Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Seeledi se se Botlhokwa go di Gaisa Tsotlhe ke Sefe?

Seeledi se se Botlhokwa go di Gaisa Tsotlhe ke Sefe?

Seeledi se se Botlhokwa go di Gaisa Tsotlhe ke Sefe?

“Madi mo boitekanelong jwa motho a tshwana le oli mo sepalangweng.”—Arthur Caplan, mokaedi mo setheong se se laolang dipatlisiso mo go tsa kalafi kwa Yunibesithing ya Pennsylvania.

OLI. A ke sone seeledi se se botlhokwa go di gaisa tsotlhe? Mo metlheng eno ya rona, e mo go yone ditlhwatlhwa tsa lookwane di nnang di tlhatloga nako le nako, ba le bantsi ba ka nna ba akanya jalo. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore mongwe le mongwe wa rona o na le dilitara di le mmalwa tsa seeledi se se botlhokwa le eleng go feta. Akanya fela ka ntlha eno: Jaaka fa ngwaga le ngwaga go ntshiwa dibarele di le dibilione tsa oli mo lefatsheng go kgona go thusa batho ka lookwane lo ba lo tlhokang, go ntshiwa diyuniti di le dimilione di ka nna 90 tsa madi mo bathong ka tsholofelo ya gore go tlile go thusiwa ba bangwe ba ba lwalang. * Palo eo e e kwa godimo thata jalo e emela madi a batho ba ka nna 8 000 000.

Le fa go ntse jalo, madi, fela jaaka oli, go bonala a tlhaela. Ba tsa kalafi lefatshe ka bophara ba tlhagisa batho ka go tlhaela ga madi. (Bona lebokoso le le reng “Go Lekwa Ditsela Tsotlhe go Bona Madi.”) Ke eng se se dirang gore madi a nne botlhokwa jaana?

Serwe sa Mofuta wa Sone Fela

Ka ntlha ya tsela e madi a raraaneng ka yone, gantsi a tshwantshanngwa le serwe sa mmele. Dr. Bruce Lenes o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Madi ke sengwe sa dirwe tse dintsintsi tsa mmele—se se gakgamatsang thata e bile e le sa mofuta wa sone fela.” Ee, ke serwe sa mofuta wa sone fela! Buka nngwe e tlhalosa madi e le “sone fela serwe sa mmele se e leng seeledi.” Yone buka eno ya re madi ke “thulaganyo e e tshelang ya dipalangwa.” Se se kaya eng?

Rasaense mongwe e bong N. Leigh Anderson o ne a tlhalosa gore thulaganyo ya go tsamaisa madi mo mmeleng e tshwana le mosele o mogolo o o tsamaisang dilo tse di phepa le tse di leswe. Jaaka fa madi a ntse a tsamaya dikilomitara di le 100 000 mo thulaganyong ya mmele ya go tsamaisa madi, a tsamaya a kopana le mo e ka nnang thishu nngwe le nngwe ya mmele, e e akaretsang pelo, diphilo, sebete, le makgwafo—e leng dirwe tse di botlhokwa thata mo go direng madi e bile di a tlhoka.

Madi a tlisetsa disele tsa mmele wa gago dilo di le dintsi tse di phepa, tse di tshwanang le okosejene, dikotla, dilwantshaditwatsi, mme gape a tlosa le leswe, le le tshwanang le khabonetaeokosaete e e botlhole, leswe la disele tse di suleng le tse di senyegileng, le leswe le lengwe. Lebaka la go bo gape madi a bereka go rwala leswe le re thusa go bona gore ke ka ntlha yang fa go ka nna kotsi go tsenwa ke madi fa a sena go tswa mo mmeleng. Mme ga go na ope yo o ka go tlhomamisetsang gore leswe lotlhe le le mo mading le bonwe e bile le ntshitswe pele ga a tsenngwa mo mothong yo mongwe.

Kwantle ga pelaelo, madi a dira tiro e e botlhokwa thata mo botshelong. Ke ka lebaka leo ba tsa kalafi ba nang le go tshela madi mo balwetseng ba ba latlhegetsweng ke madi a mantsi. Dingaka di le dintsi di tla go bolelela gore go dirisa madi ka tsela eno mo go tsa kalafi ke gone mo go dirang gore madi a nne botlhokwa thata jaana. Le fa go ntse jalo, dilo di ntse di fetoga mo go tsa kalafi. Re ka bua ra re go ntse go direga diphetogo tse dikgolo ka iketlo. Dingaka di le dintsi tse di tlwaelegileng le tse di arang ga di tlhole di le bonako jalo go tshela batho madi jaaka di ne di dira pele. Ka ntlha yang?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Yuniti e le nngwe ke dimililitara di le 450 tsa madi.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]

Go Lekwa Ditsela Tsotlhe go Bona Madi

Bomankge ba tsa kalafi ba lekanyetsa gore ngwaga le ngwaga go tlhokega diyuniti tse dingwe di le dimilione di le 200 tsa madi lefatshe ka bophara. Diperesente di le 82 tsa baagi ba lefatshe ba nna kwa dinageng tse di sa ntseng di tlhabologa, le fa go ntse jalo, mo mafelong ano go abiwa diperesente tse di kwa tlase ga di le 40 fela tsa madi. Maokelo a le mantsi mo dinageng tseno a tshwanelwa ke go alafa balwetse a sa dirise madi. Lokwalodikgang longwe lwa kwa Kenya, e leng The Nation, lo bega gore ‘letsatsi le letsatsi mo e ka nnang halofo ya dikaro tse di tlhokang tshelo ya madi di a phimolwa kgotsa di beelwa go dirwa ka nako e nngwe ka gonne go se na madi a a lekaneng.’

Mme le dinaga tse di humileng di na le mathata a go se nne le madi a a lekaneng. Jaaka fa batho ba tshela lobaka lo loleelenyana mme le mekgwa ya kalafi e ntse e gatela pele, go ile ga nna le dikaro di le dintsi. Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba ba batlang go aba madi a bone mo malatsing ano ga ba amogelwe ka gonne ba tshela matshelo a a dirang gore ba tsenwe ke malwetse, kgotsa ka gonne ba kile ba etela mafelo a a ka dirang gore ba tsenwe ke malwetse mangwe.

Go bonala ba ba tlhokomelang mabolokelo a madi ba sa itse gore ba direng. Ka dinako tse dingwe ba batla madi mo basheng, ba gantsi ba tshelang sentle, ka gonne madi a bone a se na dikotsi. Ka sekai, diperesente di le 70 tsa madi kwa Zimbabwe di abiwa ke bana ba ba tsenang sekolo. Ditheo tsa mabolokelo a madi di nna di butse ka lobaka lo loleele, e bile dinaga dingwe di letla ditheo tseno gore di ntshe sengwe go dira gore batho ba le bantsi ba abe madi a bone mme ba nne ba tle nako le nako go tla go aba madi a bone. Go ne ga simololwa letsholo lengwe kwa Repaboliking ya Czech, le mo go lone baagi ba koo ba neng ba lalediwa gore ba timole lenyora la bone ka dilitara tsa bojalwa fa ba ne ba ka aba madi a bone! Bosheng jaana mo kgaolong nngwe kwa India, badiredi ba puso ba ne ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba senkana le batho ba ba ka abang madi a bone go thusa mabolokelo a a felelwang ke madi.