Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dinonyane Tse di Nnang Gaufi le Metsi—Tse di Yang Gongwe le Gongwe mo Lefatsheng Lotlhe

Dinonyane Tse di Nnang Gaufi le Metsi—Tse di Yang Gongwe le Gongwe mo Lefatsheng Lotlhe

Dinonyane Tse di Nnang Gaufi le Metsi—Tse di Yang Gongwe le Gongwe mo Lefatsheng Lotlhe

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SPAIN

AKANYA o fetsa dikgwedi tse pedi tsa selemo o le kwa dipoeng tse di kwa bokone tsa mafatshe a a tsididitsididi, kwa letsatsi le batlang le sa dikele gone. Le fa go ntse jalo, fa mariga a atamela, o leba kwa Amerika Borwa, Australia, kgotsa Afrika Borwa. Mme ngwaga otlhe o tlhola o ntse o kgarakgatshega mo dintshing tsa mawatle tsa dikontinente tsotlhe, o batlana le dijo tse o di ratang thata. Ke yone tsela e dinonyane di le dintsi tse di nnang gaufi le metsi tse di kgarakgatshegang mo lefatsheng lotlhe di tshelang ka yone.

Dinonyane tseno ke tse di ratang go fula mo metsing a a seng boteng. * Mo dikgweding tse di tsididi tsa kwa Hemisefereng ya Bokone, dinonyane tseno di rata go phuthegela mo melomong ya noka e e diretse, mo mabopong, mo mafelong a a loraga, kgotsa mo mafelong a a matlapa a a gaufi le dintshi tsa lewatle, kwa gantsi o se kitlang o bona batho thata teng. Mo dikgweding tse di bothitonyana tsa selemo, fa bajanala ba le bantsi ba thologela kwa mabopong a lewatle, bontsi jwa dinonyane tseno di tla bo di fudugela kwa mafelong a a tsididitsididi a bokone, koo ka selemonyana se se khutshwanyane sa mafelo ano, di kgonang go nna di le tsosi le go bona dijo tse di lekaneng go godisa bana ba tsone.

Dinonyane tseno ga di na mebala e mentle go le kalo, mme tsela e e kgatlhang e di fofang ka yone le mekgabisa e e mo diphukeng tsa tsone e mentle mo e tlogelang ba ba di bogetseng ba tshwerwe ke kgakge. Buka ya Shorebirds—Beautiful Beachcombers e bega jaana: “Dinonyane tseno [tsa mo dintshing tsa mawatle] di kgona go fofela kwa tlase thata mo dintlha tsa diphuka tsa tsone di kgomang metsi, kgotsa di fofele kwa godimo thata kwa bogodimong jwa dikilometara di le thataro kgotsa go feta. Eleruri ke ditswerere tota fa go tsenwa mo go fofeng le mo go diriseng phefo go fofa.”

Di Itshireletsa ka go Nna ka Digopa

Dinonyane tseno gantsi di nna e le digopa mo go nang le dijo tse dintsi teng. Go bonala di rata go nna ka digopa jalo gore di kgone go sireletsana. Dinonyane tse di jang nama, tse di jaaka bophakwe, di rata go di tlhasela fa di di bona di itsamaela di le tsosi, mme go bonala fa di le digopa go di kgoreletsa go di tlhasela. Mme fa di le digopa jalo, di nna di ntshitse matlho dinameng mme di kgona go bona selo se se kotsi go sa ntse go na le nako. Mo segopeng se le sengwe go nna le mefuta e e farologaneng ya dinonyane tseno, mme seno se di thusa gore di nne di sireletsegile.

Fa segopa sa dinonyane tseno se simolola go fofa, ke tebego e e kgatlhang tota. Makgolokgolo, kgotsa diketekete tsa dinonyane tseno, di fofa e le segopa se se kgotlaganeng, di tla di menoga mo loaping, di ya kwa godimo le kwa tlase, go ntse jaaka e kete di tsamaisiwa ke letsogo lengwe le le sa bonaleng. Go ya ka buka ya Handbook of the Birds of the World, “Ntlha ya go bo dinonyane tseno tse di diketekete di kgona go fofa mmogo, ka lobelo lo lo kwa godimo jalo, ka tsela e e bokgeleke jalo, mme di sa thulane, ruri ke selo se se gakgamatsang.” Bomankge ba ba ithutang ka dinonyane, fa ba ne ba etse tlhoko bidio e e bontshang dinonyane tse di bidiwang di-dunlin, ba ne ba tlhokomela gore nonyane e le nngwe e ka nna ya simolola mathaithai a yone mme ka bonako fela tse dingwe mo segopeng seno di bo di latela.

