Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa Metsi a Lewatle a le Letswai?

Ke Eng fa Metsi a Lewatle a le Letswai?

Ke Eng fa Metsi a Lewatle a le Letswai?

FA LETSWAI lotlhe mo lewatleng le ne le ka anamisiwa mo lefatsheng lotlhe, le ne le ka dira boalo jwa bokima jwa dimetara di le 150—mo e ka nnang bogodimo jwa matlhatlhaganyane a le 45! Letswai leno lotlhe le tswa kae, segolobogolo fa re akanyetsa gore metsi a mantsi a a phepa a melapo le dinoka a tshologela mo mawatleng? Baitsesaense ba ile ba lemoga dilo di le mmalwa tse di bakang seno.

Sengwe sa dilo tse di bakang seno ke mmu o re o gatang. Fa metsi a pula a ntse a nwelela mo teng ga mmu le maje, a tlhaolosa dikarolwana tse dinnye tsa diminerale, go akaretsa le matswai le dikarolo tsa teng tsa dikhemikale mme di bo di elelela kwa lewatleng ka melapo le dinoka (1). Mme gone selekanyo sa letswai le le mo metsing a re a nwang ga le le lentsi, ke ka lebaka leo re sa kgoneng go le utlwa.

Letswai le lengwe gape le tswa mo dimineraleng tse di dirang letswai tse di leng mo boalong jwa lefatshe kafa tlase ga mawatle. Metsi a tsena mo boalong jwa lewatle ka diphatla tse di leng teng, a bo a gotela thata morago ga foo a bo a boela gape kwa godimo a tletse ka diminerale tse di tlhaologileng. Metsi ao a a mogote a a tswang kafa tlase ga lewatle—mangwe a one e le a a dirang metswedi ya metsi a a molelo—a tlhatsetsa motswako wa dikhemikale mo teng ga lewatle (2).

Fa go diragala se se farologaneng mme go nna le ditlamorago tse di tshwanang, dikgwamolelo tse di kafa tlase ga lewatle di kgwela mafika a mantsi a a bolelo mo teng ga mawatle a mogolo, mme mafika ano a bo a tlhatsetsa dikhemikale mo teng ga metsi (3). Diminerale di tla gape ka phefo, e e fokelang dikarolwana go tswa mo lefatsheng kwa lewatleng (4). Dilo tseno tsotlhe tse di diregang di dira gore metsi a lewatle a nne le elemente nngwe le nngwe e e itsegeng, le e leng gouta. Le fa go ntse jalo, selo se se dirang gore metsi a nne letswai thata ke sodium chloride—letswai le le tlwaelegileng. Le dirilwe ka diperesente di le 85 tsa matswai a a tlhaologileng e bile ke lebaka la konokono la go bo metsi a lewatle a utlwala a le letswai.

Ke Eng se se Dirang Gore Selekanyo sa Letswai le le mo Metsing a Lewatle le Nne le sa Fetoge?

Letswai le le mo lewatleng le lentsi ka gonne metsi a letsatsi le a mowafatsang mo lewatleng a phepa. Go nna le diminerale tse di salelang mo lewatleng. Ka nako e e tshwanang, go na le diminerale tse di dingwe tse di tshelwang mo mawatleng a magolo; le fa go ntse jalo, selekanyo sa letswai le le mo metsing a lewatle se nna se sa fetoge ka selekanyo sa dikarolo di le 35 mo dikarolong di le sekete tsa metsi. Ka jalo, go na le matswai le diminerale tse dingwe tse di tshelwang le tse di ntshiwang ka selekanyo se se batlang se tshwana. Seno se dira gore go tsoge potso ya gore, Matswai ano a felela kae?

Dikarolwana tse dintsi tsa letswai di monyiwa ke mebele ya ditshedi tse dinnye. Ka sekai, di-polyp tsa dikorale, di-mollusk le ditshedinyana tse di nang le dikgapetla di monya calcium, e e leng karolwana ya letswai, go nonotsha dikgapetla le dikgapa tsa tsone. Bolele jo bo sa bonweng ka matlho jo bo bidiwang di-diatom di monya silica. Bakateria le ditshedinyana tse dingwe di ja ditshedi tse di tlhaologileng. Fa ditshedinyana tseno di swa kgotsa di jewa, kgabagare matswai le diminerale tse di mo mebeleng ya tsone di salela kwa tlase ga boalo jwa lewatle e le dilo tse di suleng kgotsa mantle (5).

