Nka Laola Jang Tsela e ke Dirisang Madi ka Yone?
Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka Laola Jang Tsela e ke Dirisang Madi ka Yone?
“Gantsi ke iphitlhela ke dira dithulaganyo tsa go reka sengwe se tota ke sa se tlhokeng mme e bile e le sengwe se nka se kgoneng go se reka mme ke se batla fela ka go bo se rekisiwa ka theko e e kwa tlase.”—Anna, * Brazil.
“Ka dinako tse dingwe ditsala tsa me di ntaletsa go ya go itlosa bodutu le tsone, mme re bo re tshwanelwa ke go duela madi a mantsi go dira dilo tse ba reng re di dire. Ke rata go tsamaya le ditsala tsa me le go itumela le bone. Ga go na ope yo o batlang go re ‘Intshwareleng, ga ke na madi a go tsamaya le lona.’”—Joan, Australia.
A GO bonala o se nke o nna le madi a a lekaneng a o ka a dirisang? Fa madi a o a fiwang a ka bo a le mantsinyana, o ka bo o kgona go reka dilwana tsa metshameko tse o di batlang. Fa madi a o a amogelang a ka bo a le mantsinyana, o ka bo o reka ditlhako tse o di “tlhokang thata” tsele. Le fa go ntse jalo, go na le gore o itshwenye ka madi a o se nang one, ke eng o sa ithute go laola madi a o nang le one?
Fa o le mosha yo o nnang le batsadi ba gago, o ka leta go fitlha o tswa mo gae mme e bo e nna gone o ithutang go laola tsela e o dirisang madi ka yone. Mme seo se tla tshwana le fa o ka tlola go tswa mo sefofaneng o sa ithute pele gore pharatshutu e dirisiwa jang. Gone ke boammaaruri gore go ka direga gore motho a lemoge gore o tshwanetse go dira eng fa a ntse a fologela kwa tlase. Le fa go ntse jalo, a go ne go se kitla go nna botoka gore a ithute pele ditsela tsa konokono tsa go dirisa pharatshutu pele ga a tlolela kwa tlase!
Ka tsela e e tshwanang, nako e e molemolemo e o ka ithutang go laola tsela e o dirisang madi ka yone ke pele ga o lebana le bothata jwa mmatota jwa tsa madi. Kgosi e e botlhale e bong Solomone o ne a re: ‘Madi ke tshireletso.’ (Moreri 7:12) Mme a tla go sireletsa fa fela o ithuta kafa o ka laolang tsela e o a dirisang ka yone. Go dira jalo go tla go thusa gore o itshepe e bile go tla dira gore batsadi ba gago ba go tlotle le go feta.
Ithute Ditsela Tsa go Laola Madi
A o kile wa kopa batsadi ba gago gore ba go tlhalosetse gore go tlhokomela lelapa go akaretsa eng? Ka sekai, a o itse gore go
ja bokae go duelela motlakase le metsi kgwedi le kgwedi le gore go ja bokae go tlhokomela koloi, go reka dijo le go duela rente kgotsa madi a o a adimileng a o rekileng ntlo ka one? O ka tswa o akanya gore go utlwa dilo tseo tsotlhe go ka go lapisa. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore le wena o na le seabe mo go direng gore ba nne le ditshenyegelo tse ba nang le tsone. Mo godimo ga moo, fa o tswa mo gae, o tla tshwanelwa ke gore o simolole go ituelela ditshenyegelo tseno. Ka jalo, go ka go thusa fa o ka itse gone jaanong gore dilo tseno tsotlhe di ja madi a kana kang. Kopa batsadi ba gago gore ba go bontshe dingwe tsa dipampitshana tse di supang dikoloto tsa bone mme o reetse ka kelotlhoko fa ba ntse ba tlhalosa kafa ba lekanyetsang ka teng madi a go di duelela.Seane sengwe sa Baebele sa re: “Motho yo o botlhale o tla reetsa mme a amogele thuto e e oketsegileng, mme motho yo o nang le tlhaloganyo ke yo o bapalang kaelo e e botswerere.” (Diane 1:5) Anna, yo o umakilweng pelenyana a re, “Rre o ne a nthuta gore ke dire tekanyetso ya madi a ke tla a dirisang mme o ne a mpontsha kafa go leng botlhokwa ka teng go nna le thulaganyo ya go laola tsela e madi a lelapa a dirisiwang ka yone. Mmaagwe Anna ene o ne a mo ruta dilo tse dingwe tse di molemo. Anna a re: “O ne a mpontsha botlhokwa jwa go bapisa ditlhwatlhwa tsa dilo pele ga ke reka.” Mme a oketsa ka go re: “Mmè o ne a tle a kgone go dira dilo tse dintsi ka madinyana a mannye.” Seno se ile sa solegela Anna molemo jang? A re: “Gone jaanong ke kgona go dirisa madi a me sentle. Ke laola ka kelotlhoko madi a ke a dirisang, ka gone ke ritibetse mogopolo ka ntlha ya go tila dikoloto tse di sa tlhokegeng.”
