Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mokoro wa Galalea—Letlotlo la Metlha ya go Kwalwa ga Baebele

Mokoro wa Galalea—Letlotlo la Metlha ya go Kwalwa ga Baebele

Mokoro wa Galalea—Letlotlo la Metlha ya go Kwalwa ga Baebele

KA MOKWADI WA TSOGANG! WA KWA ISERAELE

GO DIRAGETSE dilo tse di kgatlhang kwa Lewatleng la Galalea ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu. E ne e le lone letsha leno kgotsa mo dintshing tsa lone mo Morwa Modimo a ileng a tsamaya mo godimo ga lewatle gone, a kgalemela makhubu a a neng a tlhasetswe ke setsuatsue, a fepa batho ba ba diketekete ka tsela ya kgakgamatso a bo a fodisa le batho ba ba lwalang.

Ka 1986 go ne ga ribololwa sengwe se se gakgamatsang mo lotshitshing gaufi le ntlha e e kwa borwabophirima jwa Kaperenama ya bogologolo. E ne e le mokoro o o kileng wa tsamaya mo lewatleng leno morago kwa ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu. O ile wa bonwa jang? Mme re ka ithuta eng ka one?

O Ile wa Bonwa ka Ntlha ya Komelelo

Morago ga dingwaga di le dintsi tse ka tsone pula e neng e sa ne, Lewatle la Galalea le ile la tlhaselwa ke komelelo e e botlhoko ka selemo se se mogote sa 1985 mme go ne go pompiwa metsi go tswa mo letsheng leno la metsi a a seng letswai go nosetsa dijalo. Selekanyo sa metsi a teng se ile sa fokotsega thata mme ga bonala mafelo a a neng a ntse a fitlhegile kafa tlase ga metsi. Banna ba babedi ba e neng e le bana ba motho ba polasi e e gaufi, ba ne ba bona e le tshono e ntle ya go batla matlotlo a a fitlhegileng. Fa ba ntse ba feta mo mafelong a a neng a ntse a le kafa tlase ga metsi, ba ne ba bona madi mangwe a boronse le dipekere di le mmalwa. Morago ga foo ba ne ba o bona—sengwe se se motopo mo seretseng, se se supang lefelo le mokoro wa bogologolo o neng o fitlhegile gone. Ba ne ba bone letlotlo tota!

Baithutamarope ga ba ise ba ko ba akanye gore ba tla tsamaya ba bona mokoro wa dingwaga di le 2 000 mo Lewatleng la Galalea. Ba ne ba akanya gore ditshedinyana di ne di ka bo di sa bolo go senya logong la one. Le fa go ntse jalo, go bala dingwaga tsa dilo tsa bogologolo le madi a tshipi a a bonweng foo di ile tsa dira gore baitse ba swetse ka gore mokoro oo ke wa lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E. kgotsa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Go ne go gakgamatsa go bona kafa mmele wa mokoro ono o neng o bolokesegile ka teng. Go ne ga kgonega jang?

Go bonala mokoro ono o ne o tlogetswe mo lefelong le go sa tsamayeng batho thata, le le neng la dira gore karolo ya one yotlhe e e ka kwa tlase e khurumediwe ke mmu o o gogoletsweng mo lewatleng. Fa nako e ntse e tsamaya, mmu ono o ne wa nna thata. Ka jalo, o ne wa bolokiwa o sireletsegile ka makgolo dingwaga a ka nnang 20.

Fa dikgang tsa go ribololwa ga mokoro ono di ntse di anama, o ne wa fiwa leina la Mokoro wa ga Jesu. Gone ke boammaaruri gore go ne go se na ope yo tota a neng a akanya gore mokoro ono o ne o dirisiwa ke Jesu kgotsa barutwa ba gagwe. Le fa go ntse jalo, dingwaga tsa one le dilo tse o tshwanang ka tsone le mekoro e e tlhalosiwang ke dipego tsa Efangele di ne tsa ngoka kgatlhego ya baitse ba hisitori le ya bakanoki ba Baebele.