Matswai a mantsi a a sa ntshiweng ka thulaganyo eno ya dikhemikale a tswa ka ditsela tse dingwe. Ka sekai, letsopa le dilo tse dingwe tse di tswang mo mmung tse di tsenang mo mawatleng ka dinoka, kgogolego ya mmu le ka seretse se se tswang mo makgwamolelong, di ka nna tsa ikopanya le matswai a a rileng di bo di a isa kwa tlase ga boalo jwa lewatle. Matswai a mangwe a ngaparela mo mafikeng. Ka jalo, ka ditsela tseno tse dintsi, bontsi jwa letswai le felela kwa boalong jwa lewatle (6).

Babatlisisi ba le bantsi ba dumela gore dithulaganyo tse dintsi tsa tsamaiso ya modikologo wa lefatshe di wetsa modikologo ono wa ditiragalo le fa gone e le ka sebaka se seleele sa nako. Boalo jwa lefatshe bo dirilwe ka dipapetla tse dikgolo tse di sutang. Tse dingwe tsa dipapetla tseno di kopana mo di thulanang gone, mo e nngwe e fitlhang e tsena kafa tlase ga e nngwe e bo e tsenelela kwa garegare ga mpa ya lefatshe mo karolong e e molelo. Gantsi, dipapetla tse di kitlaneng thata di tsenelela kwa tlase ga tse dingwe tse di bofefonyana mme ka nako e e tshwanang di bo di rwalela dikarolwana tsa letswai go di fetisetsa go sele. Ka tsela eno, karolo e kgolo ya boalo jwa lefatshe e bopega sesha (7). Dithoromo tsa lefatshe, makgwamolelo le diphatla tse di bulegang ke dilo tse tharo tse di bakang seno. *

Tsela e e Gakgamatsang e Selekanyo sa Letswai mo Metsing le Nnang le sa Fetoge ka Teng

Selekanyo sa letswai le le mo lewatleng le farologana go ya ka mafelo mme ka dinako tse dingwe le farologana mo lefelong le le lengwe go ya ka dipaka tse di farologaneng. Metsi a a letswai thata ke a Kgogometso ya Peresia le a Lewatle le le Hibidu, moo metsi a mowafalang thata gone. Dikgaolo tse mo go tsone lewatle le bonang metsi a a phepa go tswa kwa dinokeng kgotsa tse go nnang le pula e ntsi mo go tsone ga di letswai thata jaaka tse dingwe. Go ntse jalo le ka metsi a lewatle a a leng gaufi le mafelo a a tsididi a aese e gakologang teng, a metsi a teng e leng metsi a a phepa a a gatsetseng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa aese e simolola go nna teng, metsi a lewatle a a gaufi a nna letswai thata. Le fa go ntse jalo, gantsi, selekanyo sa letswai la metsi a lewatle se nna se sa fetoge.

Mme gape metsi a lewatle a na le selekanyo se se tlhomameng sa pH (haeterojene), e e leng selekanyo sa asiti kgotsa sa kalaka, o mo go one 7 e supang go nna magareng. Selekanyo sa pH ya metsi a lewatle se simolola magareng a 7,4 le 8,3 se se supang gore go na le kalaka e ntsinyana mo go one. (Madi a motho a na le selekanyo sa pH sa mo e ka nnang 7,4.) Fa selekanyo sa pH mo lewatleng se ka fetoga mo go seno, go ka nna le mathata a magolo. Tota e bile, ke se baitse ba saense bangwe ba se boifang gone jaanong. Bontsi jwa khabonetaeokosaete e batho ba kgotlelang lefaufau ka yone e felela mo mawatleng mo e kopanang le metsi e e bo e nna khemikale ya carbonic acid. Ka jalo, dilo tse batho ba di dirang ka bonya ka bonya di dira gore mawatle a tlale ka asiti.

Dilo tse dintsi tse di dirang gore dikhemikale tse di mo metsing a lewatle di nne di sa fetoge ga di ise di tlhaloganngwe ka botlalo. Le fa go ntse jalo, se re se ithutileng se supa botlhale jo bogolo jwa Mmopi, yo o tlhokomelang tiro ya diatla tsa gagwe.—Tshenolo 11:18.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Bona setlhogo se se reng “The Ocean Floor—Its Secrets Revealed,” mo makasineng wa November 22, 2000, wa Tsogang! (ka Seesemane).