Lemoga Dikgwetlho Tsa Gone
Go motlhofo go bua kaga go laola tsela e o dirisang madi ka yone mme go boima go dira jalo, segolobogolo fa e le gore o nna kwa gae mme o fiwa madi a a rileng kgotsa o na le madi a o a amogelang kwa tirong. Ka ntlha yang? Ka gonne gongwe ke batsadi ba gago ba ba duelang bontsi jwa dikoloto. Ka jalo o ka tswa o na le madi a le mantsi a o ka a dirisang fela jaaka o rata. Mme go monate go nna le madi a o ka a dirisang. Lekawana lengwe la kwa India e bong Paresh la re: “Go motlhofo go dirisa madi e bile go monate go a dirisa.” Sarah wa kwa Australia le ene o ikutlwa jalo. A re: “Ke rata go reka dilo.”
Mo godimo ga moo o ka nna wa gatelelwa ke balekane gore o dirise madi a le mantsi go feta kafa go tlhokegang ka gone. Ellena, wa dingwaga di le 21 a re: “Go reka ke nngwe ya dilo tse dikgolo tse ditsala tsa me di itlosang bodutu yone. Fa ke intshitse le bone, go bonala ba ipeetse molao wa gore motho o tshwanetse go dirisa madi fa e le gore o batla go itumela.”
Ke ga tlholego fela gore o batle go amogelwa ke ditsala tsa gago. Mme ipotse jaana, ‘A ke dirisa madi fa ke na le ditsala tsa me fela ka go bo ke na le one kgotsa a ke ka go bo ke akanya gore ke tshwanetse go a dirisa?’ Batho ba le bantsi ba dirisa madi ka go bo ba batla go itirela leina mo ditsaleng tsa bone le mo bathong ba ba tlwaelaneng le bone. Go dira jalo go ka go tsenya mo dikolotong tse dikgolo, segolobogolo fa e le gore o na le karata ya go reka ka sekoloto. Mogakolodi wa tsa madi e bong Suze Orman o tlhagisa jaana: “Fa o ikutlwa gore o batla go kgatlha batho ka dilo tse o nang le tsone go na le gore o dire gore ba go rate ka ntlha ya se o leng sone, o mo kotsing e kgolo ya go dirisa karata ya gago ya go reka ka sekoloto ka tsela e e sa siamang.”
