Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Thusa Jang Batho ba ba Tlhokang Thuso?

Nka Thusa Jang Batho ba ba Tlhokang Thuso?

Basha ba Botsa Jaana. . .

Nka Thusa Jang Batho ba ba Tlhokang Thuso?

“Ke solofela gore fa ke fetsa sekolo, ke tla bona tiro ya go nna ramotlakase. Ke batla go thusa go aga Diholo tsa Bogosi.”—Tristan, 14.

“Ke ntsha moneelo wa R120 go thusa mo go rekweng ga motšhine o mosha wa go gatisa. Ke madi a ke a fiwang ke batsadi ba me go a dirisa, mme ke batla go a lo neela.”—Abby, 9.

MO NAKONG eno e mo go yone batho bangwe ba itlhaganelang go tlhalosa basha e le batho ba ba ikakanyetsang ba le bosi, basha ba le bantsi—go akaretsa le ba ba nopotsweng fa godimo—ba itshupile ba sa nna jalo gotlhelele. Basha ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba dirisa nako, maatla le madi a bone go thusa ba bangwe. (Pesalema 110:3) Akanya ka dikai tse dingwe gape.

Fa mmèmogolo wa ga Jirah wa dingwaga di le supa a sena go tlhokafala, rremogolo wa gagwe o ne a mo naya mpho ya madi a a kana ka R225. Jirah o ne a dira eng ka madi ao? Kwa pokanong e e latelang ya phuthego, o ne a tsenya madi ao otlhe mo lebokosong la moneelo. Ka ntlha yang? Jirah o ne a tlhalosetsa mmaagwe jaana: “Ke na le ditshamekisi di le dintsi, mme ke ne ke na le mmèmogolo a le mongwe fela. Ke a itse gore Mmèmogolo o ne a ka bo a batlile gore ke ntshe madi ano moneelo, ka gonne o ne a rata Jehofa thata.”

Hannah wa dingwaga tse tlhano wa kwa United States o rata dipitse. O ne a batla go reka pitse ya setshamekisi e e neng e ja madi a a kana ka R450. Go leka go ruta Hannah botlhokwa jwa go boloka madi, batsadi ba gagwe ba ne ba tle ba mo neye madi a a ka a tsenyang mo letlolenyaneng la gagwe. Go ise go ye kae, Hannah o ne a setse a na le madi a a lekaneng go ka reka pitse ya gagwe.

Le fa go ntse jalo, ka nako eo, kgwanyape e e bidiwang Katrina e ne ya senya Gulf Coast. Hannah o ne a tshwenyegile ka batho ba ba neng ba senyegetswe, mme o ne a swetsa go ntsha madi a gagwe otlhe a a a bolokileng moneelo—madi a a fetang R610—gore a ba thuse. Hannah o ne a kwalela ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa a re: “Ke batla go lo naya madi ano ka gonne ke rata Jehofa mme ke batla go thusa.” A Jehofa o bona ditiro tse di ntseng jalo tsa bopelotshweu? Baebele ya re: “Lo se ka lwa lebala go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe, gonne Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.”—Bahebera 13:16.

Mosetsanyana mongwe yo o bidiwang Tiffany, yo le ene e leng wa kwa United States, o ne a ikgolaganya le ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa morago ga gore go nne le dikgwanyape di le pedi kwa Florida ka 2004. O ne a kwala jaana: “Nna le nnake Timothy re rata go ntsha $110 [R670] moneelo. Ntlo ya gaetsho ga ya ka ya senyega go le kalo, mme re ile ra bona se ditsuatsue tseno di se dirileng mo matlong a mangwe. Re ne re batla go thusa, ka jalo ra simolola go boloka madi a rona. Timothy o ne a amogela $10 [R60] ka ntlha ya go thusa go ntsha drywall mo ntlong mme nna ke ne ka kgona go boloka $100 [R610].” Tiffany o na le dingwaga di le 13 mme kgaitsadie e bong Timothy o na le dingwaga di le 7 fela! Go direga eng fa re akanyetsa batho ba bangwe? Diane 11:25 ya re: “Yo o nosetsang ba bangwe ka bopelotshweu le ene o tla nosediwa ka bopelotshweu.”

Setlhopha sengwe sa basha ba Basupi kwa United States, ba dingwaga tsa go tloga ka 4 go ya go 15, ba ne ba utlwa gore badumedi ka bone mo Afrika ba tlhoka Diholo tsa Bogosi. Ka jalo ba ne ba swetsa ka gore ba tseye kgato. “Re ne ra rekisa dibisikiti le dimafini re di rekisetsa mo jarateng mme re ne ra dira madi a a kana ka $106,54 [R647,76]. Re ne ra bolelela batho gore madi ao a tla dirisediwa go agela batho ba kwa Afrika mafelo a ba ka kopanelang mo go one gore ba ithute Baebele. Ba le bantsi ba ne ba tsibogela seno sentle. Go re tsere diura di le robongwe go di rekisa mme ga ya ka ya nna matsapa a lefela ka gonne re ne re direla Jehofa!”

