PELO E E RITIBETSENG Diane 14:30 ya re: “Pelo e e ritibetseng ke botshelo jwa setshedi sa senama.” Dipego di le dintsi tsa kalafi di bontsha gore go galefa le go nna le letlhoo go ka dira gore motho a itewe ke setorouko le go ema pelo. Bosheng jaana, lokwalopaka longwe lwa kalafi lo bua ka batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa pelo, lo ile lwa tshwantsha go phatloga ka bogale le botlhole. Lokwalopaka loo lo ile lwa bolela gape gore “go galefa thata go ka lwatsa motho fela thata.” Le fa go ntse jalo, batho ba ba ratang kagiso, ba ka kgona go nna le “pelo e e ritibetseng” ba bo ba nna le ditlamorago tse di itumedisang.

Jim, monna mongwe wa dingwaga di le 61, yo gone jaanong a rutang batho Baebele mo gare ga batho ba ba buang Se-Vietnam, ke sekai sa seno. O tlhalosa jaana: “Morago ga dingwaga di le thataro tsa fa ke ne ke le mo sesoleng sa Vietnam le dingwaga di le tharo tsa fa ke ne ke lwa mo sesoleng seo kwa mafatsheng a sele, ke ile ka iponela ka matlho gore thubakanyo, kgalefo le go betwa ke pelo go ntse jang. Dilo tse di ntiragaletseng mo nakong e e fetileng di ne di ntshwenya thata mme di mpakela mathata a go sa robale. Go ise go ye kae, go tshwenyega thata mo maikutlong le mathata a mala le go nna le bothata jwa mesifa ya mmele go ne ga koafatsa botsogo jwa me.” O ile a thusiwa ke eng? O araba jaana: “Go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa go ile ga boloka botshelo jwa me. Go ithuta ka boikaelelo jwa Modimo jwa gore o tla dira gore go nne le lefatshe le lesha le le nang le kagiso le kafa nka kgonang go ‘apara botho jo bosha’ ka teng go ile ga dira gore ke nne le pelo e e ritibetseng. Botsogo jwa me bo ile jwa tokafala thata ka ntlha ya seo.” (Baefeso 4:22-24; Isaia 65:17; Mika 4:1-4) Batho ba bangwe ba le bantsi ba ile ba iponela ka bobone gore go tshedisana le ba bangwe ka kagiso go ka tokafatsa boitekanelo jwa motho mo maikutlong, mmeleng le mo semoyeng.—Diane 15:13.

▪ GO NNA LE KAMANO E E ITUMETSENG LE BA BANGWE Re tla nna le kamano e e itumedisang le ba bangwe fa re le batho ba ba tshedisanang le bone ka kagiso. Baebele e bolela gore “bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba” di tshwanetse tsa ‘tlosiwa mo go rona mmogo le bosula jotlhe.’ (Baefeso 4:31) Gantsi batho ba ba ratang dikgotlhang ba dira gore batho ba bangwe ba tsamaele kgakala le bone mme ba bo ba iphitlhela ba le bosi, ba se na ditsala tse ba ka di ikanyang. Diane 15:18 ya re: “Motho yo o galefileng o tsosa manganga, mme yo o bonya go galefa o kokobetsa komano.”

Andy, mogolwane mongwe wa Mokeresete wa dingwaga di le 42 kwa New York City, o goletse mo lelapeng la batho ba ba ratang dikgotlhang. O tlhalosa jaana: “Ke ne ka tsenngwa mo mosakong wa mabole mme ka thapisediwa go lwa ka mabole ke na le dingwaga di le robedi. Ke ne ke sa tseye batho ba ke lwang le bone e le batho. Go na le moo, ke ne ke akanya fela gore fa ke sa ‘mo iteye, o tla itaya nna.’ Go ise go ye kae, ke ne ka inaakanya le segopa sengwe. Re ne re tlhola re lole le batho mo mebileng. Nkile ka supiwa ka ditlhobolo mo tlhogong le go tshosediwa ka dithipa. Botsala jo ke neng ke bo dira e ne e le jo bo neng bo ntsenya mo mathateng mme ke ne ke bo dira ka ntlha ya go boifa.”

Ke eng se se thusitseng Andy gore e nne motho yo o ratang kagiso? A re: “Ka letsatsi le lengwe ke ne ka ya kwa pokanong kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa, mme ka bonako fela ke ne ka kgona go bona gore batho ba ba leng koo ba na le lorato. Fa e sa le ka nako eo, go kopanela ga me le batho bano ba ba ratang kagiso go ile ga nthusa gore ke nne le pelo e e ritibetseng mme kgabagare ka tlogela mokgwa wa me wa bogologolo. Ke dirile botsala jo bo nnetseng ruri le batho ba le bantsi.”

▪ TSHOLOFELO KA ISAGWE Lebaka le le botlhokwa go a gaisa otlhe la go tshedisana le ba bangwe ka kagiso ke leno: Go supa gore re tlotla thato ya Mmopi wa rona. Lefoko la Modimo ka bolone e leng Baebele le re kgothaletsa jaana: “Senka kagiso, mme o e latelele.” (Pesalema 34:14) Go dumela gore Jehofa Modimo o teng mme o bo o ithuta le go ikobela dithuto tsa gagwe tse di nayang botshelo go dira gore motho a nne le botsala le ene. Fa re na le botsala jo bo nonofileng joo, re tla nna le “kagiso ya Modimo.” Ke kagiso e e di gaisang tsotlhe le fa go ka nna le dikgwetlho tse di ntseng jang mo botshelong.—Bafilipi 4:6, 7.

Mo godimo ga moo, fa re tshedisana le ba bangwe ka kagiso, re bontsha Jehofa gore re batla go nna batho ba ba ntseng jang. Re ka bontsha Modimo gone jaanong gore re tla tshwanelegela go tsena mo lefatsheng la gagwe le lesha la kagiso le a le solofeditseng. Fa a fedisa batho ba ba boikepo mme a dira gore batho ba Jesu a neng a re ke ba ba ‘bonolo ba rue lefatshe’ re tla bo re le teng koo le rona. A bo e le tshegofatso ruri!—Pesalema 37:10, 11; Diane 2:20-22.

Ee, re kgona go bona sentle gore mafoko a ga Jesu a a reng “go itumela ba ba kagiso”a mosola. Re ka kgona go nna le pelo e e ritibetseng, dikamano tse di molemo le ba bangwe le go nna le tsholofelo e e nonofileng ka isagwe. Re ka kgona go bona masego ano fa re dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang go nna batho ba ba “agisanang le batho botlhe.”—Baroma 12:18.

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

“Botsogo jwa me bo ile jwa tokafala thata.”—Jim

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

“Ke ile ka dira botsala jo bo nnelang ruri le batho ba le bantsi.”—Andy