Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ka Kgona go Tila Botsofe?

A o Ka Kgona go Tila Botsofe?

A o Ka Kgona go Tila Botsofe?

“Re Tshela dingwaga di le masome a le supa fela—di le masome a le robedi fa re nonofile; . . . mme go ise go ye kae re bo re swa.”—PESALEMA 90:10, TODAY’S ENGLISH VERSION.

IKAKANYE fela o na le matlhagatlhaga a a sa feleng. Akanya fela o se na mathata ape a botsogo e bile o nna o thantse mo tlhaloganyong. A go akanya ka isagwe e e ntseng jalo ke go ijesa dijo tsa ditoro? Fa e le gore o ikutlwa jalo, akanya ka ntlha eno e e gakgamatsang: Le fa go na le mefuta mengwe ya bopapalagae ba ba kgonang go tshela dingwaga di le lekgolo, ke ka sewelo fela dipeba tsone di kgonang go tshela go feta dingwaga di le tharo. Go fetafetana jalo ka boleele jwa botshelo ga ditshedi go dirile gore baitse bangwe ba thutotshelo ba dumele gore go tshwanetse ga bo go na le bothata bongwe jo bo dirang gore batho ba tsofale le gore fa bo le teng, bo ka kgona go alafiwa.

Go batlana le kalafi ya bothata jono go dirile gore dikhampani di le dintsi tse di dirang diokobatsi di leke go dira kalafi e ntšha ya botsofe. Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba ba belegweng morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe mme gone jaanong ba tsena mo dingwageng tsa bone tsa bo60, ba batlana le ditsela tsa go dira gore ba se ka ba tsofala.

Babatlisisi ba le bantsi ba ba ithutang ka dijini, dimolekhule, botshelo jwa diphologolo le botsofe le ditlamorago tsa jone gape ba tlhomile mogopolo thata mo go direng dipatlisiso kaga botsofe. Buka ya setlhogo se se reng Why We Age, e e kwadilweng ke Steven Austad, ya re: “Go na le sengwe se se dirang gore batho ba ba ithutang ka botsofe le ditlamorago tsa jone ba itumele fela thata fa ba kopana mmogo. Re gaufi thata le go tlhaloganya gore ke eng se se dirang gore batho ba tsofale.”

Go na le dikgopolo di le dintsi tse batho ba nang le tsone tsa gore ke ka ntlha yang fa re tsofala. Bangwe ba re botsofe bo bakwa ke go onala ga disele tsa mmele; ba bangwe ba re batho ba a tsofala ka gonne e le selo se se laotsweng go sa le gale. Ba bangwe bone ba re botsofe bo bakwa ke dilo tseno ka bobedi. Batho ba tlhaloganya kgang ya go tsofala go le kana kang? A go na le lebaka la go solofela gore go tla nna le kalafi e e ka alafang botsofe?

[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 2, 3]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

LOBAKA LO LO LEKANYETSWANG LWA BOTSHELO

Notshi

Malatsi a le 90

Peba

Dingwaga di le 3

Ntša

Dingwaga di le 15

Tshwene

Dingwaga di le 30

Kwena

Dingwaga di le 50

Tlou

Dingwaga di le 70

Motho

Dingwaga di le 80

Papalagae

Dingwaga di le 100

Khudu e kgolo

Dingwaga di le 150

Setlhare sa sequoia

Dingwaga di le 3 000

Setlhare sa bristlecone

Dingwaga di le 4 700

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Bopapalagae bangwe ba kgona go tshela dingwaga di le 100, mme batho bone ba tshela dingwaga di le 80 fela. Babatlisisi ba ipotsa jaana: “Botsofe bo bakwa ke eng?”