Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa Morwadio go Ipaakanyetsa Nako ya go Bona Kgwedi Lekgetlho la Ntlha

Go Thusa Morwadio go Ipaakanyetsa Nako ya go Bona Kgwedi Lekgetlho la Ntlha

Go Thusa Morwadio go Ipaakanyetsa Nako ya go Bona Kgwedi Lekgetlho la Ntlha

Nako ya bokau kgotsa ya boroba ke nako ya diphetogo tse dintsi. Mo baneng ba basetsana, nako ya diphetogo tse dikgolo ke nako ya fa ba simolola go bona kgwedi.

GO SIMOLOLA go bona kgwedi e ka nna nako e e tlisetsang bana ba basetsana go tshwenyeganyana go go rileng mme gantsi fa tiragalo eno e simologa ba tlhakatlhakana maikutlo. Jaaka diphetogo tse dingwe tse dintsi tse di amanang le go tsena mo nakong ya bokau kgotsa boroba, go simolola go bona kgwedi e ka nna selo se se tlhakanyang motho tlhogo. Bana ba bantsi ba basetsana ba a tlhobaela le go boifa fa ba simolola go bona kgwedi mme gantsi ke ka go bo ba sa bolelelwa boammaaruri malebana le kgang eno kgotsa gantsi bo ba sa itse sepe ka gone.

Gantsi bana ba ba ikutlwang ba siametse go tsena mo nakong ya go bona kgwedi ga ba tlhobaele thata fa nako eo e goroga. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso di bontsha gore nako ya go bona kgwedi e fitlha bana ba le bantsi ba sa e ipaakanyetsa. Mo patlisisong nngwe e go neng go botsolodiwa bana ba dinaga di le 23, mo e ka nnang nngwetharong ya ba ba ileng ba akgela mo patlisisong eno ba ile ba bolela gore ba ne ba sa bolelelwa sepe kaga go simolola go bona kgwedi pele go ba diragalela. E re ka go ile ga ba diragalela ba sa lebelela, bana bao ba ne ba sa itse gore ba dire eng fa ba ne ba simolola go bona kgwedi.

Basadi ba ba ileng ba se ka ba rutiwa sepe ka go simolola go bona kgwedi ba ne ba tlhalosa gore go bona kgwedi ga bone e ne e le sengwe se se sa itumediseng gotlhelele. Patlisiso nngwe e bontsha gore fa basadi bangwe ba tlhalosa kafa ba neng ba ikutlwa ka teng fa ba ne ba simolola go bona kgwedi, ba ne ba dirisa mafoko a a jaaka “letshogo,” “go tshwenyega mo maikutlong,” “go tlhabiwa ke ditlhong” le “go boifa.”

Gantsi batho ba a tshoga fa ba bona madi, ka gonne go dutla madi go amanngwa le go utlwa botlhoko kgotsa kgobalo. Ka jalo, motho o kgona go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa bana ba sa tlhalosediwa go sa le gale ka go bona kgwedi ba go amanyang le bolwetse bongwe, kgobalo kgotsa go go tsaya e le selo se se tlhabisang ditlhong.

Morwadio o tlhoka go itse gore go dutla madi ka nako ya fa a bona kgwedi ke selo se se tlwaelegileng se se diragalelang bana botlhe ba basetsana ba ba itekanetseng sentle mo mmeleng. Jaaka motsadi, o ka thusa ngwana wa gago gore a se ka a tlhobaela le go boifa. Jang?

Seabe sa Motsadi se Botlhokwa Thata

Go na le tshedimosetso e ntsi malebana le kgang ya go bona kgwedi, e ka bonwa go tswa mo barutabaneng, dingaka, dibuka le difilimi tse di diretsweng go ruta. Batsadi ba le bantsi ba fitlhela didirisiwa tseno di na le tshedimosetso e e mosola tota e e thusang go tlhalosa gore go diragala eng mo mmeleng fa motho a bona kgwedi le gore motho o tshwanetse go ipoloka jang a le phepa ka nako eo. Le fa go ntse jalo, bana ba basetsana ba ka tswa sa ntse ba na le dipotso tse go se nang dikarabo tsa tsone mo metsweding eno ya tshedimosetso. Le fa gone ba ka tswa ba itse gore ba tshwanetse go dira eng fa ba le gaufi le go bona kgwedi, gantsi ba ka nna ba bo ba sa itse gore ba lebane jang le maikutlo a a farologaneng a ba ka tswang ba nna le one ka ntlha ya go bona kgwedi.

