Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ga ke Kgone go e Tlogela Fa ke E Bala”

“Ga ke Kgone go e Tlogela Fa ke E Bala”

“Ga ke Kgone go e Tlogela Fa ke E Bala”

▪ Ngwaga o o fetileng kwa dikopanong tsa kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe lotlhe, go ile ga gololwa buka e ntšha ya ditsebe di le 224, e e nang le ditshwantsho tsa mebalabala e e diretsweng go ithuta dithuto tsa motheo tsa Baebele. E na le setlhogo se se reng Totatota Baebele e Ruta Eng?

Mmadi mongwe o ne a kwala jaana ka yone: “Ga ke kgone go e tlogela fa ke e bala. Buka eno e tsere dintlha tsotlhe tse di molemolemo tsa dibuka tse dingwe tse nkileng ka di bala mme ya di tsenya mo bukeng eno.”

Mmadi yo mongwe ene o ne a re: “Tsebe nngwe le nngwe e go rotloetsa go tswelela o bala. Mme ke rata le tsela e bokhutlo jwa kgaolo nngwe le nngwe bo go bolelelang ka se se tla sekasekiwang mo kgaolong e e latelang. Go na le dintlha tse dintsi mo bukeng eno tse di ileng tsa dira gore ke seke dikeledi. Go na le dilo tse dintsi tse ke di ratang ka buka eno mo e leng gore nka kgona go kwala buka ka tsone!”

Mme motho yo mongwe yo le ene a neng a anaanela buka eno o ne a kwala jaana: “Buka eno ke letlotlo le legolo la dilo tsa semoya mme e tla nna sedirisiwa se se molemo thata go re thusa go ruta barutwa ba basha.”

Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e teng gone jaanong e bile e ka kopiwa ka dipuo tse di fetang 140. O ka kopa gore o romelelwe khopi ya yone ka go tlatsa setlankana seno le go se romela kwa atereseng e e supilweng fano kgotsa kwa go e e tshwanetseng mo go tse di mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga gore ke ipofe ka sepe, ke kopa khopi ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.