Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya go Aga Lenyalo le le Itumetseng

Tsela ya go Aga Lenyalo le le Itumetseng

Tsela ya go Aga Lenyalo le le Itumetseng

“Monna o tla . . . ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.”—GENESISE 2:24.

MMOPI wa rona Jehofa Modimo o tlhomile thulaganyo ya lenyalo gore e nne kgolagano e e nnelang ruri fa gare ga monna le mosadi. Genesise 2:18, 22-24 e bolela jaana: “Jehofa Modimo a tswelela a re: ‘Ga go molemo gore monna a nne a le nosi. Ke tlile go mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.’ Mme Jehofa Modimo a dira logopo lo a lo tsereng mo monneng go nna mosadi a bo a mo tlisa kwa monneng. Foo monna a re: ‘Kgabagare yono ke lerapo la marapo a me le nama ya nama ya me. Yono o tla bidiwa Mosadi, Ka gonne o ntshitswe mo monneng.’ Ke gone ka moo monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.”

Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go aga lenyalo le le itumetseng, mme gone go a kgonega. Go na le banyalani ba le bantsi ba ba feditseng dingwaga di le 50, 60 kgotsa go feta ba le mmogo mo lenyalong mme ba ntse ba itumetse. Ba kgona jang? Mongwe le mongwe wa bone o dira ka natla ka dinako tsotlhe gore a ‘bone kamogelo’ ya molekane wa gagwe kwantle ga bopelotshetlha. (1 Bakorintha 7:33, 34) Seo ga se tiro e potlana. Fa e le gore o ikemiseditse go dirisa nako le maatla a gago go dira jalo, le wena o ka kgona go aga lenyalo le le itumetseng, le le tla tshwarelelang nako e telele.

Latela Ditaelo ka Kelotlhoko

Moagi yo o ikanyegang ga a ka ke a simolola go aga a sa leba polane pele. Ka tsela e e tshwanang, le rona ga re kitla re atlega go aga lenyalo le le itumetseng fa re sa leba pele ditaelo tsa Modimo tse di ka re thusang go dira jalo. Ditaelo tseo di mo Lefokong la Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola . . . mo go tlhamalatseng dilo.”—2 Timotheo 3:16.

Banna le basadi ba ba nyalaneng ba ka ithuta go le gontsi ka lenyalo ka go ela tlhoko tsela e Jesu a neng a tshwara barutwa ba gagwe ka yone. Ke ka ntlha yang fa re bolela jalo? Mo Baebeleng, kamano ya ga Jesu le ba a tlileng go busa le bone e tshwantshiwa le kamano fa gare ga monna le mosadi wa gagwe. (2 Bakorintha 11:2) Jesu o ne a ikanyega mo go bone, tota le ka dinako tsa matshwenyego a magolo. O ne “a ba rata go ya bokhutlong.” (Johane 13:1) Jaaka moeteledipele yo o kutlwelobotlhoko, gantsi Jesu o ne a akanyetsa makoa a balatedi ba gagwe. Ga a ise a ke a batle gore ba dire sepe se ba neng ba sa kgone go se dira.—Johane 16:12.

Tota le fa Jesu a ne a swabisitswe ke ditsala tsa gagwe tse dikgolo, o ne a sala a ntse a le bonolo fela mo go bone. O ne a sa ba omanye, mme go na le moo, ka boikokobetso le ka bopelonomi, o ne a leka go ba thusa go baakanya phoso ya bone. (Mathaio 11:28-30; Mareko 14:34-38; Johane 13:5-17) Ka jalo, fa o leba ka kelotlhoko tsela e e bonolo e Jesu a neng a tshwara balatedi ba gagwe ka yone le kafa le bone ba neng ba bontsha ka gone gore ba a mo rata, o tla ithuta thuto e e molemo tota ya go aga lenyalo le le itumetseng.—1 Petere 2:21.

