Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Di-Sponge—Ditshedi Tse di sa Raraanang Mme Gone di Kgatlha Thata

Di-Sponge—Ditshedi Tse di sa Raraanang Mme Gone di Kgatlha Thata

Di-Sponge—Ditshedi Tse di sa Raraanang Mme Gone di Kgatlha Thata

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA AUSTRALIA

A O KA itumelela go tlhapa ka marapo a a setseng a phologolo e e suleng? Go ka nna ga utlwala e se selo se o ka se ratang seo. Le fa go ntse jalo, sepontšhe sa tlholego se se dirisediwang go tlhapa totatota ke masalela a a ditlhaletlhale a setshedi se se bidiwang sponge.

National Geographic News ya re: “Di-sponge di wela mo setlhopheng sa diphologolo tse di nang le nako e telele di le gone e bile ke tsa maemo a a kwa tlase thata mo ditlhopheng tse di leng gone tsa diphologolo.” Seno se dirile gore batho bangwe ba fopholetse gore diphologolo le batho di itlhagetse go tswa go di-sponge tsa bogologolo. Thulaganyo nngwe ya thelebishene e e neng ya gololwa ke metswedi ya tshedimosetso e ile ya bo ya tlotlomatsa sponge ka go bolela gore ke “sone Efa mo diphologolong”—ke sone “mogologolwane yo botshelo jwa rona bo simologileng ka ene.”

Baitsesaense ba ithutile eng ka di-sponge? A ke ditshedinyana fela tse di sa reng sepe, kgotsa a di bontsha bokgoni jo bo kgatlhang thata jwa go bopa?

Ga di Na Pelo, Ga di Na Boboko, Mme Ga di Na Mathata

Di-sponge di ka nna tsa bo di lebega jaaka dimela, mme Aristotle le Pliny yo Mogolwane bone ba ile ba di tlhalosa sentle ba re ke diphologolo. Bomankge ba fopholetsa gore mo makadibeng le mo mawatleng otlhe mo lefatsheng go na le mo e ka nnang mefuta ya di-sponge e le 15 000, mme ditshedi tseno di bopegile ka ditsela tse di farologaneng tse dintle e bile di mebala e e farologaneng. Di-sponge di ka lebega jaaka e kete ke menwana e meleele e mesesane, di ka nna dikhutshwane di bo di nna sephara jaaka difaki, tsa nna jaaka e kete ke mmetshe o o adilweng, tsa nna jaaka e kete ke difetlhamoya tse dintle kgotsa di ka lebega jaaka e kete ke mogopo wa legakwa le le tsabakelang—fa re umaka dipopego di se kae fela tsa tsone. Dingwe tsa tsone di dinnye go gaisa tlhaka ya raese, fa tse dingwe tsone di feta motho ka boleele. Baitsesaense ba dumela gore di-sponge dingwe di ka tswa di na le makgolokgolo a dingwaga di ntse di tshela.

Encyclopædia Britannica ya re: “Fa go tliwa mo tseleng e di bopegileng ka yone, e di dirang dilo ka yone le e di golang ka yone, di-sponge di farologane fela thata le diphologolo tse dingwe.” Jang? Di-sponge tsone ga di na dirwe tsa kafa teng jaaka diphologolo tse dingwe. E re ka di se na pelo, boboko kgotsa ditshika, di-sponge di kgona jang go tshela? Disele tse dinnye tse di mo teng ga di-sponge ke tsone tse di dirang ditiro di le dintsi tse di di thusang go tswelela pele di tshela. Go na le disele tse tiro ya tsone e leng go tshwara dijo, tse dingwe di tsamaisa dikotla mme tse dingwe di tlosa leswe. Tse dingwe di bereka go aga mmele wa tsone kgotsa letlalo la tsone. Disele dingwe di ka nna tsa bo tsa fetoga go tswa mo mofuteng o mongwe wa sele go nna o mongwe fa maemo a di tlhoka gore di dire jalo.