Mokoro ono o ne o le boleele jwa dimetara di le 8,2 le bophara jwa dimetara di le 2,3. Moagi wa one o ile a dirisa mokgwa wa go aga wa go simolola ka bokafantle pele. Ka mafoko a mangwe, go na le gore a tsenye dipolanka mo foreiming, o ile a di kokotela ka tlhamalalo mo ditlhomesong mme a bo a agelela dikarolo tse di fa thoko tsa mokoro go dira mmele wa one. Mokgwa ono o ne o dirisiwa thata go aga mekoro e e neng e tla tsamaya mo Lewatleng la Mediterranean. Le fa go ntse jalo, mokoro ono wa Galalea o ne o diretswe go tsamaya mo letsheng.

Go bonala fa kwa tshimologong mokoro ono o ne o na le seile e le nngwe e e khutlonnè. Difetlhametsi tsa tsone tse nnè di bontsha gore e ne e tlhoka batho ba ba ka nnang batlhano ba ba neng ba o kgweetsa—bakgweetsi ba le banè le a le mongwe yo o neng a laola leotwana la mokoro. Le fa go ntse jalo, mokoro ono o ne o kgona go rwala batho ba palo e e fetang eo gabedi. Go motlhofo go akanya ka mokoro o o ntseng jalo fa o bala ka barutwa ba le supa ba ba neng ba ntse ba tshwara ditlhapi fa ba tla tloga ba bona Jesu fa a sena go tsosiwa mo baswing.—Johane 21:2-8.

Ga go na pelaelo gore mokoro ono wa Galalea o ne o na le boalo jo bo kwa morago jo go neng go bewa matlowa a magolo a ditlhapi mo go jone. Mme kafa tlase ga mapolanka a one gantsi go ne go nna le lefelonyana le le fitlhegileng le batshwari ba ditlhapi ba neng ba a tle ba ikhutse gone. Go bonala e ne e le lefelo le le ntseng jalo le Jesu a neng a le dirisa ka nako ya fa go ne go tsoga phefo ya matsubutsubu, “o ne a le fa lemoragong la mokoro, a robetse mo godimo ga mosamo.” (Mareko 4:38) Go akanngwa gore “mosamo” oo e ka tswa e ne e le kgetsi e e tletseng mmu e e neng e bewa mo mokorong go thusa mokoro go itsetsepela. *

Batshwaraditlhapi mo Lewatleng la Galalea

Akanya o palame mokoro o o ntseng jalo mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Fa o tse o tsamaya ka one mo Lewatleng la Galalea, ke eng se o ka nnang wa se bona? Go na le batshwaraditlhapi, bangwe ba bone ba le mo mekorwaneng mme ba bangwe ba kgweetsa mekoro ya bone mo metsing a a seng boteng mme ba latlhela matlowa mo teng ga metsi. Ka botswerere jo ba nang le jone, ba dirisa seatla se le sengwe go latlhela matlowa ano a a boima a a bophara jwa dimetara di ka nna 6 kgotsa 8. Fa ba tsharolola matlowa a bone sentle mo godimo ga metsi, matlowa a tsena kafa tlase ga metsi mme a bo a tshwara ditlhapi. Mongwe wa batshwaraditlhapi a ka nna a gogela letlowa le le nang le ditlhapi mo lotshitshing kgotsa a tlolela mo teng ga metsi a bo a goga letlowa ka ditlhapi. Mo Baebeleng go tlhalosiwa fa Simone le Anderea ba ile ba “latlhela” matlowa a bone mo metsing, gongwe ba dira ka tsela e e tlhalositsweng fano.—Mareko 1:16.