Go na le gore o dirise karata ya gago ya go reka ka sekoloto ka tsela e e feteletseng kgotsa go dirisa madi otlhe fela ka letsatsi le lengwe fela a o a amogetseng, ke eng o sa leke se Ellena a ileng a se dira? A re: “Fa ke intsha le ditsala, ke rulaganya e sa le pele le go lekanyetsa gore ke tlile go dirisa bokae. Madi a ke a amogelang a ya ka tlhamalalo kwa bankeng Diane 13:20.
mme ke ntsha fela a ke tla a tlhokang ka letsatsi leo. Mme gape ke fitlhela go le botlhale gore ke ye go reka fela le ditsala tsa me tse ke itseng gore di kelotlhoko malebana le kafa di dirisang madi a tsone ka teng mme e bile e le batho ba ba tla nkgothaletsang gore ke bapise pele ditlhwatlhwa mme ke se ka ka reka fela se ke se bonang.”—Ithute Sengwe fa Batsadi ba Gago ba re Nnyaa
Tota le fa o sa fiwe madi a o ka a dirisang kgotsa o sa amogele madi kwa tirong, o sa ntse o ka ithuta go le gontsi ka madi fa o sa ntse o le kwa gae. Ka sekai, fa o kopa batsadi ba gago madi kgotsa o ba kopa gore ba go rekele sengwe, ba ka nna ba gana. Ka ntlha yang? Lebaka le lengwe e ka tswa e le gore dilo tse o di batlang di ja madi a mantsi go feta madi a a lekanyeditsweng a go duelela ditshenyegelo tsa lelapa. Fa batsadi ba gago ba sa dumele kopo ya gago—le fa gone ba ne ba ka rata—ba a bo ba go tlhomela sekao se se molemo sa go kgona go ikgapa. Mme go botlhokwa gore o kgone go ikgapa gore o tle o kgone go laola tsela e o dirisang madi ka yone.
A re re batsadi ba gago ba kgona go go rekela se o se batlang. Le fa go ka tswa go ntse jalo, ba sa ntse ba ka nna ba gana. O ka tswa o akanya gore ke bongame fela. Mme akanya ka seno: Ba ka tswa ba batla go go ruta thuto e e botlhokwa ya gore boitumelo jwa gago ga bo a ikaega ka go nna le sengwe le sengwe se o se batlang. Baebele e bolela jaana malebana le seno: “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno.”—Moreri 5:10.
Boammaaruri jwa mafoko ao bo bonwa ka se se diragaletseng basha ba le bantsi ba batsadi ba bone ba ba rekelang sengwe le sengwe se ba se batlang. Go ise go ye kae, basha ba ba ntseng jalo ba a lemoga gore ga ba ke ba kgotsofala. Le fa ba ka tswa ba na le dilo tse dintsi jang, ka metlha ba ikutlwa gore ba tlhoka se sengwe gape go oketsa tse ba setseng ba na le tsone. Fa nako e ntse e tsamaya, basha ba ba fiwang sengwe le sengwe se ba se batlang, ba nna bagolo ba ba sa anaaneleng sepe. Solomone o ne a tlhagisa jaana: “Fa motho a tlekeetsa motlhanka wa gagwe [kgotsa ngwana] go simolola mo bosheng go ya pele, moragonyana mo botshelong jwa gagwe o tla nna yo o sa lebogeng.”—Diane 29:21.
Madi ke Nako
Ditso dingwe tsone di a re, Nako ke Madi. Seno se gatelela gore batho ba tshwanetse go dirisa nako ya bone gore ba tle ba nne le madi mme go senya nako ke go senya madi. Mme mafoko a a reng madi ke nako le one a boammaaruri. Fa o senya ka madi, tota o a bo o senya ka nako e o e dirisitseng go bona madi ao. Ithute kafa o ka laolang tsela e o dirisang madi ka yone mme fa o dira jalo, o tla bo o ithuta kafa o ka dirisang nako ya gago ka teng. O ka dira seo jang?
Akanya ka se Ellena a se buileng. A re: “Fa ke laola selekanyo sa madi a ke a dirisang, ke a bo ke laola madi a ke a amogetseng. Ka go itirela thulaganyo ya gore ke tla dirisa bokae mme ke bo ke e ngaparela, ga ke tlhoke go bereka diura tse di leele gore ke duelele dikoloto tsa me. Ke kgona go laola nako le botshelo jwa me botoka.” A le wena o ka se rate go kgona go laola botshelo jwa gago ka tsela eo?
