Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Diperesente di le 60 tsa bana ba kwa Brazil ba bola meno fa ba na le dingwaga di le tharo. Lengwe la mabaka ke gore ga ba tlhapisiwe legano sentle fa ba sena go lala ba nwa sengwe se se botshe bosigo jotlhe.—FOLHA ONLINE, kwa BRAZIL.

Kwatara ya bana ba ba tsholwang kwa United States ba tsholwa ka karo. Kwa New York City, palo ya bone e feta ya 1980 ga tlhano. Lengwe la mabaka ke gore fa go dirisiwa mokgwa ono go nna motlhofo go rulaganya gore ba tlile go belega leng, mme dikotsi tsa go dira karo eo go sa tlhokege di “dintsi thata.”—THE NEW YORK TIMES, kwa U.S.A.

Mo dingwageng di le 100 tse di fetileng, mogote kwa Mexico City o ile wa tlhatloga ka di dikirii di ka nna 4 tsa Celsius fa go bapisiwa le wa lefatshe lotlhe o o tlhatlogileng ka 0,6 fela. Baitse bangwe ba re seno se bakilwe ke go senngwa ga dikgwa le go tlhabololwa ga mafelo mangwe gore e nne ditoropo.—EL UNIVERSAL, kwa MEXICO.

Go feta halofo ya batho ba ba nyalanang kwa United States ba a bo ba setse ba ntse ba nna mmogo. Batho bano go ka direga thata gore ba tlhalane go feta ba ba ntseng ba sa nne mmogo pele ga lenyalo.—PSYCHOLOGY TODAY, kwa U.S.A.

Mekgwa e e Serang Thata mo Tirong

“Go buela kwa godimo mo founong, [go dirisa] founo e e nang le sebuelagodimo le go tlhola o ngongoregetse ruri ka tiro e ntsi ke dilo tsa ntlha mo lenaaneng tse badiri ka rona ba di dirang tse di serang thata,” go bega jalo Washington Post. Dilo tse dingwe tse di galefisang ba re berekang le bone ke “go itira digongwana ga badiri mo tirong, go tla thari mo tirong, go bua o le nosi, gore e re o ntse o le mo ofising ya gago o bo o bua le motho yo o mo ofising e e fa thoko ga ya gago, go se nne phepa mo mmeleng le go tlhafuna dijo o butse molomo.” Dilo tseno gape di dira gore go se ka ga fitlhelelwa go le gontsi mo tirong. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ba neng ba kopanela mo patlisisong eno ba ne ba tlhalosa gore ga ba ise ba ko ba bue le batho bano ba ba dirang dilo tse di serang. “Mme le ka lebaka le le utlwalang,” go rialo lekwalodikgang leno. “Go ka direga gore le bone ba dira tsone dilo tseo.”

Go Nna Batho ba Bantsi Thata Jaanong mo Ditoropong

“Mo dingwageng di le pedi tse di tlang, halofo ya baagi botlhe ba lefatshe e tla bo e nna mo ditoropong,” go tlhalosa jalo CBC News. Go ya ka pego ya United Nations, United States e na le palo e e kwa godimo thata ya batho ba ba nnang mo ditoropong. Ka gonne koo batho ba le 9 mo go bangwe le bangwe ba le 10 ba nna mo ditoropong. Mo dingwageng di le 55 fela tse di fetileng, New York le Tokyo e ne e le tsone fela ditoropo tse pedi tse di nang le batho ba le dimilione di le 10 kgotsa go feta ba ba nnang mo ditoropong. Gompieno, palo eo e tlhatlogetse go ditoropo di le 20 tse di nang le batho ba feta dimilione di le 10, go akaretsa le Jakarta, Mexico City, Mumbai le São Paulo. Mokwaledi kakaretso wa United Nations e bong Kofi Annan o bolela jaana: “Kgolo e kana kana e tla thoka gore go dirwe diphetogo tse di seng kana ka sepe mo ikonoming le mo setšhabeng mo dinageng di le dintsi.”

Go Gana go ya Bosoleng ka Ntlha ya Segakolodi

Komiti ya Bosetšhaba ya Ditshwanelo Tsa Botho ya kwa Repaboliking ya Korea ya re ga go na ope yo o tshwanetseng go tseelwa tshwanelo ya gagwe ya go gana go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi sa gagwe. Komiti eno e ne ya akantsha gore go tshwanetse ga bontshiwa gore go tlotlwa tshiamelo eno ka gore go tlholwe ditiro tse dingwe tse batho ba ba sa batleng go tsenela bosole ba ka di dirang ba di direla setšhaba. The Korea Times ya re kakantsho eno, “e ne e thulana” le tshwetso nngwe e e neng ya dirwa bosheng jaana ke Kgotlatshekelo ya Molaomotheo, e e neng e tshegetsa molao o o latelwang ga jaana malebana le bosole, o o reng ga go na ope yo o ka letlwang go gana bosole ka ntlha ya mabaka a segakolodi. Kgotlatshekelokgolo e tlhalositse gore komiti e e tlhomang melao ke yone e e tshwanetseng go tlhokomela gore tshwanelo eno e a tlotlwa mo molaong, e seng dikgotlatshekelo. Ngwaga le ngwaga, makawana a ka nna 500 go ya go 700 a Basupi ba ga Jehofa ba isiwa kgolegelong kwa Repaboliking ya Korea ka ntlha ya go gana go ya bosoleng. Mo dingwageng tse di fetileng Basupi ba ka nna 10 000 ba ile ba isiwa kgolegelong ka lone lebaka leno.