Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lenyalo le ka Kgona go Emelana le Difefo?

A Lenyalo le ka Kgona go Emelana le Difefo?

A Lenyalo le ka Kgona go Emelana le Difefo?

“Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—MATHAIO 19:6.

MAGAE a a neng a lebega a itsetsepetse a ne a garimela mme a sala e le matlotla fela. Fa difefo tse di boitshegang di ne di tlhasela mafelo mangwe a magolo mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe bosheng jaana, go ne ga bonala sentle gore dikago di le dintsi tota e ne e le tsa boleng jo bo ntseng jang.

Go na le sefefo sa mofuta mongwe se se tlhatlhamololang thulaganyo e e sa bolong go nna teng ya lenyalo. Mokwadi wa hisitori ya lelapa e bong Stephanie Coontz, o tlhalosa jaana: “Go sa kgathalasege gore manyalo a feleletsa a le mo boemong jo bo ntseng jang, otlhe a ile a amega ka tsela nngwe.”

A o kgona o bona seo mo manyalong mangwe? A o akanya gore lenyalo ga le tlhole le tlotlega mo setšhabeng? Fa e le gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa seno se direga? Mme a go na le tsholofelo ya gore motho a ka kgona go boloka lenyalo la gagwe le itumetse? Sa ntlha, ke eng se se tsenyang lenyalo mo kotsing?

Lenyalo le a Tlhaselwa

Go tlhaselwa ga lenyalo ga go simologe bosheng jaana; go sa le go simolola go tloga fela kwa tshimologong ya hisitori ya batho. Dinonofo le maikutlo a batsadi ba rona ba ntlha ba ileng ba nna le one di dirile gore lenyalo le nne le mathata a re a bonang gompieno. Adame le Efa ba ile ba leofa fa ba ne ba ineelela go laolwa ke dikeletso tsa bopelotshetlha, mme ka jalo “boleo . . . jwa tsena mo lefatsheng.” (Baroma 5:12) Pego ya hisitori ya Baebele e bontsha gore ka bonako fela morago ga moo, “nngwe le nngwe ya dikakanyo tsa pelo [ya motho] e ne e le bosula fela ka dinako tsotlhe.”—Genesise 6:5.

Dilo ga di a fetoga go le kalo fa e sa le ka nako eo. Nngwe ya ditshekamelo tseno tse di senyang lenyalo ke go gagamalela go kgotsofatsa dikeletso tsa bopelotshetlha. Mo bathong bangwe, lenyalo le ka lebega e le selo se se siilweng ke nako, se se sa tlholeng se kgonega mo lefatsheng la gompieno le le nang le tlhotlheletso e kgolo ya se go tweng ke boitsholo jo bosha. Mme go repisiwa ga melao e e laolang ditlhalo go dirile gore go tlhalana e se ka ya tlhola e nna selo se se tlhabisang ditlhong.

Batho ba ba mafega, ba ba batlang go bona se ba se batlang ka nako e ba se batlang ka yone le go nna bonako go kgotsofatsa dikeletso tsa bone ga ba akanye sepe ka ditlamorago tsa go tlhala. E re ka ba tsiediwa ke go akanya gore ba tlile go bona kgololesego, ba akanya gore go tlhala go tla ba tlisetsa boitumelo.

Ba bangwe fa ba lebane le mathata a magolo mo lenyalong la bone ba ya go batla thuso mo bathong, mo go bomankge le bagakolodi ba lenyalo kgotsa ba e batla mo dibukeng tse di kwadilweng ke bone batho bao. Ka maswabi, batho bangwe ba gompieno go tweng ke “bomankge” mo go tsa manyalo ba itshupa ba sekametse thata mo go kgothaletseng tlhalo go na le go sireletsa lenyalo. Buka ya The Case for Marriage e tlhalosa jaana: “Gongwe e le lekgetlho la ntlha mo hisitoring ya batho, lenyalo le batho ba le ratang le a tlhaselwa ka metlha e bile le a phutlhama. Ka dinako tse dingwe le tlhaselwa fela ka tlhamalalo ka ntlha ya megopolo mengwe e e rileng e ‘bomankge’ bano ba nang le yone ya go dumela gore go ikanyega botshelo jotlhe mo molekaneng wa gago wa lenyalo, ga go utlwale kgotsa go a gatelela.”