Di Kgona go Dikologa Lefatshe Lotlhe

Dingwe tsa dinonyane tseno ruri ke ditswerere mo go tsamayeng go dikologa lefatshe. Ka sekai, tse di bidiwang makuru le di-sanderling di tsalela kwa dikarolong tse di kgakala thata tse di kwa bokone go feta tse dingwe. Dinonyane tseno tse di nnang gaufi le metsi, o ka di bona mo e batlang e le gongwe le gongwe fela mo lefatsheng mo dintshing tsa mawatle mme di kgona go tsamaya dikilomitara di le 32 000 ngwaga le ngwaga di ntse di tswa mo lefelong le lengwe di ya kwa go le lengwe.

Le mororo mangwe a maeto a dinonyane tseno di a tsayang a tlhoka gore di kgabaganye mawatle, ga di kgone go thuma e bile ga nke di ikhutsa mo metsing. Ka jalo di tshwanetse go nna le polokelo e e seng kana ka sepe ya maikatlapelo—a a fetang a a dirisiwang ke sefofane se segolo sa jete, se e reng fa se simolola go fofa se tshwanetseng sa bo se rwele lookwane lo lo lekanang diperesente di le 40 tsa boima jwa sone. Mme gone di dira jang gore di nne le maikatlapelo a di a tlhokang?

David Attenborough mo bukeng ya The Life of Birds o tlhalosa jaana: “Di kokotletsa [maikatlapelo] ka go nna le mafura a mantsi e bile di ja mmu o o loraga wa losi lwa lewatle ka go o huta gore mo dibekeng di le mmalwa fela di bo di na le boima jo bo menaganeng gabedi. Mafura ano, a mantsi thata go na le kafa dipalo di bontshang ka teng, ka gonne bontsi jwa dirwe tsa tsone tse di kafa teng, tse di akaretsang boboko le mateng, di a ngotlega gore di kgone go tsenya mafura a a oketsegileng mme di ntse di na le boima jwa tsone jo bo tlwaelegileng.”

Nngwe ya dinonyane tseno tse di kgatlhang, ke e e bidiwang lerweerwee, e e kgonang go fuduga go tswa kwa Alaska e ya kwa Ditlhaketlhakeng tsa Hawaii. Mo godimo ga gore e kgona go fofa sekgala sa dikilometara di le 4 500 e sa eme, selo se sengwe se se gakgamatsang thata ka yone ke gore e kgona go ya kwa Hawaii e ntse e fofa mo gare ga lewatle. Nonyane eno, e babatlisisi ba neng ba ntse ba e etse tlhoko fa e ntse e fofa, e ne ya kgona go tsaya loeto lono mo lobakeng lo lo kwa tlase ga malatsi a le manè. Nonyane nngwe ya lerweerwee e e tsofetseng e ne ya kgona go tsaya loeto lono go ya le go boa, makgetlho a feta a le 20!

Fa kgabagare di feleletsa di fitlhile kwa mafelong a tsone a a tsididitsididi a a kwa bokone a di tsalelang kwa go one, dinonyane tseno tse di tlholang di kgarakgatshega tse di kgonang go itshokela maemo a a boima di simolola botshelo jwa lepotlapotla. Mo sebakeng sa dibeke di le pedi fela di tshwanetse go bona molekane, di bone lefelo la go nna, di bo di itirele sentlhaga. Go tswa foo di tshwanelwa ke go elama mae a tsone mo dibekeng di le tharo mme mo dibekeng tse dingwe tse tharo di godise mamphorwana a tsone. Fa kgwedi ya July e fela, di boela gape kwa borwa.

Dikotsi Tse di Kopanang le Tsone fa di Ntse di Fuduga

Maeto a maleele a dinonyane tseno di a tsayang a na le dikotsi tse dintsi. Kotsi e kgolo e di lebanang le yone ke batho. Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, monna mongwe yo o ithutang ka dilo tsa tlhago e bong John James Audubon o ne a bega gore setlhopha sengwe sa batsomi se ne sa bolaya dinonyane tsa lerweerwee tsa Amerika di le 48 000 ka letsatsi le le lengwe. Gompieno jaana palo ya dinonyane tseno mo lefatsheng e ile ya oketsega mme go bonala e sa ntse e le kwa tlase fa e bapisiwa le palo ya tse di bolailweng mo letsatsing leo.

