Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Dire Eng ka Botshelo Jwa Me?

Ke Dire Eng ka Botshelo Jwa Me?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Dire Eng ka Botshelo Jwa Me?

“Mo tshimologong ke ne ke sa tshwenyege ka isagwe. Mme fa ke ntse ke atamela nako ya go aloga kwa sekolong, ke ne ka lemoga gore ke tloga ke tsena mo lefatsheng la mmatota la ditiro tsa mmatota. Mme ke nna le dikoloto tsa mmatota.”—Alex, 17.

FA O ne o le ngwana, a o ne o tle o lore ka se o batlang go nna sone fa o godile? Gone jaanong o ikutlwa jang ka dilo tse o neng o batla go di dira? A o ipotsa gore o tla itlamela jang fa o setse o le mogolo? Fa e le gore go ntse jalo, ga se wena fela o ikutlwang jalo. Buka ya Career Coaching Your Kids ya re: “Go dira ditshwetso malebana le tiro e o tla e dirang ke nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tse basha ba lebanang le tsone.”

Mme kafa letlhakoreng le lengwe, o ka tswa o sa akanye gotlhelele ka tiro gone jaanong. Gongwe gone jaanong o akantse thata ka go ijesa monate. Ga go molato go batla go itumelela botshelo ka gonne Baebele ya re “itumelele botshelo o sa ntse o le mosha!” (Moreri 11:9, Contemporary English Version) Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke yone nako e e siameng ya gore o simolole go akanya ka se o tla se dirang ka botshelo jwa gago. Diane 14:15 ya re: “Yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” Wena o ka akanyetsa jang dikgato tsa gago?

“Itse Gore o Lebile Kae”

Akanya fela o rulaganya loeto lwa dikilometara di le dintsi go tswa mo gae. Gongwe o tla leba pele mmapa go bona gore ke ditsela dife tse di ka go gorosang sentle kwa o yang gone. Go ntse jalo le fa o rulaganya isagwe ya gago. Michael, lekawana lengwe le gone jaanong le direlang kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa la re: “Go na le dilo tse dintsi tse o ka tlhophang mo go tsone.” O tlhopha jang fa go na le dilo tse dintsi tse o ka tlhophang mo go tsone? Michael a re: “Go ya ka gore o ipeetse mekgele e e ntseng jang.”

Tsaya mokgele jaaka lefelo le o batlang go fitlha kwa go lone. O ka se ka wa fitlha kwa lefelong leo fa o itsamaela fela o sa itse kwa o yang gone. Go botoka gore o tseye mmapa wa gago mme o rulaganye tsela e o batlang go e tsaya go ya kwa lefelong le o batlang go ya kwa go lone. Ka tsela eo, o tla bo o latela kgakololo e e mo go Diane 4:26 e e reng: “Rethefatsa tsela ya lonao lwa gago.” Contemporary English Version yone e ranola mafoko ano e re: “Itse gore o lebile kae.”

Mo dingwageng tse di tlang, o tla dira ditshwetso di le dintsi tse di botlhokwa malebana le kobamelo, tiro, lenyalo, lelapa le dilo tse dingwe tse di botlhokwa. Go tla nna motlhofo gore o dire ditshwetso tse di siameng fa o itse pele gore o lebile kae. Fa o ntse o rulaganya tsela e o batlang go e tsaya mo botshelong, go na le sengwe se o ka se kang wa se itlhokomolosa.

“Gakologelwa Mmopi wa Gago”

Fa o batla go itumela tota, o tshwanetse wa tsaya tsia mafoko ano a a botlhale a ga Kgosi Solomone: “Gakologelwa Mmopi wa gago o sa le mosha.” (Moreri 13:1, Today’s English Version) Ditsela tse o di tlhophang mo botshelong di tshwanetse tsa bo di tlhotlhelediwa ke lebaka la go bo o batla go itumedisa Modimo.

Ke eng fa seo se le botlhokwa? Baebele mo go Tshenolo 4:11 ya re: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” Ee, dibopiwa tsotlhe tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng di na le lebaka la go leboga Mmopi. A o lebogela gore o go file “botshelo le mohemo le dilo tsotlhe”? (Ditiro 17:25) A ga o ikutlwe o patelesega go duela Jehofa Modimo ka sengwe go bontsha gore o anaanela sengwe le sengwe se a se go fileng?

Basha ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba ba gakologelwang Mmopi wa bone thata ba ile ba tlhopha go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. Boammaaruri ke gore, bodiredi jwa nako e e tletseng ke mokgele o o molemo, mme bo go tlisetsa masego a le mantsi. (Malaki 3:10) Mme go tla batla gore o akanyetse seno go sa le gale. Ka sekai, ipotse gore, ‘Ke na le bokgoni le botswerere bofe jo nka bo dirisang go itlamela fa ke le mo bodireding jwa nako e e tletseng?’

Kelly, yo gone jaanong a nang le dingwaga di le 27, o ne a simolola go dira dithulaganyo a sa le mosha. O ne a ipeetse mokgele o o tlhamaletseng wa go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. Fa Kelly a tloga a tshwara dingwaga tsa masome a mabedi, o ne a simolola go “rulaganya tsela e a batlang go e tsaya” malebana le tiro. A re: “Ke ne ka tshwanelwa gore ke tlhophe tiro e e neng e tla ntetla gore ke kgone go itlamela mo bodireding.”