O ka Kgona go Thusa

Basha ba maitemogelo a bone a umakilweng fa godimo ba ile ba bona boammaaruri jwa mafoko ano a ga Jesu: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Le wena o ka ipelela boitumelo jwa go aba. Ka ditsela dife?

A o utlwaletse dipego tsa badumedi ka wena ba ba tlhokang go thusiwa? Ka sekai, a go ile ga nna le masetlapelo a tlholego? Leka go akanya gore go tla nna jang fa o ka latlhegelwa ke ntlo ya ga lona, dithoto kgotsa le e leng go swela ke ba o ba ratang. Moaposetoloi Paulo o ne a re Bakeresete ba tshwanetse go “tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang [bone] fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.” (Bafilipi 2:4) Le fa o ka tswa o nna kgakala le kwa go nnileng le masetlapelo a tlholego gone, gongwe o ka ntsha moneelo o o tla thusang mo tirong ya go namola e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa. *

Go na le ditsela tse dingwe tse o ka thusang ka tsone fa go na le batho ba ba tlhokang thuso. Ka sekai, fa e le gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke eng fa o sa lebe mo Holong ya lona ya Bogosi? A go na le batho ba ba setseng ba tsofetse kgotsa ba bangwe ba ba ka ratang go thusiwa? A o ka ba thusa ka go ba direla ditiro dingwe tsa lelapa? Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Baroma jaana: “Mo loratong lwa bokaulengwe bontshang lorato lwa bopelonomi. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Baroma 12:10) Fa o bona go na le se o ka thusang ka sone, ithaopele go thusa. Iketleetse go dira le ditiro tse di lapisang. Mme gakologelwa gore go direla ba bangwe go amana thata le go direla Modimo. Baebele ya re: “Yo o utlwelang motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa, mme O tla duela tsela e a neng a mo tshwere ka yone.”—Diane 19:17.

Mme gone, tsela e e molemolemo ya go thusa ba bangwe ke ka go ba bolelela ka se o se itseng ka Lefoko la Modimo e leng Baebele. Jesu o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Gone jaanong, batho ba tlhoka go utlwa ka molaetsa wa boammaaruri jwa Baebele o o bolokang botshelo go feta lefa e le leng pele. Ka jalo, tswelela ka go nna le seabe ka metlha le ka tlhoafalo mo tirong ya go rera, o tlhatswegile pelo gore ‘tiro e o e dirang ka natla ga se ya lefela.’—1 Bakorintha 15:58.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Meneelo e e ntshediwang thuso ya namolo e e kgethegileng e amogelwa ka kanaanelo. Le fa go ntse jalo, re ka rata gore meneelo e e ntseng jalo e ntshediwe tiro ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa, ka gonne madi a tsewa mo meneelong eo fa go tlhokega.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ A o ka akanya ka mongwe yo o ka ratang go thusiwa?

▪ O ka dira eng go thusa?

[Mafoko a a mo go tsebe 25]

“Lo se ka lwa lebala go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe, gonne Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.”—Bahebera 13:16

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

KE ENG FA O TSHWANETSE GO ITHUTA GO ABA?

“Go bona batsadi ba me ba dirisa nako ya bone le maatla a bone go direla Jehofa le baagelani ba bone go ile ga dira gore le nna ke batle go tshela jaaka bone. Rre o ne a nthaya a re: ‘Ga go re sepe gore se o se dirang se sennye go le kana kang, sengwe le sengwe se o se direlang Jehofa se nnela ruri. Jehofa o tshelela ruri mme o tla se gakologelwa go ya go ile. Mme go itshelela ga go na mosola. Fa o swa, se o neng o se dira se swa le wena.’”—Kentaro, 24, Japane.

“Go bua boammaaruri, ke ne ke sa batle go thusa batho ba ba tsofetseng ka go ba direla dilo mo gae ka Matlhatso thapama. Ke ne ke batla fela go itumela le ditsala tsa me. Le fa go ntse jalo, fa ke ne ke itisa le batho ba ba setseng ba tsofetse, ke ne ka go itumelela. Ka go dira jalo, ke ne ka simolola go bona gore ke batho ba ba tshwanang le nna, ba le bone ba kileng ba bo ba le basha. Seno se ne sa ntlhotlheletsa gore ke ba thuse.”—John, 27, Engelane.

“Fa ke ne ke sa ntse ke le monnye, ke ne ke thusa go phepafatsa Holo ya Bogosi le go dira ditiro tse dingwe. Gape ke ne ke rata go direla ba bangwe mo phuthegong ditiro tse di rileng. Fa o thusa mongwe, o bona kafa seo se mo itumedisang ka teng. Ka sekai, nkile ka ya le ba bangwe go ya go tsenya ‘wallpaper’ kwa foleteng ya kgaitsadi mongwe yo o setseng a tsofetse. A bo a ne a itumetse jang ne! Fa o dira gore mongwe a itumele le wena o a itumela.”—Hermann, 23, Fora.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Basha ba le bantsi ba ntsha meneelo ya madi go thusa batho ba ba tlhasetsweng ke masetlapelo a tlholego