Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ramatlhale yo go Lebetsweng ka Ene” wa Kwa Boritane

“Ramatlhale yo go Lebetsweng ka Ene” wa Kwa Boritane

“Ramatlhale yo go Lebetsweng ka Ene” wa Kwa Boritane

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BORITANE

ROBERT HOOKE, yo batho ba motlha wa gagwe ba neng ba mmitsa “motlhami yo mogolo go feta botlhe ba ba kileng ba nna gone,” gone jaanong o tsewa e le ene Leonardo da Vinci * wa Engelane. Hooke, yo o tshotsweng ka 1635, o ne a tlhomiwa gore e nne ene motlhokomedi yo mogolo wa ditekeletso tsa saense wa Royal Society of London ka 1662 mme a dirwa mokwaledi ka 1677. O ne a tlhokafala ka 1703. Le fa go ntse jalo, le mororo a ile a fitlhelela dilo tse dintsi jaana mo go tsa saense, marapo a gagwe a fitlhilwe golo gongwe mo go sa itsiweng kwa bokone jwa Lontone.

Mo dingwageng tsa bosheng jaana baitse ba saense le ba hisitori ba dirile ka natla go dira gore Hooke yo mokwalahisitori e bong Stephen Inwood a mmitsang “ramatlhale yo go lebetsweng ka ene” a boe a itsege gape. Ka 2003, mo segopotsong sa ngwaga wa bo300 wa loso lwa ga Hooke, London’s Royal Observatory Greenwich e ne ya dira dipontsho tsa dingwe tsa dilo tse di bothakga tse a di tlhamileng le tse a di ribolotseng. Robert Hooke e ne e le mang, mme ke ka ntlha yang fa a ne a setse a batla a lebetswe ka lobaka lo loleele jaana?

Boswa jo bo Tlogetsweng ke Hooke

Hooke e ne e le serutegi e bile e le motlhami yo o botlhale thata. Dingwe tsa dilo tse dintsi tse a di tlhamileng e ne e le sedirisiwa se se bidiwang universal joint, se se dirisiwang mo dikoloing di le dintsi tsa gompieno; iris diaphragm, e e laolang bogolo jwa leroba la lesedi mo dikhamereng; le seporeng se se laolang leotwana le le tsamaisang dinaka tsa tshupanako. O ne a tlhama se se neng sa bidiwa molao wa ga Hooke, molao o o sa ntseng o dirisiwa le gompieno go tlhalosa kafa seporeng se kgonang go taologa ka teng. Gape o ne a dira pompo e e ntshang mowa a e direla Robert Boyle, yo e leng mankge yo o itsegeng wa Moboritane wa fisikisi le wa ditlhare tsa kalafi.

Le fa go ntse jalo, sengwe sa dilo tse dikgolo thata tse Hooke a neng a di fitlhelela e ne e le go tlhama maekerosekoupo ya dilense tse pedi, e moragonyana e neng ya dirwa ke Christopher Cock, monna yo o neng a itsege thata ka go dira didirisiwa tsa metšhini kwa London. Morago ga moo Hooke o ne a tlhama lefoko “sele” go tlhalosa marobanyana a e keteng a mamepe a dinotshe a a mo lekwating la setlhare sa oak, maroba a a neng a a bona fa a dirisa maekerosekoupo ya gagwe. Moragonyana lefoko leno “sele” le ne la simolola go dirisiwa go tlhalosa dilo tse di agang mmele wa setshedi.

Buka ya ga Hooke ya Micrographia (Ditshwantsho Tse Dinnye Tse di Takilweng), e e gatisitsweng ka 1665, e ne ya dira gore a tume a sa ntse a le monnye. Mo bukeng eno go na le ditshwantsho tse di bontshitsweng ka bokgeleke, e bile di le dintle tse di dirilweng ke ene Hooke ka boene tsa botshelo jwa tshenekegi jaaka fa a ne a e bona mo maekerosekoupong ya gagwe. Setshwantsho se se itsegeng thata se a neng a se tshwantsha e ne e le sa letsetse. Setshwantsho seno sa bogolo jwa disentimetara di le 30 le bophara jwa disentimetara di le 45, se ne se bontsha dinala tsa letsetse, mokwatla wa lone le letlalo la lone le le thata. Bahumi ba le bantsi ba ba neng ba e bala mo motlheng wa gagwe ba ne ba tshosiwa ke go utlwa gore ditshedinyana tseno di a tle di nne mo bathong. Go tlhalosiwa gore basadi ba ne ba idibala fa ba bona setshwantsho seno!

