Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boitumelo mo Lelapeng—A bo Ka Kgonega?

Boitumelo mo Lelapeng—A bo Ka Kgonega?

Boitumelo mo Lelapeng—A bo Ka Kgonega?

Mo ngwageng o o fetileng, mmè mongwe yo mmotlana o ne a kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico a kopa gore a thusiwe go dira gore a nne le lelapa le le itumetseng. O ne a tlhalosa gore o ile a itumelela go bala makasine wa Tsogang! a bo a re:

“Ke na le dingwaga di le tharo ke nyetswe, mme ke kopa kgakololo le dikakantsho tsa go aga lelapa le le itumetseng. Nna le monna wa me re ne ra tshola ngwana yo montle wa mosimane dingwaga di le pedi tse di fetileng, mme nka rata go mo godisa sentle.”

Mmè yono o ne a utlwile gore go na le buka e e reng Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng mme a kwalela ofisi go e kopa. Diketekete tsa batho ba bangwe le bone ba ile ba dira jalo. Fa ba sena go e bala, ba le bantsi ba bone ba ile ba tlhalosa kafa e ba thusitseng ka gone. Dingwe tsa dikgaolo tse di molemo tsa buka eno ke tse di reng “Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng,” “Sireletsa Lelapa la Gago mo Tlhotlheletsong e e Bosula,” le “Boloka Legae la Gago Le na Le Kagiso.”

O ka kopa buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng ka go tlatsa setlankana se se fano o bo o se romela kwa atereseng e e bontshitsweng mo go sone kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng ya tse di mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Ke kopa buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng kwantle ga gore ke ipofe ka sepe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya legae ya Baebele ya mahala.