Kotsi e nngwe e kgolwane e dinonyane tseno di lebaneng le yone ke go nyelela ga mafelo a a loraga. Dinonyane tseno tse di tshelang mo dintshing tsa lewatle ga di kgone go tshela kwantle ga mafelo ano. Buka ya Shorebirds—An Identification Guide to the Waders of the World e tlhalosa jaana: “Dinonyane tseno di na le thulaganyo e di e latelang ya mafelo a di tsalelang mo go one, a di fudugelang mo go one le a di fetsang mariga mo go one, mme di e latela ka diketekete tsa dingwaga, mme go motlhofo thata gore motho a senye mafelo ao fela go sa mo re sepe.” Gore dinonyane tseno di tswelele pele di tshela, go botlhokwa thata gore mafelo a le mmalwa a a botlhokwa ano, a di ikhutsang mo go one a sirelediwe.

Sekai se segolo ke Delaware Bay, go bapa le losi lwa lewatle le le kafa borwabophirima jwa New Jersey, U.S.A. Koo makgolokgolo a dinonyane tsa makuru a phuthegelang gone ka dikgakologo go tla go ja mae a makakaie. Dinonyane tseno di ja mae ano ka go a huta, ka gonne di sa tswa go wetsa “loeto lo loleele go gaisa di sa eme.” Mo lobakeng lwa dibeke di le pedi di weditse dikilometara di le 8 000 di ntse di fofa go tla mo lefelong leno, go tloga kwa borwa botlhaba jwa Brazil, mme mo lobakeng lono di tla bo di setse di latlhegetswe ke halofo ya boima jwa mmele wa tsone.

Matsapa a batlhokomedi ba tlhago ba a tsayang go sireletsa mafelo ano a dinonyane tseno di ratang go ikhutsa mo go one a ka thusa go dira gore mafelo ano a se ka a senyega. Go ka direga gore go na le lefelo le le ntseng jalo gaufi le fa o nnang gone. Fa o ka bona segopa seno sa dinonyane se dira mathaithai a sone mo makhubung a lewatle kgotsa o ka utlwa di opela ka tsela e e amang maikutlo, ruri o ka se tlhole o di lebetse.

Jaaka monna yo mongwe yo o ithutang ka dilo tsa tlhago e bong Arthur Morris a kwala, “batho botlhe ba ba ratang go bogela dinonyane tseno ba tla go bolelela selo se le sengwe: mongwe le mongwe wa rona o kile a ema gantsintsi mo mabopong a lewatle mo go se nang batho teng, kgotsa mo mafelong a a loraga, mme re lebeletse kafa segopa sa dinonyane tsa di-sandpiper se fofang ka manontlhotlho se bontsha mebala ya diphuka tsa tsone ya bontsho jo bontle, di ntse di lelesela tsotlhe ka nako e le nngwe. Mme nako le nako fa seno se direga, re sala re kgatlhegile e bile re gakgametse.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Dinonyane tseno, tse gantsi di bonwang mo dintshing tsa mawatle, ke tsa mofuta wa Charadrii, mme go na le mefuta e feta 200 ya tsone.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Bomankge mo go Tsamayeng go Dikologa Lefatshe

Dinonyane tsa di-red knot” di tsaya sekgele fa go tliwa mo go tseyeng maeto a maleele thata. Tse di tsalelang kwa karolong e e kwa kgakalakgakala ya bokone jwa Canada gantsi di fetsa mariga kwa Yuropa Bophirima kgotsa kwa dikarolong tse di kwa bofelong jwa Amerika Borwa (tse di bokgakala jwa dikilomitara di le 10 000)

[Motswedi wa Setshwantsho]

KK Hui

Digopa tsa dinonyane tsa “di-dunlin” di ka nna milione di ne tsa bonwa kwa Netherlands le Mauretania

Dinonyane tse di bidiwang “di-godwit” tse di megatla e mekhutshwane di phatlalala go tswa mo lefelong le di tsalelang mo go lone kwa Siberia, di ya kwa Ditlhaketlhakeng tsa Boritane, kwa Afrika Borwa, Botlhabagare, Australia, kgotsa New Zealand

“Di-sanderling” di ka bonwa di khobakhoba gaufi le mabopo a lewatle mo e ka nnang gongwe le gongwe fela mo lefatsheng. Dingwe di ka nna tsa bo di tsalela dikilomitara di ka nna 950 gaufi le North Pole

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Dinonyane tseno di tshwanetse go ipolokela mafura a mantsi thata gore di kgone go kgabaganya mawatle ka gonne ga di kgone go ikhutsa mo metsing

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

“Di-sanderling” di rata go nna ka digopa gore di kgone go sireletsana

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

“Eurasian oystercatcher”

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Lekuru le le marontho le batla dijo mo lefelong le le ditsobotla

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

Top and bottom panoramic photos: © Richard Crossley/VIREO