[Setshwantsho/Ditšhwantsho mo go tsebe 16, 17]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Pula

1 Diminerale mo mafikeng

2 Motswedi wa metsi a a mogote a a tswang kwa boalong jwa lewatle

3 Lekgwamolelo la kafa tlase ga lewatle

4 Phefo

LEWATLE

BOALO JWA LEWATLE

BOALO JWA LEFATSHE

5 Di-diatom

6 Dithungthung tsa lekgwamolelo

7 LEFELO LE DIPAPETLA TSE DIKGOLO TSE BOALO JWA LEFATSHE DITHULANANG GONE

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Vent: © Science VU/Visuals Unlimited; eruption: REUTERS/Japan Coast Guard/Handout

Diatoms: Dr. Neil Sullivan, USC/NOAA Corps; volcano photo: Dept. of Interior, National Park Service

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]

Letswai Le le Mo Metsing a Lewatle

Le fa gone baitsesaense ba ile ba tlhatlhoba metsi a lewatle ka makgolokgolo a dingwaga, go sa ntse go na le mo gontsi mo ba sa go itseng ka dikhemikale tsa one. Le fa go ntse jalo, ba ile ba kgona go arogana dikarolwana tsa letswai tse di tlhaologileng le go bona selekanyo sa tsone. Dikarolwana tseno di akaretsa:

[Setshwantsho]

55% Chloride

30,6 Sodium

7,7 Sulfate

3,7 Magnesium

1,2 Calcium

1,1 Potassium

0,4 Bicarbonate

0,2 Bromide

le tse dingwe tse dintsi tse di jaaka borate, strontium le fluoride.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]

Metsi a a Letswai go Feta a Mawatle a Magolo

Metsi mangwe a letswai go feta metsi a mawatle a magolo. Sekai se segolo sa seno ke metsi a Lewatle le le Suleng, a letswai go gaisa metsi otlhe mo lefatsheng. Metsi a Lewatle le le Suleng, le mo Baebeleng le bidiwang Lewatle la Letswai, a na le matswai a a tlhaolotsweng le diminerale tse dingwe. (Dipalo 34:3, 12) E re ka lotshitshi lwa Lewatle le le Suleng e le lefelo le le kwa tlase go gaisa otlhe mo lefatsheng, metsi a teng a kgona go tswa ka tsela e le nngwe fela—ka go mowafala, e leng selo se se ka dirang gore boalo jwa lewatle bo fokotsege ka dimilimetara di ka nna 25 ka letsatsi fa go le selemo.

Ka jalo, letswai le le leng mo karolong e e kwa godimo ya metsi ao ke diperesente di ka nna 30—selekanyo se se fetang sa metsi a Lewatle la Mediterranean ga lesome. E re ka metsi a kitlana thata fa a na le letswai, batho ba ba thumang ba kgona go kokobala thata mo godimo ga metsi. Tota e bile, ba kgona go rapama ka mekwatla mo godimo ga metsi ba bo ba bala lokwalodikgang ba sa tlhoke sepe se se ba thusang go kokobala mo godimo ga metsi.

[Lebokoso mo go tsebe 18]

Letswai le Thusa go Phepafatsa Mowa

Dipatlisiso di supile gore dikarolwana tse di kgotlelang lefaufau di thibela metsi a a mo marung go tshologela mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, maru a a kgotletsweng a a okameng lewatle le legolo a kgona go nesa pula ka bonako. Lebaka la go bo go na le pharologano e e ntseng jalo ke ka go bo go na le mouwane o o tletseng letswai o o tswang mo lewatleng, o tota o simologang e le bongola jwa lewatle.

Marothodi a metsi a a bopegang mo dikarolwaneng tse di kgotlelang lefaufau a mannye thata gore a ka kgona go wa e le marothodi a pula, ka jalo, a nna a ntse fela a sa nele mo lefatsheng. Mouwane ono o o tswang mo lewatleng o o tletseng letswai o dira gore go nne le maru a a bopilweng ke metsi a lewatle mme a ngoka marothodinyana ano gore e nne marothodi a magolo. Seno se felela ka gore go nne pula, e e thusang go phepafatsa lefaufau le le kgotletsweng.