Tsela ya go Akanya ya Batho e Fetogile

Batho ba fetotse tsela e ba ikutlwang ka yone ka lenyalo le maikaelelo a lone. Gongwe o setse o bone gore morago jaana go ikanyega mo molekaneng wa gago wa lenyalo le go mo ema nokeng ga go tlhole go tsewa go le botlhokwa jalo, mme go na le moo se balekane ba lenyalo ba se batlang ke go ikgotsofatsa ka bobone—mme seno gantsi se felela ka gore yo mongwe a utlwisiwe botlhoko. Go nna pelotshetlha ka tsela eno mo lenyalong “go simolotse ka dingwaga tsa bo1960 mme ga oketsega thata mo dingwageng tsa bo1970,” go bolela jalo Journal of Marriage and Family. Mabaka a a tlwaelegileng a go nyala, a a jaaka go eletsa go ratwa, go tlhakanela dikobo, go ikanyega mo go yo mongwe, go nna le bana le go kgotsofatsana—ga e tlhole e le mabaka a a tseelwang tlhogong.

Go na le diphetogo dingwe tsa bosheng tse di dirileng gore lenyalo le fetoge ka bofefo mo dinageng di le dintsi. Sa ntlha, seabe se se tlwaelegileng sa gore monna e nne ene a tlamelang lelapa, le sa gore mosadi ene a nne mosalagae se fetogile mo dinageng di le dintsi. E re ka jaanong basadi ba simolotse go bereka, palo ya malapa a banyalani ba berekang ka bobedi e oketsegile. Sa bobedi, go tshola bana le motho o sele yo o sa nyalanang le ene go ya go ntse go amogelwa ke batho ba le bantsi, mme seno se felela ka malapa a le mantsi a batsadi ba ba se nang balekane ba lenyalo. Sa boraro, go nna mmogo ga batho ba sa nyalana go a gola. (Bona lebokoso la setlhogo se se reng “Kamano e e Bokoa fa e Bapisiwa le ya Batho ba ba Nyalaneng”) Sa bonè, ba le bantsi ba amogela manyalo a batho ba bong jo bo tshwanang le mekgatlho e e lwelang gore manyalo ano a amogelwe semolao. A mekgwa eno ya segompieno e amile tsela e o lebang lenyalo ka yone?

Go Oketsega ga Tlhalo

Mma re lebe dinaga di le mmalwa go bona kafa go anama ga tlhalo go senyang manyalo ka gone. Kwa United States, go ya ka pego ya bosheng jaana, “palo ya banyalani ba ba tlhalanang e ne ya oketsega go menagane ganè fa gare ga ngwaga wa 1970 le 1996.” Mo e ka nnang mogolo a le 1 mo go ba le 5 o ne a thubegelwa ke lenyalo ka tlhalo. Ke bomang ba ba leng mo kotsing e kgolo ya gore manyalo a bone a se ka a atlega? Dipalo di bontsha gore mo e ka nnang diperesente di le 60 tsa manyalo otlhe a a felelang ka tlhalo a thubega a ise a tshware dingwaga di le lesome.

Palo ya ditlhalo e tlhatlogile le kwa dinageng tse dingwe. Ka 2004, palo ya ditlhalo kwa England le kwa Wales e ne ya fitlha go 153 490. Australia e ka lebelela gore diperesente di le 40 tsa manyalo a bone di felele ka tlhalo. Kwa Repaboliking ya Korea, ditlhalo di ile tsa oketsega ka 21 800 mo ngwageng o le mongwe fela—go simolola ka 2002 go fitlha ka 2003—mme seno sa dira gore mo lobakeng lono go nne le palogotlhe ya ditlhalo di le 167 100. Kwa Japane, koo lenyalo le le lengwe mo go a le manè le felelang ka tlhalo gone, palo ya ditlhalo koo e setse e gagabela go lekana le ya Yuropa. Mankge mongwe yo o dirang dipatlisiso ka malapa kwa Japan Red Cross University o ne a bolela jaana: “Mo nakong e e fetileng, manyalo a a neng a sa itumela gotlhelele e ne e le one fela a a felelang ka tlhalo. Mme gone jaanong batho ba tlhala fela ka gonne ba batla tsela e e farologaneng ya go tshela.”

Mo dinageng di le dintsi, mekgatlho e e sa bolong go nna teng ya bodumedi le dingwao tsa selegae di ile tsa thusa manyalo gore a se ka a thubega. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ga di tlhole di kgona go emisa ditlhalo tse dintsintsi tse di nnang gone. Ka sekai, akanya ka Kereke ya Roma Katoliki, e mo go yone lenyalo le lejwang e le sengwe se se boitshepo. Ka 1983, kereke eno e ile ya repisa molao wa yone malebana le kgolagano ya lenyalo mme ya dira gore go nne motlhofo gore Makatoliki a khutlise manyalo a bone. Ka jalo ditlhalo di ile tsa oketsega mo go yone fa e sa le ka nako eo.