Kelly o ne a ithutela go nna mothusi wa ngaka ya meno mo thulaganyong ya sekolo se segolwane sa go ithutela tiro. O ile a ba a fenya sekgele mo kgaisanong nngwe e e neng e rulagantswe ke puso. Mme go atlega ga gagwe ga go a ka ga dira gore a lebale mokgele wa gagwe o o botlhokwa. Kelly a re: “Bodiredi jwa nako e e tletseng e ne e le tiro e ke batlang go e dira. Dilo tse dingwe di ne di tla kwa morago.” Kelly o sa ntse a itumelela bodiredi jwa nako e e tletseng. A re: “Ke akanya gore tshwetso e ke e dirileng ke e e molemo go di gaisa tsotlhe.”

Kopa Kaelo

Fa o ne o tsamaya mo lefelong le o sa le itseng, nako nngwe o ne o tla tshwanelwa ke go kopa kaelo—tota le fa o ka tswa o tshwere mmapa. O ka dira se se tshwanang fa o rulaganyetsa isagwe ya gago. Kopa kgakololo ya batho ba bangwe. Diane 20:18 ya re: “Dithulaganyo di tlhomamisiwa thata, ka kgakololo.” Ke boammaaruri gore, batsadi ba gago ke bone ba ba ka kgonang go go kaela thata. O ka batla kgakololo le mo Bakereseteng ba ba godileng ba botshelo jwa bone bo supang gore ba latela botlhale jo bo tswang kwa Modimong. Roberto o akantsha jaana: “Batla batho ba e leng bagolo ba ba tlhomang sekao mo phuthegong e o leng mo go yone kgotsa mo mafelong a a gaufi. Ba ka go bolelela dilo dingwe tse o neng o sa di itse.”

Go gaisa ope fela, Jehofa Modimo o batla go go thusa gore o dire ditshwetso mo botshelong jwa gago tse di tla dirang gore o itumele thata. Ka jalo mo kope ka thapelo gore a go thuse ‘go lemoga se e leng thata ya gagwe’ malebana le isagwe ya gago. (Baefeso 5:17) Fa o ikanya Jehofa ka pelo ya gago yotlhe “o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.

Go bona ditlhogo tse dingwe tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . o ka bula aterese ya Internet ya www.watchtower.org/ypa

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ O na le bokgoni mo dilong dife?

▪ A o ka akanya ka ditsela tse o ka dirisang bokgoni joo ka tsone go baka Jehofa?

▪ Ke mofuta ofe wa tirelo ya nako e e tletseng o o umakilweng mo setlhogong seno o o o kgatlhegelang thata?

[Lebokoso mo go tsebe 23]

DILO TSE DI SE KITLANG DI GO SOLEGELA MOLEMO

Baebele ya re: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong.” Tsela ya dikhumo e tletse ka dikhuti! Kgabagare e ka go tsenya mo dikolotong, e dira gore o tlhobaele le go koafala semoyeng.—1 Timotheo 6:9, 10.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

BOBULATSELA

Mmulatsela ke mmoledi yo o tlhomang sekao, Mokeresete yo o kolobeditsweng yo o rulagantseng maemo a gagwe gore a tle a dirise diura di ka nna 70 kgwedi le kgwedi mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Ka thapiso le boitemogelo jo babulatsela ba nang le jone, ba tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go nna barutisi ba Baebele.

TIRELO YA BETHELE

Maloko a lelapa la Bethele a direla mo makaleng a Basupi ba ga Jehofa mme koo ba thusa mo tirong ya go rulaganya, go gatisa le go romela dikgatiso tsa Baebele. Kabelo nngwe le nngwe mo Bethele ke tshiamelo ya tirelo e e boitshepo.

GO DIRELA KWA GO NNANG LE TLHOKEGO E KGOLWANE GONE

Babulatsela bangwe ba kgona go fudugela kwa mafelong a go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba Bogosi gone. Ba bangwe ba ithuta puo e sele mme ba bo ba direla kwa dinageng di sele kgotsa mo phuthegong e e dirisang puo ya koo.

BADIRI BA KAGO BA DINAGA DI SELE

Baithaopi ba ba direlang kwa dinageng di sele ba ya kwa dinageng di sele go ya go thusa ka tiro ya go aga Diholo tsa Bogosi le dikago tsa makala. Tiro eno ke tirelo e e boitshepo e e ka tshwantshiwang le tiro e e neng e dirwa ke batho ba ba neng ba aga tempele ya ga Solomone.—1 Dikgosi 8:13-18.

SEKOLO SA THAPISO SA BODIREDI

Khoso eno ya dibeke di le robedi e thapisa bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba sa nyalang ba ba tshwanelegang go kgona go rulaganya dilo le go kgona go bua phatlalatsa. Bangwe ba ba alogileng mo go sone ba abelwa go ya go direla kwa dinageng tsa gaabo; ba bangwe ba abelwa go ya go dira kwa dinageng di sele.

TIRELO YA BORONGWA

Babulatsela ba ba tshwanelegang ba ba nang le botsogo jo bo siameng e bile ba na le maatla ba thapisiwa go ya go direla kwa dinageng di sele. Barongwa ba tshela botshelo jo itumedisang le jo bo kgotsofatsang.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

KE TLA DIRA ENG KA BOTSHELO JWA ME?

Thulaganyo eno, e e rulagantsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e bontsha dipotsolotso tse di ileng tsa tshwarwa le basha ba kwa Brazil, Boritane, Jeremane le United States. E tla tloga e nna gone ka dipuo tse dingwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Go ya ka gore o ipeetse mekgele efe.”—Michael, leloko la lelapa la Bethele

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

“Ke tshwetso e e molemo go gaisa e nkileng ka e dira.”—Kelly, yo e setseng e le mmulatsela ka dingwaga di le 6

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

“Lebelela batho ba ba tlhomang sekao se se molemo.”—Roberto, leloko la lelapa la Bethele