Di-sponge di na le dilo tse dingwe gape tse di di farologanyang le ditshedi tse dingwe. Fa o ka pateletsa sponge go feta ka diphatlha tsa sefo se bo se kgaogana dikarolwana, disele tsa sone di tlile go kopana di bo di ipopa gape go nna sponge sele sa ntlhantlha. Fa o ka tsaya di-sponge tse pedi o bo o di thugelela mmogo, disele tsa tsone di tlile go kgaogana ka iketlo di bo di feleletsa e le di-sponge tsone tsele tse pedi gape. National Geographic News ya re: “Ga go na semela sepe kgotsa phologolo epe e e kgonang go itsosa mo losong ka tsela eno.”

Di-sponge gape di na le bokgoni jwa go ikatisa ka ditsela tse di farologaneng. Di-sponge dingwe di kgona go ntsha disele tse dingwe le go di tlhomelela ka se di se tlhokang, di bo di di romela gore di ye go aga kwa mafelong a mangwe. Di tsamaya jalo di le mo seemong se e keteng di sule, mme fa di fitlha mo lefelong le di batlang go nna mo go lone, di a tsoga di bo di simolola go ikatisa. Di-sponge tse dingwe tsone di ikatisa ka go kopana ga se se namagadi le se se tonanyana, mme sponge sengwe le sengwe se kgona go iphetola go nna se se namagadi kgotsa se se tonanyana go ya kafa go tlhokegang ka gone. Di-sponge dingwe di beela mae. Paul Morris yo e leng mokwadi o ne a bolela jaana a gakgametse: “Fa re ntse re tlhatlhoba ditshedi tseno tse dinnye thata go ya pele, re kgona go bona le go feta kafa di raraaneng thata ka teng.”

Di Phepafatsa Lewatle

Allen Collins, yo e leng moitse wa diphologolo o ne a kwala gore di-sponge di na le “thulaganyo ya go ja e e sa fitlhelweng mo phologolong epe e nngwe.” Maroba a mannye mo letlalong la tsone le le kafa ntle a tsenelela mo teng ga di-sponge e bo e nna mesele e mentsintsi mo teng ga tsone. Disele tse dinnye di le dimilionemilione tse di tsamaisang metsi, kgotsa choanocytes, di ikadile mo teng ga mesele eno e mentsintsi. Sele nngwe le nngwe e na le leodi le e keteng thupana le le nnang le ntse le ya kwa pele le kwa morago. Ben Harder, yo e leng mokwadi o tlhalosa jaana: “Jaaka batsamaisi ba sekepe mo sekepeng sa Roma, [disele tseno] di kgoromeletsa metsi ka iketlo kwa diseleng tse dingwe tsa sponge, tse tiro ya tsone e leng go tshwara le go sila dijo tse di fitlhelwang mo metsing ano.” E re ka sponge se pompa metsi a a fetang bokete jwa sone ka makgetlo a le lesome ka ura nngwe le nngwe, se kgona go ntsha dikotla, dikhemikale tse di botlhole le diperesente di ka nna 90 tsa dibakateria tsotlhe tse di leng gone mo metsing. Sponge se ka kgona gape le go laola metsi a se a pompang kgotsa sa pompela metsi kwa morago fa gongwe go direga gore metsi a elelele ntlheng e sele kgotsa fa se batla go ntshetsa seretse se se mo teng ga sone kwa ntle. Dr. John Hooper a re: “Di-sponge ke . . . tsone di kgonang go phepafatsa lewatle ka botswerere go feta ditshedi dipe tse dingwe.”

E re ka sponge se nna se na le dijo le metsi, seno se dira gore di-shrimp, makakauwe le ditshedi tse dingwe tse dinnye tsa mo lewatleng di rate thata go nna mo teng ga sone. Sponge sengwe se ne sa fitlhelwa se na le ditshedi di le 17 128 tse di nnang mo teng ga sone. Dibakateria di le dintsi, bolele le di-fungi di kgona go nna bomphato le di-sponge. Dibakateria ka botsone fela di ka bopa diperesente tse di fitlhang go 50 tsa bokete jwa sponge fa se kolobile.

