Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botlhokwa Jwa Mmatota Jwa Madi

Botlhokwa Jwa Mmatota Jwa Madi

Botlhokwa Jwa Mmatota Jwa Madi

“Batho lefatshe ka bophara ba na le selo se le sengwe fela se se ba thusang go tshela: madi. Ke one maatla a botshelo mo bathong botlhe, le fa e ka tswa e le ba mmala ofe, ba lotso lofe, kgotsa ba bodumedi bofe.”—Poresidente wa Kokoanotheomolao ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

NTLE le pelaelo, go na le boammaaruri mo mafokong a a nopotsweng fano. Madi a botlhokwa mo botshelong jwa batho botlhe. Ke seeledi se se botlhokwa fela thata. Le fa go ntse jalo, a o dumela gore go siame e bile go botlhale gore batho ba ntshe seeledi seno mo go bone mme ba se neye ba bangwe go ikalafa ka sone?

Jaaka fa re setse re bone, melao e e laolang go babalesega ga madi mo dinageng tse di farologaneng ga e tshwane gotlhelele, mme go alafa molwetse ka madi go kotsi go feta jaaka ba le bantsi ba akanya. Mo godimo ga moo, ka ntlha ya thutego ya bone, bokgoni jwa bone le dipono tsa bone, dingaka di le dintsi di na le maikutlo a a sa tshwaneng gotlhelele mo kgannyeng eno ya go dirisa madi. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba bone ba kelotlhoko malebana le go dirisa madi. Go bonala palo e e ntseng e oketsega ya bone, e rata mekgwa e mengwe ya kalafi e e sa diriseng madi.

Seno se re busetsa gape kwa potsong e e neng ya tlhaga kwa tshimologong ya setlhogo sa ntlha sa metseletsele eno. Ke eng se tota se dirang gore madi a nne botlhokwa thata jaana? Fa e le gore go dirisa madi mo kalafing go ntse go nnela kotsi go ya pele, a go na le se sengwe gape se madi a thusang ka sone?

Pono ya Mmopi wa Rona ka Madi

Bogologolo kwa mo metlheng ya ga Noa, yo e leng mogologolwane wa batho botlhe, Modimo o ne a tlhoma molao o o kgethegileng. Le fa a ne a letlelela batho go ja nama ya diphologolo, o ne a ba thibela go ja madi. (Genesise 9:4) Gape o ne a ba bolelela lebaka, a re madi a emela moya, kgotsa botshelo, jwa sebopiwa. Moragonyana o ne a re: “Moya [kgotsa botshelo] o mo mading.” Mo matlhong a Mmopi, madi a boitshepo. A emela mpho e e molemolemo ya botshelo e moya mongwe le mongwe o o tshelang o nang le yone. Modimo o ne a nna a boaboeletsa molaomotheo ono gangwe le gape.—Lefitiko 3:17; 17:10, 11, 14; Duteronome 12:16, 23.

Ka bonakonyana fela morago ga gore Bokeresete bo simologe dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, badumedi ba ne ba newa molao wa Modimo wa gore ba “ithibe mo . . . mading.” Thibelo eno e ne e sa bewe go ba sireletsa mo malwetseng, mme e ne e le ka ntlha ya gore madi a le boitshepo. (Ditiro 15:19, 20, 29) Batho bangwe ba re molao ono wa Modimo o o iletsang madi o raya fela gore madi a se ka a jewa, mme lefoko “ithibe” le a itlhalosa ka bolone. Fa ngaka e ne e ka re bolelela gore re ithibe mo bojalweng, re ne re se kitla re akanya gore re ka kgona go bo tsenya ka lomao mo ditshikeng tsa rona.

Baebele e tlhalosa lebaka le lengwe gape la go bo madi a le boitshepo. Madi a a tsholotsweng a ga Jesu Keresete, a a emelang botshelo jwa motho jo a neng a bo ntshetsa batho, ke one motheo wa konokono wa tsholofelo ya Bakeresete. A kaya go itshwarelwa maleo le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Fa Mokeresete a ithiba mo mading, totatota o a bo a bontsha gore o dumela gore ke madi a a tsholotsweng a ga Jesu Keresete fela a a ka kgonang go mo rekolola le go boloka botshelo jwa gagwe.—Baefeso 1:7.

Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe e le batho ba ba tsayang tsia thata ditaelo tseno tsa Baebele. Ga ba amogele ditshelo tsa madi tse di akaretsang madi ka boone kgotsa dikarolo tsa one tse nnè tse dikgolo—disele tse dikhibidu, polasema, disele tse di tshweu, le dipolatelete. Fa e le ka dikarolwana tse di farologaneng tse di tserweng mo dikarolong tseno tse dikgolo—le dilo tse di dirilweng ka dikarolwana tseno—Baebele ga e re bolelele sepe ka tsone. Ka gone, Mosupi mongwe le mongwe o itirela tshwetso ka boene mo ntlheng eno. A boemo jono jo re bo tsayang mo Baebeleng bo kaya gore Basupi ga ba amogele kalafi epe kgotsa ga ba tseye boitekanelo jwa bone le botshelo jwa bone bo le botlhokwa? Nnyaa, le e seng!—Bona lebokoso la “Pono ya Basupi ba ga Jehofa mo go Tsa Boitekanelo.”

Mo dingwageng tsa bosheng jaana dingaka di le dintsi di etse tlhoko gore Basupi ba solegetswe molemo thata mo go tsa kalafi ka gonne ba latela melao ya Baebele. Ka sekai, ngaka nngwe e e arang lerapo la mokokotlo bosheng jaana o ne a tlhalosa gore go botoka go dirisa mekgwa e mengwe ya kalafi e e sa akaretseng tshelo ya madi. O ne a re: “Ke one mokgwa o o seng kotsi le e seng, o re ka o dirisang, e seng mo Basuping ba ga Jehofa fela, mme le mo go mongwe le mongwe.”

Ditshwetso tse di botlhokwa thata tse di amanang le boitekanelo jwa motho di ka ngomola motho pelo mme gantsi go thata tota go di dira. Malebana le mokgwa o o tlwaelegileng wa go tshela molwetse madi, ela tlhoko mafoko a ngaka nngwe e e berekang ka makgwafo e bile e le mokaedi mo go tsa kalafi e bong Dr. Dave Williams: “Go botlhokwa thata gore re tlotle dikeletso tsa batho, . . . mme re tshwanetse go nna kelotlhoko thata gore re tsenya eng mo mebeleng ya rona.” Mafoko ano a boammaaruri tota—bogolo jang mo metlheng eno ya rona.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Dimolekhule Tse di Rwalang Okosejene, Tse di mo Hemoglobin, ke Eng?

Sele nngwe le nngwe e khibidu ya madi e na le dimolekhule di le dimilione di le 300 tsa hemoglobin. Hemoglobin e dira karolo ya mo e ka nnang nngwe tharong ya sele e khibidu e e feletseng sentle. Molekhule mongwe le mongwe o na le poroteine ya globin le selo se se dirang gore go nne le mmala se se bidiwang heme—se se nang le atomo ya aene. Fa sele e khibidu ya madi e feta mo makgwafong, dimolekhule tsa okosejene di tsena mo teng ga sele eno mme di bo di fitlha di ikgomaretsa mo dimolekhuleng tsa hemoglobin. Metsotswana moragonyana, okosejene ele e tla bo e tswela mo dithishung tsa mmele, e dira gore disele tse di mo mmeleng di tswelele di tshela.

Madirelo mangwe a sila hemoglobin, a e ntsha mo diseleng tse dikhibidu tsa madi a batho kgotsa a dikgomo. Go tswa foo hemoglobin eno e tla bo e tlhotlhiwa go ntsha leswe, go dirisiwa dikhemikale go e fetola le go e phepafatsa, e bo e tswakanngwa le motswako mongwe wa seeledi, e bo e tsenngwa mo sephuthelong. Kwa bofelong go tlhaga se se bidiwang molekhule o o rwalang okosejene, o o mo hemoglobin. Dinaga di le dintsi ga di ise di amogele mokgwa ono wa go ntsha hemoglobin mo mading. * E re ka heme e le yone e e dirang gore madi a nne mahibidu thata, yuniti ya molekhule ono o o rwalang okosejene e tshwana fela le ya disele tse dikhibidu tsa madi, tse o tserweng mo go tsone.

