Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Re e Itumeletse Tota!”

“Re e Itumeletse Tota!”

“Re e Itumeletse Tota!”

“Buka eno e balega monate tota, ditshwantsho tsa yone di ama maikutlo fela thata, karolo ya teng ya dintlha tse di oketsegileng e thusa tota, ruri e ama pelo. A bo re e itumeletse thata jang ne!”—John le Paula.

“Tsela e e utlwalang sentle e buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e tlhalosang dilo ka yone, le tsela e go leng motlhofo ka teng go e tlhaloganya, e jesa kgakge! Ga go pelaelo gore e tlile go tlhotlheletsa baithuti ba basha ba Baebele gore ba tlogele dilo tsotlhe tse di neng di ba kgoreletsa go direla Jehofa ka pelo yotlhe. Lo tshwanetse lwa bo lo kgona go bona gore tsela e ke itumeletseng buka eno ka yone, ga ke na mafoko go e tlhalosa.”—Joe.

“Lo kgonne go bona sentle se tota batho ba se akanyang, se tota se diregang mo megopolong ya bone. E bile lo kgonne le go ntsha dikarabo tsotlhe go tswa mo lefokong la Modimo, e leng Baebele.”—Robert.

“Ke itumeletse buka eno fela thata, ke rata le dipolelo tsa yone tse di bonolo go tlhaloganngwa le ditlhaloso tse di utlwalang sentle. Ruri e tlile go ama dipelo tsa ba le bantsi.”—Norma.

Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?—ya ditsebe di le 224, e e nang le ditshwantsho tse dintle tsa mebalabala—e gone ka dipuo di le 140, mme o ka kgona go e kopa. O ka e kopa ka go tlatsa setlankana se se fano, o bo o se romela mo atereseng e e fa tlase, kgotsa mo go nngwe ya diaterese tse di mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

Ikopele ya gago!

□ Ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

□ Tsweetswee ikopanyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya Baebele.