Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Tshela Lobaka lo Loleele go le Kae?

O ka Kgona go Tshela Lobaka lo Loleele go le Kae?

O ka Kgona go Tshela Lobaka lo Loleele go le Kae?

“A nama ya gagwe e shafale go gaisa le nako ya bosha, a a boele mo malatsing a matlhagatlhaga a bosha jwa gagwe.”—JOBE 33:25.

FA NTŠA e swa morago ga go tshela dingwaga di le 10 kgotsa di le 20, go ka direga gore e bo e dirile bontsi jwa dilo tse ntša e di dirang fa e sa ntse e tshela. E ka tswa e nnile le dintšanyana, e tle e lelekise dikatse, e epele marapo le go sireletsa mong wa yone. Mme fa motho a swa morago ga dingwaga di le 70 kgotsa di le 80, o a bo a ise a dire sepe se se kalo mo botshelong. Fa e le gore e ne e le motho yo o ratang metshameko, gongwe o ne a na le bokgoni mo go o le mongwe kgotsa e mebedi fela. Fa e le gore o ne a rata mmino, a ka tswa a ne a kgona go tshameka seletswa se le sengwe kgotsa di le pedi fela tsa mmino. Fa e le gore o ne a rata go bua le batho ka dipuo tsa bone, a ka tswa a ne a kgona go bua sentle dipuo di le pedi kgotsa di le tharo fela. Fa a ka bo a ile a kgona go tshela lobaka lo loleele, a ka bo a ile a itumelela go dira dilo di le dintsi thata—tse di jaaka go nna le ditsala tse disha, go ithuta dilo tse disha le go atamalana le Modimo.

O ka nna wa ipotsa wa re, ‘Ke ka ntlha yang fa Modimo a bopile motho a na le tlhaloganyo e e kgonang go itumelela dilo di le dintsi jaana mme a bo a dira gore a tshele lobaka lo lo khutshwane fela lo lo dirang gore a itumelele di sekaenyana fela?’ Lobaka lo lo khutshwane lo motho a lo tshelang ga go bonale lo tsamaisana le maikaelelo a popo a re a bonang mo dilong tsa tlholego. Gape o ka nna wa ipotsa wa re, ‘Ke ka ntlha yang fa Modimo a dirile motho a na le dinonofo tse di molemo jaana tse di jaaka go nna tshiamo le go nna kutlwelobotlhoko mme kafa letlhakoreng le lengwe a bo a dira gore a nne le tshekamelo ya go dira dilo tse di bosula?’

Fa o bona koloi e ntle mme go na le fa e khobetsegileng gone, a o tla fetsa ka go re koloi eo e dirilwe e ntse jalo? Nnyaa! Ga go pelaelo gore o tla re, ‘Koloi eno e ne e sa nna jaana kwa tshimologong. E tshwanetse ya bo e ne e siame mme moragonyana ya thulwa ke mongwe.’ Ka tsela e e tshwanang, fa re akanya ka mpho eno e e gakgamatsang ya botshelo, re ka konela ka gore ga e a nna ka tsela e go neng go ikaeletswe gore e nne ka yone kwa tshimologong. Botshelo jwa rona jo bo khutshwane le tshekamelo e re nang le yone ya go dira dilo tse di bosula e tshwana le go khobetsega ga koloi. Ga go pelaelo gore go na le mongwe yo o ileng a senya mpho eno e ntle ya botshelo. Ke mang ene yoo? Bosupi jwa Baebele bo a re bolelela gore ke mang motho yoo.

Fa e le gore batho ba simolotse ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri, ke mang yo o ka tswang a ile a senya tsholofelo eo e ba neng ba na le yone? E tshwanetse ya bo e le motho wa ntlha yo rotlhe re duleng mo go ene. Ke ene fela yo o dirileng gore go nne le bothata ka dijini tsa batho—e leng ditlogolwana tsa gagwe. Ka jalo, Lefoko la Modimo e leng Baebele le dumalana le bosupi jo batho ba kgonang go bo iponela ka matlho fa e re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [Adame, e leng motho wa ntlha] le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe.” (Baroma 5:12) Ka jalo, Dikwalo di senola gore Adame ke ene yo o neng a senya mpho eno ya botshelo e re e neilweng. Go ne go ikaeletswe gore botshelo jwa motho bo nne jang kwa tshimologong?

