Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Hisitori e e Tletseng ka Tshololo ya Madi

Hisitori e e Tletseng ka Tshololo ya Madi

MO DINGWAGENG di le mmalwa tse di fetileng, go ne go lebega borukhutlhi bo direga mo mafelong a a rileng fela, a a jaaka kwa Northern Ireland, Basque Country e e kwa bokone jwa Spain, le kwa mafelong mangwe a Botlhabagare. Jaanong—segolobogolo fa e sa le ka September 11, 2001, fa go ne go senngwa Twin Towers kwa New York—borukhutlhi bo ile jwa anamela ka bonako mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, tota le kwa setlhaketlhakeng se sentle sa Bali; kwa Madrid, Spain; London kwa Engelane; Sri Lanka; Thailand; le kwa Nepal. Le fa go ntse jalo, borukhutlhi ga se selo se se simolotseng maabane. Lefoko leno “borukhutlhi” le kaya eng?

Borukhutlhi bo tlhalosiwa e le “mokgwa o o seng kafa molaong wa gore motho kgotsa mokgatlho mongwe o dirise dikgoka kgotsa bothubaki go tshosetsa batho kgotsa naga ka boikaelelo jwa go patelela batho kgotsa dipuso go dira sengwe, gantsi e le ka mabaka a sepolotiki.” (The American Heritage Dictionary of the English Language) Le fa go ntse jalo, mokwadi mongwe e bong Jessica Stern o bolela jaana: “Motho yo o dirang dipatlisiso ka kgang eno ya borukhutlhi o tsamaya a kopana le ditsela tse dintsintsi tsa go bo tlhalosa . . . Mme go na le dilo tse pedi tse di botlhokwa tse borukhutlhi bo farologanngwang le ditiro tse dingwe tsa bothubaki ka tsone.” Ke dife? “Ya ntlha, borukhutlhi ke go tlhaselwa thata ga batho ba ba se nang molato. . . . Sa bobedi, dirukhutlhi di dirisa bothubaki jo bo tsitlisang marapo: mo go tsone, go tsenya batho poifo go botlhokwa thata go na le ditlamorago tsa ditiro tsa bone. Go tsenya batho poifo ka boomo ka mokgwa ono ke gone go go farologanyang borukhutlhi le go bolawa ga batho kgotsa go tlhasela batho.”

Bothubaki Jono ga bo Bolo go Nna bo le Teng

Kwa Judea wa lekgolo la ntlha la dingwaga, setlhopha sengwe se se ratang bothubaki sa Batlhagafadi se ne se lwela go gololesega mo pusong ya Roma. Bangwe mo setlhopheng seno ba ba neng ba tlhoafetse thata ba ne ba simolola go bidiwa Sicarii, kgotsa boradithipa, e leng leina le ba neng ba le newa ka ntlha ya ditšhaka tse dinnye tse ba neng ba di fitlha kafa teng ga diaparo tsa bone. Ba-Sicarri bano ba ne ba rata go ya kwa Jerusalema kwa meletlong e go neng go tletse batho mo go yone ba bo ba fitlha ba kgaola baba ba bone dikgokgotsho ka dithipa tseno kgotsa ba ba tlhaba ka tsone kafa mokwatleng. *

Ka 66 C.E., setlhopha seno sa Batlhagafadi se ne sa gapa kago ya phemelo ya Masada gaufi le Lewatle le le Suleng. Ba ne ba kgemetha mophato wa tshireletso wa Roma ka dithipa tseno ba bo ba gapa kago ya bone ya phemelo gore e nne boremelelo jwa bone. Ba ne ba fetsa dingwaga di le dintsi ba tlhasela go tswa mo lefelong leo le go tshwenya balaodi ba puso. Ka 73 C.E., Mophato wa Bolesome wa Roma o o neng o eteletswe pele ke Molaodi Flavius Silva o ne wa boa wa gapa Masada, mme ba ne ba se ka ba kgona go fenya setlhopha seno sa Batlhagafadi. Raditiragalo mongwe wa nako eo o bolela gore go na le gore banna ba le 960 ba ineele mo pusong ya Roma—mongwe le mongwe mo go bone o ne a ipolaya mme ga sala basadi ba babedi fela le bana ba le batlhano.

Bangwe ba leba botsuolodi jwa setlhopha seno sa Batlhagafadi e le tshimologo ya borukhutlhi go ya kafa re bo itseng ka teng gompieno. Le fa seno se ka tswa se le boammaaruri kgotsa se se boammaaruri, go simolola ka nako eo, borukhutlhi bo ile jwa ama lefatshe lotlhe ka tsela e e maswe tota.

