Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lesea le ka Sidilwa?

A Lesea le ka Sidilwa?

A Lesea le ka Sidilwa?

KA MOKWADI WA TSOGANG! WA KWA SPAIN

ANITA mmè yo mosha wa kwa Nigeria, o tlhapisa lesea la gagwe go tswa foo a bo a le sidila ka kelotlhoko. Mmè le lesea ka bobedi ba itumelela seno thata. Anita o tlhalosa jaana: “Seno ke selo se bommè ba kwa Nigeria ba tlwaetseng go se dira fa ba tlhokomela masea a bone. Mmè le ene o ne a tlhola a ntshidila le bokgaitsadiake. Go sidila lesea ke tsela e e molemo ya go nonotsha mesifa ya lone le go dira gore le lapologe. Fa ke ntse ke sidila lesea la me, ke a le opelela le go bua le lone, mme lone le tla bo le tsikitlega le go nyenya. Ke sengwe se se itumedisang ruri!”

Go sidila masea go tlwaelegile mo dinageng di le dintsi mme go setse go anama le mo dinageng dingwe tsa Bophirima. Go ya ka lekgotla lengwe la go sidilwa ga masea la Spain, go sidila ke tsela e e bonolo le e e itumedisang e motsadi a kgonang go buisana le lesea ka go le kgoma le go le bontsha maikutlo a gagwe. Seno se akaretsa go solasola lesea maoto, mokwatla, sehuba, mpa, matsogo ka bonolo.

Go sidila lesea go le solegela molemo jang? Go dira gore lesea le ikutlwe le ratiwa thata. Lesea ga le batle go fepiwa fela mme gape le batla lorato lwa botsadi. E re ka go kgona go ama go simologa ngwana a sa le monnye, fa mmè kgotsa rre a sidila lesea ka bonolo go supa lorato ka tsela e lesea le ka kgonang go e utlwa. Lesea le kgona go bolelelwa dilo tse dintsi ka mmele le ka maikutlo. Go sidila lesea go ka dira gore go nne le kamano e e nonofileng fa gare ga batsadi le lesea la bone go tloga fela fa le tsholwa.

Mo godimo ga go dira gore lesea le utlwe le ratiwa, go le sidila go le ruta le go kgona go phuthologa mme seo se tla le thusa go kgona go robala nako e telele le sa tshwenyege. Go sidila ngwana go ka thusa gape gore thulaganyo ya gagwe ya madi, ya go ja le ya go hema di dire sentle. Batho ba bangwe ba re go thusa le thulaganyo ya mmele wa lesea ya go lwantsha bolwetse gore e kgone go dira sentle. E re ka go sidila lesea go dira gore ditemosi tsa lone tse di jaaka go ama, go bona le utlwa di tsibosiwe, go le thusa gape gore le kgone go gakologelwa dilo le go ithuta.

Dikokelo dingwe le tsone di ile tsa dira patlisiso malebana le botlhokwa jwa go sidila masea. Ka sekai, patlisiso nngwe e ile ya bontsha gore masea a a ileng a tsholwa pele ga nako a a neng a sidilwa a ne a kgona go tswa mo kokelong malatsi a le supa pele ga a a neng a sa sidilwe, mme e bile bokete jwa mebele ya masea a a neng a sidilwa bo ne jwa oketsega ka diperesente di le 47 go na le a a a neng a sa sidilwe.

Go bonala e se bagolo fela ba ba solegelwang molemo ke go sidilwa! Gone ke boammaaruri gore go sidila masea ga se go a phutholola mesifa fela. Ke tsela ya go bontsha lorato ka diatla le menwana e e bonolo le ka monyenyo o mogolo.