Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Molaetsa o Tshwanetse go Bolelwa

Molaetsa o Tshwanetse go Bolelwa

Molaetsa o Tshwanetse go Bolelwa

PELE ga go nna le dithelekerama, gantsi go ne go le boima tota go isa molaetsa kwa lefelong le le kgakala ka ntlha ya tsela e molaetsa oo o romelwang ka yone le lefelo le o romelwang kwa go lone. Ka sekai, akanya ka dikgwetlho tse Ba-Inca ba neng ba lebana le tsone, ba ba neng ba na le puso e kgolo kwa Amerika Borwa.

Go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bo15 la dingwaga le mo masimologong a lekgolo la bo16 la dingwaga C.E., Mmusomogolo wa Ba-Inca o o neng o fitlheletse setlhoa sa one, o ne o akaretsa dikarolo dingwe tsa se ga jaanong e leng Argentina, Bolivia, Chile, Colombia, Ecuador le Peru. Peru ke koo motsemogolo wa puso eo, e bong Cuzco, o neng o le teng. Go tsamaya koo go ne go se bonolo, e re ka go ne go na le dithaba tse di goletseng kwa godimo, go na le dikgwa tse di kitlaneng, e bile motho o tshwanelwa ke go tsamaya dikgala tse ditelele thata. Mo godimo ga moo, diphologolo di le tsosi tse Ba-Inca ba neng ba di dirisa go rwala merwalo e ne e le di-Ilama. Ba ne ba se na dikoloi, ba se na le puo e e kwalwang. Ba ne ba kgona go romelelana jang melaetsa mo karolong e kgolo jaana ya lefatshe, e bile e na le batho ba mefuta e e farologaneng jaana?

Ba-Inca ba ne ba dira gore puo ya bone, e leng se-Quechua, e nne puo e e buiwang ke batho botlhe ba ba mo pusong eno. Gape ba ne ba aga ditsela di le dintsi. Tsela ya bone e e neng e dirisiwa ke kgosi, kgotsa tselakgolo, e ne e le sekgala se se fetang dikilometara di le 5 000 mo lefelong le le dithaba la Andes, mme e nngwe e e tsamayang bolebana le yone, e le sekgala sa dikilometara di le 4 000 gaufi le Losi lwa Pacific. Go ne gape go na le ditselana tse dingwe mo dithoko tse di neng di golaganya ditsela tse pedi tseno. Ba-Inca gape ba ile ba aga le maborogo a a nang le ditepisi, a a thusang go feta mo godimo ga ditsela tse di mo gare ga dithaba, maborogo a a kokobalang a a fetang mo godimo ga mafelo a a loraga, le maborogo a a lekeletlang a a fetang mo godimo ga mekgatšha. Borogo bongwe jo ba neng ba bo dirile jo bo lekeletlang jalo bo ne bo le dimitara di le 45, bo na le dikheibole tse di bokima jo bo lekanang le mmele wa motho, mme bo ne jwa dirisiwa ka dingwaga di le 500, go fitlha ka 1880!

Selo se se neng se thusa Ba-Inca mo go tsamaiseng melaetsa ke gore ba ne ba na le setlhopha sa barongwa ba ba neng ba bidiwa ba-chasquis, ba ba neng ba bewa mo mafelong a a rileng go bapa le ditsela tse dikgolo. Barongwa bano ba ne ba tsamaya sekgala sa dikilometara di le tharo go ya go di le nnè ba neeletsana melaetsa, mme go bolelwa gore ba ne ba kgona go tsamaya sekgala sa dikilometara di le 160 ka letsatsi. Ba ne ba fetisa melaetsa e le mentsi ka molomo mme tshedimosetso e e buang ka dipalopalo tsa dilo tse di malebana le puso ba ne ba e fetisa ka sedirisiwa sengwe se se kgatlhang se se bidiwang quipu. Quipu e ne e le sedirisiwa se se raraaneng se se ba thusang go gakologelwa dilo, se dirilwe ka kgole e kgolo le megala e e mebalabala. Mafuto mo megaleng eno a ne a emela dinomoro tsa metso, masome le makgolo. E ne ya re fa Ba-Spain ba gapa Ba-Inca, quipu ya se tlhole e dirisiwa mme le tsela e e neng e dirisiwa ka yone go bona tshedimosetso ya lebalwa.

‘Dinao Tse Dintle mo Dithabeng’

Gompieno go rerwa molaetsa o o botlhokwa thata mo dimilioneng tsa batho ba ba buang se-Quechua—dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, puso e e busang mo lefatsheng lotlhe e e tla leretseng botlhe ba ba e ikobelang kagiso. (Daniele 2:44; Mathaio 24:44) Go tsaya loeto mo lefatsheng leo e kileng ya bo e le la Ba-Inca go sa ntse go se bonolo le eseng, mme le se-Quechua e sa ntse e le puo e e sa kwalweng. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa—ba bontsi jwa bone ba ithutileng go bua se-Quechua—ba itumelela go naya batho dibuka le ditheipi ka diteme tse di farologaneng tse di dirisiwang gompieno tsa se-Quechua.

Tiro ya bareri bano e re gopotsa mafoko a a tlhotlheleditsweng a a reng: “A bo di le dintle jang ne mo dithabeng dinao tsa yo o tlisang dikgang tse di molemo, yo o itsiseng kagiso phatlalatsa, yo o tlisang dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka.”—Isaia 52:7.