Bommèmogolo, bonkgonne mme segolobogolo bommaabone ke bone ba ka kgonang go thusa bana ba bone ka tshedimosetso e e oketsegileng le go ba ema nokeng ka tsela e e tshwanetseng. Gantsi bana ba tsaya bommaabone ba bone e le bone ba ka kgonang go ba naya tshedimosetso e e botlhokwa malebana le go bona kgwedi.

Go tweng ka borre? Bana ba bantsi ba basetsana ba ikutlwa ba tlhabiwa ke ditlhong go bua le borraabone ka ga go bona kgwedi. Ba bangwe ba batla gore borraabone ba thuse ka tsela e e sa tlhamalalang ka go ba tshegetsa le go tlhaloganya seemo sa bone mme ba bangwe bone ga ba batle gore borraabone ba nne le seabe gotlhelele.

Mo dinageng di le dintsi palo ya malapa a mo go one go nang le rre fela e ile ya oketsega mo masomeng a a fetileng a dingwaga. * Ka jalo, borre ba ba oketsegileng ba tla tshwanelwa ke go lebana le kgwetlho ya go ruta bana ba bone ba basetsana ka go bona kgwedi. Borre ba ba ntseng jalo ba tla tshwanelwa ke gore ba itlwaelanye le dintlha tse di botlhokwa malebana le go bona kgwedi le dilo tse dingwe tse di amanang le go fetoga ga maikutlo go bana ba bone ba tla lebanang le gone. Borre ba ka nna ba swetsa ka gore ba kope bommè ba bone kgotsa bokgaitsadiabone gore ba ba thuse mo kgannyeng eno.

Nako ya go Simolola go Tlotla ka Gone

Mo dinageng tse go nang le madirelo a mantsi tse di jaaka United States, Korea Borwa le dikarolo tse dingwe tsa Yuropa Bophirima, gantsi dingwaga tse bana ba basetsana ba simololang go bona kgwedi ba le mo go tsone ke tse di fa gare ga 12 le 13, le fa gone ba ka nna ba simolola ba le dingwaga di le 8 fela kgotsa ba setse ba le dingwaga di le 16 kgotsa 17. Mo dikarolong tsa Afrika le Asia, dingwaga tse gantsi ba simololang go bona kgwedi ka tsone di bonala di le kwa godimonyana. Ka sekai, kwa Nigeria, gantsi ba simolola ba le dingwaga di le 15. Go na le dilo di le mmalwa tse di ka amang nako ya go simolola go bona kgwedi, dilo tse di jaaka dijini, seemo sa itsholelo, dijo tse motho a di jang, go bereka ka thata le bogodimo wa lefelo le motho a nnang mo go lone.

Go molemo go simolola go bua le ngwana wa gago wa mosetsana ka kgang eno pele ga a simolola go bona kgwedi lekgetlho la ntlha. Ka jalo, o tshwanetse wa simolola go tlotla le ngwana wa gago ka kgang ya diphetogo tse di tla diragalang mo mmeleng le go bona kgwedi a sa ntse a le monnye, gongwe fa a le dingwaga di le robedi. O ka tswa o akanya gore o sa ntse a le monnye thata, mme fa ngwana wa gago a le fa gare ga dingwaga di le robedi le di le lesome, go ka direga gore mmele wa gagwe o setse o simolotse go gola kafa teng ka go bo dihoromone tsa gagwe di oketsega. O tla simolola go bona diphetogo tsa bosha mo mmeleng wa gagwe tse di jaaka go tswa diolamelora le go oketsega ga moriri mo mmeleng. Bana bantsi ba basetsana ba gola ka bonako (ba nna baleele le go nna bakima) pele fela ba simolola go bona kgwedi.

Tsela E o Ka Simololang Kgang Eno ka Yone

Gantsi bana ba basetsana ba ba leng mo dingwageng tsa go simolola go bona kgwedi ba batla go itse gore ba tshwanetse go lebelela eng. Gongwe ba kile ba utlwa bana ba bangwe kwa sekolong ba bua ka kgang eno. Ba nna le dipotso mme bontsi jwa bone ga ba itse gore ba ka di botsa jang. Ba ka tswa ba tlhabiwa ke ditlhong go bua ka kgang eno.