Baitsesaense ba ile ba lemoga gore di-sponge le bomphato ba tsone go ka dirwa diokobatsi tse disha le tsa mofuta mongwe ka tsone. Ba bangwe ba dumela gore diokobatsi tse di ntseng jalo di ka nna tsa thusa thata mo go lwantsheng AIDS, kankere, malaria le malwetse a mangwe. Shirley Pomponi yo e leng mmatlisisi, fa a bua ka sponge seo se se nang le bomphato bano a re: “Dilo tsa tlholego di re naya dimolekhule tse di kgatlhang thata go feta tse re ka di dirang re thusiwa ke dikhomputara.”

Bokgoni Jwa go Dira Selo se e Keteng Legakwa

Di-sponge di le dintsi di magwata e bile di thata, go farologana le tse di boleta tse di ditlhaletlhale tse masalela a tsone a dirisediwang go tlhapa. Di-sponge tseno tse di thata di na le dilo tse e keteng magakwa a mannye a le dimilionemilione a a bidiwang di-spicule. Fa di-spicule di tlhatlhobiwa ka maekerosekoupo, bontle jwa tsone le mefutafuta ya tsone e jesa kgakge. E re ka di golagantswe ka ditsela tse di farologaneng, di-spicule di kgona go itira sebopego sa sengwe se se raraaneng, di ka itira letlalo la sengwe la go itshireletsa, kgotsa di itire gore di tshwane le megala e e boleele jwa go fitlha go dimetara di le 3 le e e bokima jwa sentimetara e le nngwe. Mofuta mongwe wa sponge o o jang nama o dirisa ditlhale tse e keteng ke letloa la go tshwara ditlhapi go tshwara dijo.

Mofuta mongwe wa sponge o o bidiwang Venus’s flower-basket o o nnang kwa tengteng ga lewatle, o dirisa di-spicule go bopa galase e ntle e e raraaneng. Ditlhaletlhale tseno tsa silica e e sa tswakanngwang le sepe di batla di tshwana thata le megala e e dirisediwang go tsamaisa motlakase e e fitlhelwang mo madirelong. Moitsesaense mongwe a re: “Ditlhale tseno tse di dirwang ke setshedi seno di nonofile thata. Go farologana le tlhale e e dirwang mo madirelong, yone o ka kgona go e bofa thata wa e dira mafuto mme e bo e sa phatloge.” Kgang ya gore ditlhale tseno tse e keteng megala tse di raraaneng di nna gone jang mo metsing a lewatle e bile e le mo dithemperetšhareng tse di kwa tlase jaana e sa ntse e akabatsa baitsesaense. Cherry Murray wa Bell Laboratories o ne a re: “Mo kgannyeng eno, setshedi se se lebegang se sa re sepe fela se na le tharabololo ya bothata jo bo raraaneng thata fa go tsenwa mo go direng megala e e raraaneng ya motlakase le tsela e megala eno e tlileng go dirwa ka yone.”

A di Itlhagetse Fela Kgotsa di Bopilwe?

Morago ga gore Hooper a tlhatlhobe sesha dikarolo tse dintsi tse di kgatlhang thata tsa di-sponge o ne a re: “‘Sponge se go tweng ga se a raraana’ totatota ke [phologolo] e e raraaneng thata, e go fitlha le gompieno re sa e tlhaloganyeng ka botlalo.” Ka gone, go a utlwala go botsa jaana: Go tlile jang gore setshedi seno se se raraaneng se nne gone, mme ka ntlha yang? A go ka tswa go itiragaletse fela gore se nne gone? Kgotsa a go raraana ga di-sponge go bontsha gore go na Motlhami yo o botlhale?

Le fa gone batho bangwe ba ka nna ba gana go dumela gore Mmopi o teng, batho ba le bantsi ba tla dumalana le se mopesalema wa bogologolo a ileng a se lemoga fa a re: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago . . . , dibopiwa tse di tshelang, tse dipotlana le tse dikgolo.”—Pesalema 104:24, 25.

[Setshwantsho/Ditšhwantsho mo go tsebe 23]

Tsela e “sponge” se lebegang ka yone. Setshwantsho se se godisitsweng sa disele tse di pompang metsi

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Di-“spicule” tsa “sponge”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

“Venus’s flower-basket”

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Sea horse: Rudie H Kuiter; 3 right-hand inset photos: Dr. John Hooper, Queensland Museum

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Top: Eye of Science/Photo Researchers, Inc.; bottom: Kim Taylor / Warren Photographic