Le Age mo Motheong o o Nonofileng

Gone diteko tse di maatla di tla nna di ntse di tlhasela lenyalo la gago. Di tla leka lenyalo la gago go bona gore le nonofile go le kana kang. Le fa go ntse jalo, motheo o o nonofileng o lenyalo le le itumetseng le tshwanetseng go agiwa mo go one ke go ikanyega mo molekaneng wa gago ka ntlha ya go bo o mo rata. Jesu o ile a gatelela botlhokwa jwa go ikanyega jalo fa a ne a re: “Ope a se ka a kgaoganya banyalani ba ba kopantsweng ke Modimo.” (Mathaio 19:6, Contemporary English Version) Lefoko le le reng “ope” le akaretsa monna le mosadi wa gagwe, ba ba dirileng maikano a gore mongwe le mongwe wa bone o tla ikanyega mo go yo mongwe.

Bangwe ba ka nna ba leba kgang ya go ikanyega mo go yo mongwe e le mokgweleo o o ba batlang go le gontsi. Gompieno batho ba le bantsi ba batla gore dilo di ba tsamaele motlhofo fela kwantle ga go ikgolega ka yo mongwe.

Ke eng se se ka dirang gore banyalani ba ineele mongwe go yo mongwe? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone.” (Baefeso 5:28, 29) Ka jalo, ‘go kopanngwa’ go raya gore o amega ka molekane wa gago fela jaaka o amega ka wena. Motho yo o mo lenyalong o tshwanetse gore a se ka a tlhola a akanya ka dilo tse di amang ene fela mme a akanye ka dilo tse di ba amang boobabedi.

Go lebana ka katlego le dilo tse di tlhaselang lenyalo la gago go tla go dira botlhale. Go nna le botlhale jo bo ntseng jalo go tla go tlisetsa boitumelo. Diane 3:13 e bolela jaana: “Go itumela motho yo o boneng botlhale.”

Aga ka Dilo Tse di sa Sheng

Gore ntlo e eme lobaka lo loleele le gore e nne e bolokesegile, e tshwanetse go agiwa sentle. Ka jalo, ititeye sehuba gore o tla aga lenyalo la gago ka boikaelelo jwa gore e nne le le tshwarelelang. Dira gore e nne le le nonofileng le le kgonang go emelana le diteko tse di lekang boikanyegi jwa lona. Leba dinonofo tse di latelang e le tse di rategang jaaka gouta, tse di jaaka botlhale jo bo tswang kwa Modimong, go aba ka bopelotshweu, go dirisa temogo, go boifa Modimo, go nna botsalano, go rata melao ya Modimo le go nna le tumelo ya mmatota.

Go nna le dikhumo kgotsa go gatela pele mo mekgeleng ya lefatshe ga se gone go tlisetsang motho boitumelo le kgotsofalo mo lenyalong. Go na le moo bo tlisiwa ke go ratana ka pelo yotlhe le ka mogopolo otlhe. Mme dinonofo tseno di nonotshiwa ke dithuto tsa Lefoko la Modimo. Kgothatso e e reng, ‘A mongwe le mongwe a nne a tlhokometse kafa a agang’ ka gone e ka dirisiwa le mo lenyalong.—1 Bakorintha 3:10.

Fa go Tsoga Mathata

Gore kago e kgone go ema lobaka lo loleele, go tshwanetse ga nna le thulaganyo ya go e tlhokomela. Fa monna le mosadi ba ba nyalaneng ba tshegetsana ka metlha mo mekgeleng e ba ipeetseng yone le go bontshana tlotlo, lenyalo la bone le tla nna le ntse le nonofile. Ga go kitla go nna le ditiro tsa bopelotshetlha mo lenyalong e bile ba tla kgona go laola kgalefo ya bone.

Go boloka sekgopi le go ikutlwa o kgobilwe marapo ke molekane wa gago go ka fedisa lorato mo lenyalong. Moaposetoloi Paulo o ile a gakolola banna jaana: “Lona banna ba lo nyetseng, nnang lo rate basadi ba lona mme lo se ka lwa ba galefela mo go botlhoko.” (Bakolosa 3:19) Basadi ba ba nyetsweng le bone ba tshwanetse go dirisa kgakololo eno. Fa motho a leka go akanyetsa molekane wa gagwe wa lenyalo, go nna pelonomi le go bontsha go tlhaloganya, o dira gore boobabedi ba kgone go nna ba itumetse e bile ba kgotsofetse. Go tila dikgalefo le dikomang go lo thusa gore lo se ka lwa nna le dikgotlhang fa mathata a tsoga. Paulo o ile a kgothatsa a re, “nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile.”—Baefeso 4:32.