Go farologana le disele tse dikhibidu tsa madi, tse di tshwanelwang ke go gatsediwa mme di tshwanetse go latlhiwa morago ga dibeke di le mmalwa, molekhule o o rwalang okosejene one o ka kgona go bewa mo themperetšheng e e lekanetseng mme wa dirisiwa morago ga dikgwedi di le mmalwa. Mme e re ka lotha lwa sele e khibidu ya madi lo lo nang le dilwantshamegare tsa lone lo sa tlhole lo le teng, seno se dira gore motho a se ka a lwala a lwadiwa ke gore o tsentswe mofuta o sele wa madi. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba kelotlhoko ba ba batlang go ikobela molao wa Modimo malebana le madi, ba lebana le kgwetlho e kgolwanyane fa ba tshwanelwa ke go tlhopha gore a ke ba amogele dimolekhule tseno tse di rwalang okosejene. Ga go tshwane le fa ba tshwanelwa ke go tlhopha gore a ba tla amogela dikarolwana tse dingwe tsa madi. Ka ntlha yang? Fa fela dimolekhule tseno tse di rwalang okosejene di tswa mo mading, go na le dilo tse pedi tse di tlhokang go elwa tlhoko. Selo sa ntlha, molekhule o o rwalang okosejene o diragatsa karolo ya konokono ya se se dirwang ke disele tse dikhibidu tsa madi. Sa bobedi, hemoglobin, e molekhule ono o o rwalang okosejene o tsewang mo go yone, ke karolo ya konokono ya disele tse dikhibidu tsa madi. Ka gone, Bakeresete ba lebane le tshwetso e e botlhokwa thata fa go tsenwa mo ntlheng eno le mo dilong tse dingwe tse di tshwanang le yone. Ba tshwanelwa ke go tlhatlhanya ka kelotlhoko le ka thapelo ka melaometheo ya Baebele malebana le boitshepo jwa madi. Ka gone e re ka re eletsa thata go boloka kamano ya rona le Jehofa e le ntle, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go kaelwa ke segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ke Baebele.—Bagalatia 6:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Puso ya Afrika Borwa yone e dumeletse semolao gore mokgwa ono o ka dirisiwa.

[Setshwantsho]

MOLEKHULE WA HEMOGLOBIN

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]

Mokgwa o o Ngokang ba le Bantsi wa Kalafi

Makasine wa The Wall Street Journal o ne wa bega jaana: “Dikokelo di le mmalwa jaanong di simolola go dirisa mokgwa o mongwe wa kalafi: karo e ‘go sa tshelweng madi mo go yone.’” Makasine ono o tlhalosa gore “pelepele mofuta ono wa kalafi o ne o dirisiwa fela mo Basuping ba ga Jehofa, mme jaanong o dirisiwa mo bathong botlhe, e bile le dikokelo di le dintsi di buelela dithulaganyo tsa tsone tsa go ara kwantle ga go tshela madi.” Dikokelo lefatshe ka bophara di bona mesola e mentsi, bogolo jang mo balwetseng, fa di dirisa mekgwa ya kalafi e mo go yone go fokodiwang tiriso ya tshelo ya madi. Gone jaanong, dingaka di le diketekete di alafa balwetse ba tsone kwantle ga go ba tshela madi.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]

Pono ya Basupi ba ga Jehofa mo go Tsa Boitekanelo

Basupi ba ga Jehofa, ba bangwe ba bone e leng dingaka le baoki, ba itsiwe lefatshe ka bophara gore ga ba amogele go tshelwa madi kgotsa go tsenngwa dikarolo tse dikgolo tsa one. A go gana ga bone tshelo ya madi ba le seoposengwe jalo go bakwa ke gore ba amogetse fela melao ya batho kgotsa ke gore ba dumela gore tumelo ya motho e ka kgona go mo fodisa? Ga go a nna jalo le eseng!

Ka gonne Basupi ba anaanela botshelo jwa bone, ba bo tsaya jaaka mpho ya Modimo, ba leka go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go tshela tumalanong le Baebele, e ba dumelang gore e “tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16, 17; Tshenolo 4:11) Buka eo e kgothaletsa ba ba obamelang Modimo gore ba tile ditiro le mekgwa e e ka gobatsang botsogo jwa bone le go tsenya matshelo a bone mo kotsing, e e tshwanang le go ja bobe, go goga motsoko, go nwa bobe le go dirisa diokobatsi go ijesa monate fela.—Diane 23:20; 2 Bakorintha 7:1.

Fa re boloka mebele ya rona le mafelo a re nnang mo go one a le phepa, e bile re ikatisa gore re nne re itekanetse, re dira tumalanong le melaometheo ya Baebele. (Mathaio 7:12; 1 Timotheo 4:8) Fa Basupi ba ga Jehofa ba lwala, ba bontsha gore ba itekanetse sentle mo mogopolong ka go batla kalafi le go amogela mekgwa e le mentsi ya kalafi e e leng teng. (Bafilipi 4:5) Ke boammaaruri gore ba ikobela taelo ya Baebele ya go “ithiba mo . . . mading,” ba batla fela mekgwa ya kalafi e e sa diriseng tshelo ya madi. (Ditiro 15:29) Mme go tlhopha ga bone mofuta ono wa kalafi gantsi go felela ka gore ba newe kalafi ya maemo a a kwa godimo.