Go Tlhaloganya Gore Botshelo Bo ne Bo Tshwanetse go Nna Jang Kwa Tshimologong

Fa Baebele e re loso ‘lo ne lwa tsena mo lefatsheng,’ e raya gore kwa tshimologong, go ne go sa lebelelwa gore batho ba swe. Batho ba a tsofala ka ntlha ya gore motho wa ntlha o ne tsuologela Modimo. Kafa letlhakoreng le lengwe, diphologolo tsone di ne di sa bopelwa go tshelela ruri.—Genesise 3:21; 4:4; 9:3, 4.

Batho ba ne ba bopetswe gore ba se ka ba tshwana le diphologolo. Botshelo jwa rona ke jwa maemo a a kwa godimo go feta jwa diphologolo, fela jaaka jwa baengele e le jwa maemo a a kwa godimo go feta jwa rona. (Bahebera 2:7) Go farologana le diphologolo, motho o dirilwe “mo setshwanong sa Modimo.” (Genesise 1:27) Gape, go farologana le diphologolo, Baebele e bitsa Adame “morwa Modimo.” (Luke 3:38) Ka jalo, re na le mabaka a a utlwalang a a bontshang gore motho o ne a sa bopelwa go tsofala le go swa. Modimo ga a swe, e bile ga a bopela barwa ba gagwe gore ba swe.—Habakuke 1:12; Baroma 8:20, 21.

Dipego tsa hisitori ya dikokomana tsa ntlha tsa batho di re naya lesedi le le ntsinyana ka se Mmopi a neng a ikaeletse sone ka botshelo. Mo dinakong tseo tsa bogologolo, batho ba ne ba tshela makgolokgolo a dingwaga pele ba tsofala. Adame o tshetse dingwaga di le 930. Morago ga dikokomana di le mmalwa, morwa Noa e bong Sheme o ne a tshela dingwaga di le 600 fela, mme setlogolo sa ga Noa sone e bong Arepakeshade, o tshetse dingwaga di le 438. * (Genesise 5:5; 11:10-13) Moragonyana, Aborahame o ne a tshela dingwaga di le 175. (Genesise 25:7) Go bonala boleo bo ile jwa nna jwa ama botshelo jwa batho ka iketlo, bo dira gore bo ye bo ntse bo nna bokhutshwane fa batho ba ntse ba katogela kgakala le nako ya fa motho a ne a itekanetse. Mme kwa tshimologong, batho ba ne ba bopetswe go tshelela ruri. Ka jalo, ke ga tlholego fela gore motho a ipotse jaana, ‘A Modimo o sa ntse a batla gore batho ba itumelele botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng?’

Go Gololwa mo Botsofeng

E re ka Jehofa Modimo a ne a boletse gore ope fela yo o sa mo ikobeleng o ne a tla otlhaelwa seo ka loso, go ne ga lebega go se na tsholofelo epe ka ditlogolwana tsa ga Adame. (Genesise 2:17) Le fa go ntse jalo, Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di ne tsa tla ka tsholofelo ya gore go na le mongwe yo o neng a tla golola ditlogolwana tseno mo botsofeng. Re bala jaana: “Mo golole gore a se fologele mo kgatamping! Ke bone thekololo! A nama ya gagwe e shafale go gaisa le nako ya bosha, a a boele mo malatsing a matlhagatlhaga a bosha jwa gagwe.” (Jobe 33:24, 25; Isaia 53:4, 12) Baebele e re naya tsholofetso e e molemo tota fano—ya gore go na le mongwe yo o tla duelang thekololo ya go golola batho mo bothateng jwa go tsofala!

Ke mang yo o neng a ka duela thekololo eno? Eno ga se tlhwatlhwa e e ka duelwang ka madi. Baebele e bua jaana fa e bua ka batho ba ba sa itekanelang: “Ga go na le fa a le mongwe wa bone yo o ka gololang morwarraagwe, le fa e le go mo ntshetsa thekololo mo Modimong . . . gore a tshele ka bosaengkae.” (Pesalema 49:7-9) Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete ene o na le sengwe se se tlhwatlhwakgolo go feta madi. Fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a itekanetse ka gonne e re ka e le Morwa Modimo, o ne a ile a sirelediwa gore a se ka a rua boleo jwa ga Adame. Jesu o ne a re o ne a tlile “go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” Nako nngwe o ne a re: “Ke tlile gore ba tle ba nne le botshelo mme ba tle ba nne le jone ka letlotlo.”—Mathaio 20:28; Johane 10:10.