Go ntse jalo le ka batsadi. Le fa gone bommè e le bone segolobogolo ba nang le tshedimosetso e ntsi ka go bona kgwedi, gantsi ba ikutlwa ba sa kgone go tlhalosa kgang eno sentle e bile ba sa gololesega go bua ka yone. Gongwe le wena o ikutlwa jalo. Ka jalo, o tla simolola jang go bua ka kgang ya go simolola go bona kgwedi le ngwana wa gago wa mosetsana?

Basetsana ba ba iseng ba tsene mo dingwageng tsa bolesome ba ba tla tlogang ba simolola go bona kgwedi ba ka kgona go tlhaloganya tlhaloso e e sa raraanang e e utlwalang. Tshedimosetso eo e ka nna ya akaretsa kgang ya gore motho o tla bona kgwedi gantsi go le kae, e tla tsaya nako e kana kang le gore o latlhegelwa ke madi a a kana kang. Ka jalo, fa o ruta ngwana go sa le gale kaga go bona kgwedi, go ka nna molemo fa o ka tlhoma mogopolo thata mo dilong tse di diregang gone jaanong le tse di ka mo thusang gore a ka lebana jang le mathata a go bona kgwedi. Mo godimo ga moo, o ka nna wa tlhoka go araba dipotso tse di jaaka: Ke tla ikutlwa jang? kgotsa Ke tshwanetse ka lebelela eng?

Moragonyana, o ka nna wa batla go tlhalosa dilo tse di boteng tsa gore go diragala eng mo mmeleng wa gago fa o bona kgwedi. Gantsi o ka kgona go bona dibuka tse di rutang ka kgang eno mo dingakeng, kwa laeboraring kgotsa kwa mabenkeleng a a rekisang dibuka. Dibuka tse di ntseng jalo di ka thusa go tlhalosa dintlha tse di oketsegileng. Bana ba bangwe ba ka nna ba batla go ipalela dibuka tseno ka bobone. Mme ba bangwe ba ka itumela fa o ka bala dibuka tseno le bone.

Tlhopha lefelo le le didimetseng fa o simolola go tlotla le ene ka seno. Simolola ka kgang e e motlhofo e e malebana le go gola. Gongwe o ka nna wa re: “Ka letsatsi lengwe o tlile go diragalelwa ke sengwe se se tlwaelegileng se se diragalelang basetsana botlhe. A o itse gore ke eng?” Kgotsa mmè a ka nna a simolola a bua ka se se mo diragaletseng a re: “Fa ke ne ke lekana le wena, ke ne ka simolola go ipotsa gore go ntse jang go bona kgwedi. Nna le ditsala tsa me re ne re tle re bue ka gone kwa sekolong. A wena le ditsala tsa gago lo setse lo simolotse go bua ka gone?” Leka go bona gore ke eng se a setseng a se itse ka go bona kgwedi mme o tlhalose dilo dipe tse di ka tswang di se boammaaruri malebana le gone. Nna o lebeletse gore mo motlotlong wa lona wa ntlha, o ka nna wa tshwanelwa ke gore wena o bo o bua thata kgotsa e bo e le wena fela o buang.

E re ka o le mosadi yo o boneng ditlhobaelo le matshwenyego a go simolola go bona kgwedi, o ka nna wa dirisa maitemogelo a gago fa o ntse o tlotla ka kgang eno. Ke eng se o neng o tlhoka go se itse? O ne o batla go itse eng? Ke tshedimosetso efe e e neng ya go thusa? Leka go dira gore ngwana a nne le pono e e siameng ka dilo tse di mosola tse di malebana le go bona kgwedi le mathata a a amanang le gone. Iketleeletse go araba dipotso.

Ke Selo se se Tswelelang Pele

Go ruta ngwana ka go bona kgwedi e tshwanetse go tsewa e le selo se se tswelelang pele e seng kgang e go tlotliwang gangwe fela ka yone. Ga o tlhoke go tlhalosa dilo tsotlhe ka nako e le nngwe. A ka nna a se ka a kgona go tlhaloganya sengwe le sengwe fa o mo naya tshedimosetso e ntsi ka gone. Bana ba ithuta dilo kgato ka kgato. Mo godimo ga moo, go ka nna ga tlhokega gore o boeletse dilo tse lo buileng ka tsone ka dinako tse dingwe. Fa bana ba basetsana ba ntse ba gola, ba kgona go tlhaloganya dilo tse dingwe.