Fa a sena go bona motsu wa lomao o a neng a o godisitse ka maekerosekoupo ya gagwe, mme a o bapisa le dilo tsa tlholego, o ne a kwala jaana: “Maekerosekoupo e re thusa go bona dikai tsa Dilo di le makgolokgolo, tse di motsu thata” go feta lomao. O ne a umaka dilo tse di tshwanang le moriri, boditse, dinala tsa ditshenekegi, mmogo le mitlwa, dikgoge, le maodi a dijalo. O ne a re “dilo tseno tsa Tlhago,” di re bontsha gore Modiri wa tsone ke mothatayotlhe. Encyclopædia Britannica e bontsha gore ‘maekerosekoupo e ne e dirile gore re simolole go bona kafa dilo tse dintsi tse di tshelang di raraaneng thata ka teng.’

Hooke e ne e le ene motho wa ntlha go dirisa maekerosekoupo go sekaseka dilo tsa bogologolo tse di epolotsweng, mme seno sa dira gore a swetse ka gore dilo tseno e ne e le masalela a ditshedi tse di sa leng di swa bogologolo. Buka ya gagwe ya Micrographia e ne e tlhalosa le ka dilo tse dingwe tse dintsi tse di kgatlhang tse di ileng tsa bonwa ke saense. Tota e bile, mokwadi yo o itsegeng wa ditiragalo tsa letsatsi le letsatsi e bong Samuel Pepys, yo o neng a tshela mo metlheng ya ga Hooke, o ne a bitsa buka eno ya Micrographia a re ke “buka e e kwadilweng ka manontlhotlho thata go feta epe e nkileng ka e bala.” Allan Chapman, mokwadi wa hisitori ya dilo tsa saense kwa Yunibesithing ya Oxford, o ne a tlhalosa buka eno a re ke “nngwe ya dibuka tsa bogologolo tse di nnileng le tlhotlheletso e kgolo mo lefatsheng la gompieno.”

Go Aga London Sesha

Morago ga Molelo o Mogolo o o neng wa tlhasela London ka 1666, Hooke o ne a tlhomiwa gore a dire dipatlisiso ka lefelo leo. Fa ba aga motse ono sesha, o ne a bereka gaufi thata le tsala ya gagwe e bong Christopher Wren, yo le ene e neng e le mankge mo dilong tsa saense e bile a ne a direla kgosi dipatlisiso ka mafelo (surveyor). Sengwe sa dilo tse dintsi tse Hooke a neng a di direla dipolane ke Sefikantswe se segolo sa kwa London, se se boleele jwa dimetara di le 62, se se neng sa emisiwa go gopola molelo ono. Hooke o ne a batla go dirisa Sefikantswe seno, se e neng e le pilara e e goletseng kwa godimo go gaisa lefa e le efe mo lefatsheng, e e sa tshegediwang ke sepe, go leka go bona gore dithuto tsa gagwe malebana le maatla a kgogedi di boammaaruri go le kana kang.

Le mororo go bolelwa gore Royal Observatory Greenwich ke ditiro tsa manontlhotlho tsa ga Wren, Hooke o nnile le seabe se segolo thata mo go dirweng ga dipolane tsa yone. Montague House, e leng lefelo la ntlha le Musiamo wa Boritane o neng wa dirwa mo go lone, ke e nngwe ya ditiro tse dintsi tsa ga Hooke.

Hooke o ne a nna le bokgoni jo bogolo mo go batlisiseng ka dinaledi e bile o ne a le gareng ga batho ba ntlha ba ba neng ba dira thelesekoupo e e bonang dilo tse di kgakala e dirisa seipone, mme o ne a e teelela ka mankge mongwe wa dipalo e bile e le moithutadinaledi wa kwa Scotland e bong James Gregory. Hooke o ne a ela tlhoko gore polanete ya Jupitere e dikologa mo aseng ya yone, mme ditshwantsho tse a neng a di tshwantsha tsa polanete ya Mars di ne tsa dirisiwa makgolo a le mabedi a dingwaga moragonyana go bona gore polanete eno e dikologa ka selekanyo se se kana kang.