Go a bonala gore kgolagano ya lenyalo e ntse e a koafala. Mme gone, ga se gore mabaka a go koafala ga yone a itsege otlhe. Tota e bile, mo godimo ga go senyega ga mekgwa ya batho mo setšhabeng, go na le selo se sengwe se segolo se se bakang go thubega ga manyalo—se batho ba le bantsi ba sa itseng ka sone.

Lebaka le le Fitlhegileng la Mathata mo Lenyalong

Baebele e re bolelela gore Satane Diabolo, yo o pelotshetlha go gaisa botlhe, o dirisa tlhotlheletso e e sa bonaleng e e kotsi mo lefatsheng. Ka ntlha yang? Ka gonne o latlhetswe mo lefatsheng go tswa kwa legodimong mme e bile o galefile tota. E le ruri, o ikaeletse go tlisa ‘tatlhego,’ kgotsa mathata a mantsi ka moo a ka kgonang ka gone, mme thulaganyo ya lenyalo e e tlhomilweng ke Modimo ke sengwe sa dilo tse a di tlhaselang fela thata.—Tshenolo 12:9, 12.

Fa Jesu a ne a bua ka nako ya fa Satane a sena go lelekwa kwa legodimong, o ne a re: “Ka ntlha ya go oketsega ga go tlhoka molao lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.” (Mathaio 24:12) Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “[Batho] ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego [kgotsa, lorato lwa ba lelapa], ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:2-4) Mekgwa e e sa rategeng eno ga e bolo go nna teng, mme e ile ya nna maswe le go feta mo dinakong tsa bosheng jaana, jaaka fa batho ba le bantsi ba kgona go di iponela.

Ka ntlha ya mathata a a tlhasetseng manyalo, re ka dira eng gore re kgone go itshireletsa le go nna le lenyalo le le itumetseng le le nnelang ruri? Setlhogo se se latelang se tla araba potso eno.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

“Mo setšhabeng sa batho ba ba latlhalatlhang dilo fela, go bonala batho ba batla go dira se se tshwanang le ka kamano epe e ba sa batleng go tswelela ka yone.”—SANDRA DAVIS, MANKGE MO GO TSA LELAPA

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]

“Kamano e e Bokoa fa e Bapisiwa le ya Batho ba ba Nyalaneng”

Banna le basadi ba le bantsi ba nna mmogo fela ba sa nyalana. Le fa go ntse jalo, dikamano tseo di “bokoa fa di bapisiwa le tsa batho ba ba nyalaneng,” go ne ga bega jalo pego ya U.S. Centers for Disease Control and Prevention. Bangwe ba bone ba nna mmogo jalo go leka go bona gore a ba a tshwanelana pele ba nyalana. A go dira jalo go thusa go fokotsa manyalo a batho ba ba sa tshwanelaneng e bile a go thusa go tokafatsa lenyalo fa ba ka nyalana? Go ya ka Journal of Marriage and Family, bosupi bo bontsha gore ga go a nna jalo. Journal eno e bolela jaana: “Mo gare ga batho ba ba nyalaneng, go nna mmogo pele ga lenyalo go dirile gore ba le bantsi ba bo ba sa kgotsofala mo lenyalong . . . , ke gone go dirileng gore go bo go na le dipego di le dintsi jaana tsa batho ba ba sa itumelang mo lenyalong, e bile . . . ke gone go dirang gore manyalo ano a bo a le mo kotsing e kgolwane jaana ya go thubega.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]

Kafa go Tshela Lobaka lo Loleele go Amang Lenyalo ka Gone

Gompieno jaana, batho ba tshela lobaka lo loleele. Le fa seno ka bosone se le molemo, se na le matsapa a sone mo lenyalong. Manyalo a le mantsi a a felang ka tlhalo gompieno, mo dinakong tsa maloba a ne a fedisiwa ke loso. Akanya ka bothata bongwe jo bo sa tlwaelegang jo bo amang basadi ba ba nang le lobaka lo loleele ba le mo lenyalong kwa Japane. Go ya ka The Washington Post, bomankge bangwe ba bo bitsa “bothata jwa go nna le monna yo o rotseng tiro.” Mosadi mongwe yo o ntseng a le mo lenyalong ka dingwaga di le 40, fa a ne a tlotla ka dinako tsa fa monna wa gagwe a ne a rola tiro, a re ka nako eo o ne a ipolelela gore: “Jaanong ke tlile go mo tlhala. Ke ne ke sa rate kgang fela ya gore ke ne ke tshwanetse go nna motlhanka wa gagwe fa a boa kwa tirong. Mme jaanong go ne go tlile go nna maswe le go feta fa ke tshwanelwa ke go nna le ene mo ntlong letsatsi lotlhe.”