Borukhutlhi jo bo Simologileng mo Dikerekeng Tse di Ipitsang Tsa Bokeresete

Go simolola ka 1095 go ya go fitlha ka dingwaga di le makgolo a mabedi morago ga moo, masole a batlhabanelatumelo a a neng a ipitsa Bakeresete a ne a nna a ntse a kgarakgatshega fa gare ga Yuropa le Botlhabagare. Ba ne ba lwantshiwa ke masole a Bamoseleme a a tswang kwa Asia le Afrika Bokone. Go ne go lwelwa Jerusalema, mme bangwe le bangwe ba leka go dirisa ka botlalo tshono e ba e bonang. Mo dintweng tse dintsi tse ba di loleng, masole ao a go tweng ke “batlhabani ba ba boitshepo” a ne a kgemethana ka ditšhaka. Gape ba ne ba gobatsa le batho fela ba ba se nang molato ka ditšhaka le ka dilepe tse ba neng ba lwa ka tsone. Willim wa kwa Ture, moruti wa lekgolo la bo12 la dingwaga, o ne a tlhalosa tsela e batlhabanelatumelo bano ba tseneng ka yone mo Jerusalema ka ngwaga wa 1099.

“Ba ne ba tletse mo mebileng ba tshotse ditšhaka le marumo. Ba ne ba kgemetha mongwe le mongwe yo ba kopanang le ene, banna, basadi le bana, ba sa rekegele ope. . . . Ba ne ba kgemetha batho ba le bantsi tota mo mebileng moo go neng ga sala go tletse mekowa ya ditopo. Batho ba ne ba tlola ditopo fela mo mebileng fa ba ntse ba tsamaya. . . . Go ne ga tshologa madi a a seng kana ka sepe mo e leng gore mesele e e fa thoko ga tsela e ne e tletse madi, mme mebila yotlhe ya toropo e ne e tletse batho ba ba suleng.” *

Makgolo a dingwaga moragonyana, dirukhutlhi di ne tsa simolola go dirisa dibomo le ditlhobolo ka diphelelo tse di maswe tota.

Go ne Ga Swa Dimilione Tsa Batho

Borahisitori ba tsaya June 28, 1914, e le nako ya diphetogo mo hisitoring ya Yuropa. Lekawana lengwe, le bangwe ba le tsayang e le mogale, o ne a hula motho yo o neng a tshwanetse go nna motlhatlhami mo setulong sa bogosi sa Austria, e bong Archduke Francis Ferdinand. Tiragalo eo e ne ya gogela lefatshe mo Ntweng ya Lefatshe I. Ntwa eno e kgolo e ne ya khutla fa go sena go swa batho ba le dimilione di le 20.

Ka June 28, 1914, lefatshe le ne la thabuela mo ntweng

Ntwa ya Lefatshe I e ne ya latelwa ke Ntwa ya Lefatshe II, e mo go yone batho ba neng ba tsenngwa mo dikampeng tsa pogisetso, go bolawa ba ba se nang molato ka go tlhaselwa ka dibomo, ga ba ga nna le ditiro tsa go ipusolosetsa ka go bolaya batho ba ba se nang molato. Le fa ntwa e sena go fela, batho bone ba ne ba ntse ba bolawa. Go ne ga bolawa batho ba ba fetang milione kwa Cambodia ka dingwaga tsa bo1970. Mme batho ba kwa Rwanda bone ba sa ntse ba utlwa manokonoko a go gailwa ga batho ba ba fetang 800 000 ka dingwaga tsa bo1990.

Go tloga ka 1914 go fitlha mo motlheng wa rona, batho ba ntse ba itshoketse ditiro tsa borukhutlhi mo dinageng di le dintsi. Le fa go ntse jalo, batho bangwe gompieno ba dira jaaka e kete ga ba kgone go ithuta sepe sa botlhokwa go tswa mo hisitoring. Ka metlha, ditiro tsa borukhutlhi di bolaya makgolokgolo a batho, di golafatsa diketekete le go amoga batho tshwanelo e ba nang le yone ya go nna ba ritibetse mo maikutlong le go ikutlwa ba sireletsegile. Go thuntshiwa dibomo mo marekelong a magolo, metse e jewa ka molelo, basadi ba a betelelwa, bana ba gapiwa ka dikgoka e bile batho ba a bolawa. Go sa kgathalasege melao le go kgalwa ga ditiro tseno lefatshe ka bophara, bosetlhogo jono ga bo fele. A go na le tsholofelo epe ya gore borukhutlhi bo tla fela?

^ ser. 5 Jaaka go umakilwe mo go Ditiro 21:38, molaodi wa sesole sa Roma o ne a pega Paulo ditatofatso tsa maaka tsa gore e ne e le moeteledipele wa “banna ba dithipa tse di magalemabedi” ba ba 4 000.

^ ser. 10 Jesu o ne a ruta barutwa gore ba ‘rate baba ba bone,’ e seng go ba ila le go ba bolaya.—Mathaio 5:43-45.