Go tweng fa o tshwenngwa ke maikutlo a go kgobega marapo, go tenega kgotsa o ikutlwa gore molekane wa gago ga a go anaanele? Mo tlhalosetse sentle kafa o ikutlwang ka teng ka tsela e e bonolo. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa go fitlhela go le molemo go bipa diphoso tse dinnye ka lorato.—1 Petere 4:8.

Monna mongwe yo o nyetseng yo o ileng a itshokela diteko di le mmalwa mo lenyalong la gagwe la dingwaga di le 35 a re go sa kgathalasege gore o ka tswa o galefetse molekane wa gago go le kana kang, o se ka wa nna le “maikutlo a go sa batle go mmuisa.” Gape o oketsa jaana ka botlhale, “Le ka motlha o se ka wa tlogela go mo rata.”

O ka Kgona go Aga Lenyalo le le Itumetseng!

Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go aga lenyalo le le itumetseng. Le fa go ntse jalo, fa banyalani ba iketleeleditse go dira ka natla go tsenya Modimo mo lenyalong la bone, ba tla nna le boitumelo le thetebalo. Ka jalo, leba ka kelotlhoko gore bomoya jwa lelapa la gago bo ntse jang; ineele ka botlalo mo lenyalong la gago. Mme gakologelwa gore go ya ka mafoko a ga Jesu, pako ga e ye kwa monneng kgotsa kwa mosading yo o dirang gore lenyalo e nne le le itumetseng. Go na le moo, Motlhodi wa lenyalo, e bong Jehofa Modimo, ke ene yo segolobogolo a amogelang pako eno. “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Mathaio 19:6.

KGATISO E NNGWE GAPE E O KA E IPALELANG

Buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e na le dikakantsho tse di molemo tsa go aga lenyalo le le itumetseng le le atlegileng. Banyalani ba ba diketekete mo lefatsheng lotlhe ba fitlhetse gore kgakololo ya yone e e tswang mo Baebeleng e ba thusitse go tokafatsa lenyalo la bone.—Leba tsebe 32 ya makasine ono.

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Ke Eng Se se Ka lo Thusang go Aga Lenyalo le le Itumetseng?

▪ Ithuteng Lefoko la Modimo mmogo ka metlha, mme lo rapele Modimo gore a lo thuse a bo a lo kaele fa lo rarabolola mathata.—Diane 3:5, 6; Bafilipi 4:6, 7; 2 Timotheo 3:16, 17.

▪ A molekane wa gago e nne ene fela yo o tlhakanelang dikobo le ene.—Diane 5:15-21; Bahebera 13:4.

▪ Bulelanang mafatlha a lona ka lorato fa lo tlotla ka mathata a lona le dikgotlhang tse lo ka tswang lo na le tsone.—Diane 15:22; 20:5; 25:11.

▪ Buisana le molekane wa gago ka bonolo, ka go mo akanyetsa; tila go phatloga ka bogale, o se ka wa nna letshwenyo gape o tlogele go mo tshwayatshwaya diphoso.—Diane 15:1; 20:3; 21:9; 31:26, 28; Baefeso 4:31, 32.

▪ Dirisa kgakololo ya Baebele ka boikokobetso le fa o akanya gore molekane wa gago ga a dire sotlhe se a tshwanetseng go se dira.—Baroma 14:12; 1 Petere 3:1, 2.

▪ Lwelang go nna le dinonofo tsa semoya tse di umakiwang mo Baebeleng.—Bagalatia 5:22, 23; Bakolosa 3:12-14; 1 Petere 3:3-6.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Dirisa ditaelo tsa Modimo tsa lenyalo, tse di mo Baebeleng

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Thaya lenyalo la gago mo loratong lo e seng lwa bopelotshetlha le mo go ikanyegeng

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Lwela go nna le dinonofo tsa semoya tse di tla go thusang go emelana le diteko tse di boima mo lenyalong la gago

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Lenyalo le le itumetseng le tshwanetse go tlhokomelwa