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 3 Maina a fetotswe.
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
▪ A go thata gore o laole tsela e o dirisang madi ka yone? Ka ntlha yang?
▪ Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tila go rata madi?—1 Timotheo 6:9, 10.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]
A GO NNA LE MADI A A OKETSEGILENG GO TLA RARABOLOLA MATHATA A TSA MADI?
A go nna le madi a a oketsegileng ke gone fela go go ka go thusang go rarabolola mathata a gago a go laola tsela e o dirisang madi ka yone? Mogakolodi wa tsa madi e bong Suze Orman a re: “Rotlhe re akanya gore fa fela re ka amogela madi a a oketsegileng, go tla re thusa ka mathata a rona a tsa madi, mme gantsi ga go a nna jalo.”
Ka sekai: Fa e le gore o ne o kgweetsa koloi mme o sa e laole sentle kgotsa o rata go kgweetsa o tswetse matlho a gago, a go tshela peterolo e e oketsegileng go ne go tla dira gore o ikutlwe o babalesegile? A go ne go ka dira gore o fitlhe kwa o yang teng o babalesegile? Ka tsela e e tshwanang, fa o sa kgone go ithuta go laola tsela e o dirisang madi ka yone, go amogela madi a a oketsegileng go ka se ka ga tokafatsa seemo sa gago.
[Lebokoso/Tšhate mo go tsebe 13]
LAOLA TSELA E O DIRISANG MADI KA YONE
O dirisitse madi a le kana kang mo kgweding e e fetileng? O ile wa a dirisetsa eng? A ga o kgone go tlhalosa? O ka dirisa dikakantsho tse di latelang go go thusa go laola tsela e o dirisang madi ka yone pele madi e nna one a a go laolang.
▪ Boloka rekoto. Mo kgweding, kwala madi otlhe a a tsenang le letlha le o a amogetseng ka lone. Kwala sengwe le sengwe se o se rekang le gore o se rekile bokae. Fa kgwedi e fela, kopanya madi otlhe a a tseneng le gore o dirisitse bokae.
▪ Kwala Gore o Tlile go Dirisa Madi Jang. Mo pampiring e e sa kwalwang sepe, dira dikholomo di le tharo. Mo kholomong ya ntlha, kwala madi otlhe a o lebeletseng go a amogela mo kgweding eo. Mo kholomong ya bobedi, kwala tsela e o batlang go dirisa madi a gago ka yone; dirisa lenaane le o le kwadileng gore e nne lone le go kaelang. Fa kgwedi e ntse e tsamaya, kwala mo teng ga kholomo ya boraro madi otlhe a o a dirisang mo go sengwe le sengwe se o neng o ikaeletse go dirisa madi ao mo go sone. Mo godimo ga moo, kwala madi otlhe a o a dirisitseng mo dilong tse o neng o sa ikaelela go a dirisa mo go tsone.
▪ Fetofetola Thulaganyo ya Gago. Fa e le gore o dirisa madi a a oketsegileng go na le kafa o neng o ikaeletse ka teng mo dilong dingwe mme o iphitlhela o nna le dikoloto, fetola thulaganyo ya gago. Duela dikoloto tsa gago. Tswelela o ntse o laola tsela e o dirisang madi ka yone.
[Tšhate]
Sega tsebe eno mme o e dirise!
Tekanyetso Ya me Ya Madi Kgwedi le Kgwedi
Madi a a tsenang Tekanyetso ya ditshenyegelo Madi a ke a dirisitseng
Madi a ke a amogelang dijo
tiro ya nakwana diaparo
dilo tse dingwe founo
boitlosobodutu
meneelo
madi a ke a bankang
dilo tse dingwe
Palogotlhe Palogotlhe Palogotlhe
R R R
[Setshwantsho]
Gakologelwa, fa o senya madi, o tla bo o senya le nako e o e dirisitseng go nna le one
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Ke eng o sa kope batsadi ba gago gore ba go bontshe kafa o ka lekanyetsang go dirisa madi ka gone?