Gape o ka bona le batshwaraditlhapi ba ntse ba tlotla monate fa ba ntse ba baakanya matloa a bone a magolo a ditlhapi. Letlowa leno le ka nna la bo le le boleele jwa dimetara di le 300, le akgega boteng jwa dimetara di le 8 mme go na le megala ya go le goga kafa dithoko. Batshwaraditlhapi ba tlhopha lefelo le ba batlang go tshwara ditlhapi mo go lone, bontlhanngwe jwa bone ba tswela mo lotshitshing ba tshwere mongwe wa megala e e gogang mokoro. Mokoro o tsamaya mo teng ga metsi o ntse o phutholola letlowa go fitlha le felela; morago go foo o a retologa, mme ka bonya o bo o goga letlowa o dira modiko o o felelang gaufi le lotshitshi. Morago ga foo, batshwaraditlhapi ba bangwe le bone ba fologa ka mogala o mongwe wa go goga. Fa ditlhopha tseno tse pedi tsa batshwaraditlhapi di ntse di atamalana, ba gogela ditlhapi tse ba di tshwareng mo lotshitshing.—Mathaio 13:47, 48.

Kwa kgakajana o kgona go bona motshwari wa ditlhapi a le mongwe a dirisa sekgoge le mogala. Jesu o kile a raya Petere a re a latlhele sekgoge sa gagwe sa ditlhapi mo go lone lewatle leno. O ka akanya fela gore Petere o ne a gakgamala jang fa a ne a tshwara tlhapi mme mo teng ga molomo wa yone a fitlhela ledi la tshipi—le a neng a le tlhoka go duela lekgetho la tempele ka lone.—Mathaio 17:27.

Fa go nna lotlatlana sengwe le sengwe se a didimala mo lewatleng. Go sa lebelelwa, tidimalo eo e fedisiwa ke batshwaraditlhapi ba ba dirang modumo ka dikgato tsa bone mo boalong jwa mokoro le go phatšhakanya difetlhametsi tsa bone mo metsing go dira modumo o mogolo ka mo ba ka kgona ka teng. Ka ntlha yang? Ba setse ba tsentse matlowa a dirai mo teng ga metsi ka tsela ya gore ditlhapi tse di tshosiwang ke modumo o ba o dirang di tshabele ka tlhamalalo mo teng ga serai seo. Letlowa leno, le le sa bonaleng mo lefifing, le dirilwe ka tsela ya gore ditlhapi di tshwarwe motlhofo. Matlowa a nna a ntse a busediwa gangwe le gape mo metsing bosigo jotlhe. Mo mosong, a a tlhatswiwa a bo a pegiwa gore a ome. O ka nna wa ipotsa gore, ‘A ditlhapi tse di tshwerweng ka tsela ya kgakgamatso tse di tlhalosiwang mo go Luke 5:1-7 di ne di tshwerwe go dirisiwa letlowa leno?

Tiro Ya go O Baakanya

A re boeleng mo motlheng wa rona. Go diragetse eng ka mokoro o o ribolotsweng? Le fa gone o ne o sa ntse o siame, o ne o tshwana fela le khatebokoso e e kolobileng. Go ne go se kitla go nna botlhale go o epolola fela go tswa mo lorageng. A bo go ne go tla utlwisa botlhoko jang gore e re morago ga gore mokoro ono o bolokesege nako e telele jaana o bo o senngwa fa o epololwa! E re ka go ne go boifiwa gore metsi a ne a tla oketsega gape, go ne ga agelelwa lebota mo lefelong le mokoro o leng mo go lone. Go ne ga agiwa dithanele kafa tlase ga mmele wa mokoro ono gore go tle go tsenngwe ditlhomeso tsa fiberglass. Mme fa seretse se ntse se tlosiwa ka kelotlhoko, mmele wa mokoro o ne o tshasiwa kafa teng le kafa ntle ka polyurethane foam go dirisiwa sesireletsi.