Setlhogo se segolo se Jesu a neng a rera ka sone e ne e le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Nako nngwe molatedi wa gagwe yo o ikanyegang e bong Petere o ne a mo raya a re: “O na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 6:68) Baebele e bua ka eng fa e bua ka botshelo jo bo sa khutleng?

Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba lebile pele go itumelela botshelo jo bo sa khutleng kwa legodimong ba le karolo ya Bogosi jo Jesu a tla busang mo go jone. (Luke 22:29; Johane 14:3) Le fa go ntse jalo, gantsi Jesu o ne a bua ka maikaelelo a Modimo ka lefatshe. (Mathaio 5:5; Luke 23:43; 6:10) Ka jalo, dikgakgamatso tsa ga Jesu le dithuto tsa gagwe ka botshelo jo bo sa khutleng di re tlhomamisetsa ditsholofetso tse Modimo a neng a di dira bogologolo ka moporofeti Isaia, yo o neng a kwala jaana: “Ruri o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.” (Isaia 25:8) Batho ga ba kitla ba tlhola ba tshela dingwaga di sekaenyana fela kgotsa go fitlha ba tsofala e bo e nna dikoa.

Mo lefatsheng le lesha la Modimo, fa batho ba ba ikanyegang ba tla bo ba itekanedisiwa gape, ga ba kitla ba tlhola ba tsofala. Baebele ya re: “Popo ka boyone le yone e tla gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” (Baroma 8:21) A ko o akanye fela ka seo! Batho ba tla gola ka botlhale le maitemogelo. Mme fa dingwaga di le makgolokgolo di ntse di kgabaganya, matlhagatlhaga a bone a bosha ga a kitla a fela. A o tla tshela go fitlha o bona tiragalo eo?

O Tla Tshela Lobaka lo lo Kae?

Go ya ka Jesu, lefatshe le tla bo le na le baagi ba bannye thata ka palo, ka ntlha ya letsatsi la Modimo la katlholo. (Mathaio 24:21, 22) Jesu o ile a re: “Tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; fa kgoro e e isang botshelong yone e le tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba le mmalwa.”—Mathaio 7:13, 14.

O tshwanetse go dira gore o amogelwe ke Modimo gore o nne mongwe wa batho ba ba tla ipelelang botshelo jo bo sa khutleng. O ka dira jalo ka go dira gore o nne le kitso ka Modimo. Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri.” (Johane 17:3) Eleruri, motho o tshwanetse go dira maiteko gore a nne le kitso ka Modimo, mme ao e tla bo e se matsapa a bophiri. Ka tsela e e tshwanang, motho o tshwanetse go dira maiteko a go bona madi gore a nne le dijo tsa letsatsi le letsatsi. Jesu o ne a kgothatsa jaana fa a ne a dira setshwantsho go bontsha gore go nna le kitso ka Modimo go tshwana le dijo: “Lo se ka lwa direla dijo tse di nyelelang, mme lo direle dijo tse di nnang go ya botshelong jo bo sa khutleng.” (Johane 6:27) Go botlhokwa e le tota gore o dire maiteko a go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Mathaio 16:26.

Jesu o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Ka jalo, gore o tla tshela lobaka lo lo kae, go ikaegile ka gore o itshwara jang malebana le lorato lo Modimo a go bontshang lone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Bangwe ba gatelela gore palo ya dingwaga tse di umakiwang mo pegong eno ya Baebele tota ga se dingwaga, mme ke dikgwedi. Le fa go ntse jalo, ditemana tseno di bontsha gore Arepakeshade o ne a na le dingwaga di le 35 fa a tshola Shela. Fa e le gore go tsewa gore dingwaga tseno e ne e le dikgwedi di le 35, seno se tla bo se raya gore Arepakeshade o nnile le ngwana pele a tshwara dingwaga di le tharo—e leng selo se se ka se kang sa kgonega. Mo godimo ga moo, dikgaolo tsa ntlha tsa Genesise di dira pharologanyo fa gare ga dingwaga tsa modikologo wa letsatsi le dikgwedi tsa modikologo wa ngwedi.—Genesise 1:14-16; 7:11.

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

Morago ga dingwaga di le 80, motho o a bo a ise a dire sepe se se kalo mo botshelong

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Boleng jwa botshelo jwa batho bo kwa godimo thata go gaisa jwa diphologolo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

A koloi eno e dirilwe e khobetsegile jaana?

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Lefoko la Modimo la re batho ba tla boela ‘mo malatsing a bosha jwa bone’