Selo se sengwe ke gore boikutlo jwa ngwana wa mosetsana malebana le go bona kgwedi bo a fetoga fa a ntse a gola. Fa ngwana wa gago a sena go nna le boitemogelo ka go bona kgwedi, go ka nna ga nna le dilo tse dingwe tse di mo tshwenyang e bile a na le dipotso tse di oketsegileng. Ka jalo, o tshwanetse wa tswelela o ntse o mo tlhalosetsa dilo tseo le go araba dipotso tsa gagwe. Tlhoma mogopolo mo go tlhaloseng dilo tse di ka tswang di le botlhokwa thata mo mothong wa dingwaga tsa gagwe, le kafa a kgonang go tlhaloganya ka teng.

Nna Wena o Simololang Pele go Bua ka Kgang Eno

Mme o tla dira eng fa e le gore ngwana wa gago o bonala a sa kgatlhegele kgang eno? E ka tswa e le gore ga a rate go bua ka dilo tsa gagwe tsa botho. Kgotsa gongwe o tlhoka fela nako ya gore a ikutlwe a gololesegile sentle go ka botsa dipotso tse di tshwanetseng. A ka nna a bo a bolela gore o setse a itse sengwe le sengwe se a tlhokang go se itse.

Mo patlisisong nngwe ya bana ba ba mo mophatong wa borataro kwa United States, bontsi jwa bana ba basetsana ba ne ba tsaya gore ba setse ba siametse nako ya go simolola go bona kgwedi. Le fa go ntse jalo, fa ba ntse ba botsolodiwa, go ne go bonala sentle gore ba ne ba sa itse go le kalo e bile go ne go bonala ba setse ba dumela dilo dingwe tse di seng boammaaruri ka kgang eno tse di theilweng mo dingwaong le mo ditlhamaneng. Ka jalo, le fa ngwana wa gago a ka re o setse a itse kaga go simolola go bona kgwedi, o sa ntse a tlhoka gore wena o bue le ene ka gone.

Ke wena motsadi yo o tla tshwanelwang ke gore o simolole metlotlo e mekhutshwane kaga go bona kgwedi le go tswelela ka one. Tota e bile, ke boikarabelo jwa gago jaaka motsadi. Le fa ngwana wa gago a ka tswa a dumela kgotsa a sa dumele gore o tlhoka thuso ya gago ka nako eo, o a e tlhoka. O ka nna wa ikutlwa o kgobega marapo kgotsa o sa kgone go tsweletsa motlotlo wa lona, mme o se ka wa itlhoboga. Nna pelotelele. Fa nako e ntse e tsamaya, ngwana wa gago o tla lemoga gore tota maiteko a o neng o a dira a ne a tla mo solegela molemo jang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Kwa Japane, palo ya malapa a a nang le borre fela e ile ya tlhatloga thata ka 2003. Kwa United States, malapa a a nang le borre fela ke lelapa le le 1 mo go a le 6.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

Go molemo go tlhalosetsa ngwana wa gago dilo pele ga a bona kgwedi lekgetlho la ntlha

[Lebokoso mo go tsebe 13]

KAFA O KA BUANG LE MORWADIO KA TENG KAGA GO BONA KGWEDI

Leka go utlwa gore ke eng se a setseng a se itse. Mmontshe dilo tse di seng boammaaruri. Tlhomamisa gore ka bobedi jwa lona lo na le tshedimosetso e e boammaaruri.

Mmolelele ka se se go diragaletseng. Fa o akanya le go bua ka dilo tse di go diragaletseng ka nako ya fa o ne o simolola go bona kgwedi, o ka kgona go mo ema nokeng.

Mo neye tshedimosetso e e ka mo thusang. Dipotso tse basetsanyana ba ratang go di botsa ke tse di jaaka: “Ke tla dira eng fa ke simolola go bona kgwedi ke le kwa sekolong?” “Ke tshwanetse go dirisa dilo tse di ntseng jang fa ke bona kgwedi?” “Ke tshwanetse go di dirisa jang?”

Mo tlhalosetse dilo ka tsela e e motlhofo. Dira gore dilo tse o di tlhalosang di tshwanele dingwaga tsa ngwana wa gago le tsela e a kgonang go tlhaloganya dilo ka yone.

Tswelela o ntse o mo ruta. Simolola go tlotla le ngwana wa gago pele ga a simolola go bona kgwedi, mme o bo o tswelele ka metlotlo e e ntseng jalo le e leng morago ga gore a bone kgwedi.

[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Leka go tlhaloganya ngwana wa gago. A ka tswa a sa batle go bua ka dilo tsa gagwe tsa botho