Ke Eng se se Dirileng Gore Batho Ba bo Ba Lebetse ka Ene Gompieno?

Ka 1687, Isaac Newton o ne a gatisa buka ya Mathematical Principles of Natural Philosophy. Buka eno ya ga Newton, e e neng ya gololwa dingwaga di le 22 morago ga ya ga Hooke ya Micrographia, e ne e tlhalosa melao ya go tsamaya ga dilo, go akaretsa le molao wa maatla a kgogedi. Mme jaaka fa Allan Chapman a tlhalosa, Hooke “ke ene a simolotseng dikarolo di le dintsi tsa molao wa maatla a kgogedi pele ga Newton a tla ka ya gagwe.” Patlisiso e Newton a neng a e dira malebana le tsela e lesedi le diregang ka yone, le yone e ne e tlhotlheleditswe ke buka ya ga Hooke.

Ka maswabi, dilo tse ba neng ba sa dumalane mo go tsone malebana le tsela e lesedi le berekang ka yone le melao ya maatla a kgogedi di ne tsa dira gore banna ba babedi bano ba se ka ba tlhola e nna ditsala. Newton o ne a ba a ntsha dikarolo tse a neng a bua ka Hooke mo go tsone mo bukeng ya Mathematical Principles. Go ya ka motswedi mongwe wa tshedimosetso, Newton o ne a ba a leka go phimola mo direkotong dintlha tsotlhe tse di tlhalosang seabe se Hooke a nnileng le sone mo saenseng. Mo godimo ga moo, didirisiwa tsotlhe tsa ga Hooke—tse bontsi jwa tsone di neng di dirilwe ka letsogo—bontsi jwa dilo tse a di kwadileng, le setshwantsho se le sosi se se setilweng se se neng se bontsha monna yono jaaka a ntse di ne tsa nyelela ka bonako fela fa Newton a sena go nna poresidente wa Royal Society. Ka ntlha ya dilo tseno, go ne ga se ka ga tlhola go buiwa sepe se se kalo ka Hooke mo lobakeng lwa makgolo a le mabedi a dingwaga.

Sengwe se se tshegisang ke gore Newton, mo lekwalong le a neng a le kwaletse Hooke la letlha la February 5, 1675, o ne a kwala mafoko ano a a itsegeng thata ka one: “Se se dirileng gore ke kgone go bonela kgakala ke gore ke bo ke eme mo magetleng a lona Bagale.” Robert Hooke, yo e neng e le modiri wa dipolane, moithutadinaledi, moitsesaense yo o neng a rata go lekeletsa, motlhami, e bile e le surveyor, e ne e le mogale wa mo metlheng ya gagwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Da Vinci e ne e le motaki, mmetli, moenjiniri, le motlhami wa kwa Itali, yo o neng a tshela mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bo15 la dingwaga le mo masimologong a lekgolo la bo16 la dingwaga.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Ditshwantsho tsa ga Hooke tse di bontshang dipopego tsa kapoko le segagane

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Maekerosekoupo e e tlhamilweng ke Hooke

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Hooke o ne a tlhama lefoko “sele” go tlhalosa maroba a a mo lekwating

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Buka ya ga Hooke ya “Micrographia” e ne e bontsha se a neng a se bona ka maekerosekoupo ya gagwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Letsetse le lekanyetswa go nna bogolo bo kana

Go begwa gore basadi ba ne ba idibala fa ba bona setshwantsho sa letsetse se se tshwantshitsweng ke Hooke

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Montague House e ne e le nngwe ya dikago tse dintsi tse polane ya tsone e dirilweng ke Hooke

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Setshwantsho se se tshwantshitsweng ke Hooke, go bontsha molao wa gagwe wa go taologa ga dilo

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Sefikantswe se se goletseng kwa godimo thata sa kwa London ke pilara e kgolo go di feta tsotlhe mo lefatsheng e e sa tshegediwang ke sepe

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

The Royal Observatory

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Spring, microscope, and snowflakes: Images courtesy of the Posner Memorial Collection, Carnegie Mellon University Libraries

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 27]

Images courtesy of the Posner Memorial Collection, Carnegie Mellon University Libraries

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Spring diagram: Image courtesy of the Posner Memorial Collection, Carnegie Mellon University Libraries; London’s Memorial Tower: Matt Bridger/DHD Multimedia Gallery; Royal Observatory: © National Maritime Museum, London