Kgwetlho e nngwe e ne e le go isa mokoro ono o o neng o ka senyega motlhofo kwa lefelong le le bokgakala jwa dimetara di le 300 go tswa mo o neng o le teng gore go simololwe tiro ya go o baakanya. O ne o setse o batla o nonofilenyana, le fa go ntse jalo, logong lwa teng lo lo bokoa lo ne lo tla thubagana fa o ne o ka tshikhinngwa thata. Batho ba ba neng ba berekana le one ba ne ba tla ka tharabololo e e botlhale. Ba ne ba bula lobota lo ba lo ageletseng mme ba dira gore metsi a tsene. Ka lekgetlho la ntlha mo makgolokgolong a dingwaga, mokoro ono, o jaanong o neng o apesitswe sesireletsi sa segompieno, o ne wa kokobala mo godimo ga Lewatle la Galalea.

Go ne ga agiwa tanka ya samente go tsenya mokoro ono ka nako ya fa o ntse o baakanngwa mme e ne ya tsaya sebaka sa dingwaga di le 14. Go ne ga nna le mathata fa tanka e ne e tlala ka diboko tsa mentsana, mme seno se dira gore go nne thata mo go ba ba tshwanetseng go tsena mo metsing ao go bereka mo mokorong. Le fa go ntse jalo, setlhopha se se neng se sireletsa mokoro ono se ne sa bona tharabololo e e sa bolong go dirisiwa e bile e le yone ya pele. Ba ne ba dirisa ditlhapi dingwe tsa St. Peter, tse di neng tsa ja diboko tseo mme tsa phepafatsa metsi.

Nako ya go omisa mokoro e ne e setse e fitlhile. Mme o ne o ise o nonofe gore o tlogelwe gore o ome fela ka tlholego. Metsi a a neng a nweletse mo teng ga logong a ne a tshwanetse gore a emisediwe ka sengwe se sele. Setlhopha sa babereki se ne sa dirisa mokgwa wa go emisetsa metsi ao ka boreku jwa maitirelo jo bo tlhaolesegang mo metsing, jo bo dirang gore logong lo kgone go oma kwantle ga go fetola popego ya lone.

Fa tiro ya go boloka le go sireletsa e sena go fela ka botlalo, go ne ga tswa mokoro o o tlwaelegileng fela. O ne o dirilwe ke mefuta e le 12 ya logong. Ka ntlha yang? Lebaka le lengwe e ka tswa e le ka go bo dikgong di ne di se dintsi ka nako eo. Lebaka le lengwe le le utlwalang thata e ka tswa e le gore mong wa one e ne e se motho yo o humileng. Mokoro ono o ne wa baakanngwa ka makgetlho a le mantsi pele ga gore kgabagare o tlogelwe gore o nwele mo metsing.

Mokoro ono wa Galalea o ka tswa o ne o sa amane ka gope le Jesu ka boene. Le fa go ntse jalo, mo bathong ba le bantsi ke letlotlo. O thusa batho go akanya ka makgolokgolo a mantsi a dingwaga a a fetileng mme ka leitlho la mogopolo ba kgone go bona gore botshelo bo ne bo ntse jang mo Lewatleng la Galalea mo metlheng e e botlhokwa ele ya bodiredi jwa ga Jesu mo lefatsheng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Bona setlhogo se se reng “Mo Lewatleng la Galalea,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 2005, tsebe 8, le yone e gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Badiri ba ile ba tsaya matsapa go tlosa seretse mo teng ga mokoro

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

E khurumeditswe ka “polyurethane foam”

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Morago ga mo e ka nnang dingwaga di le 2 000, mokoro ono o ne wa boa wa kokobala mo godimo ga metsi

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Setshwantsho sa kafa mokoro o ka tswang o ne o lebega ka teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Go bontshiwa mokoro wa Galalea—tiro ya go o boloka le go o sireletsa e weditswe

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

All photos except model and sea: Israel Antiquities Authority - The Yigal Allon Center, Ginosar