Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tumelo ya Ngwana

Tumelo ya Ngwana

Tumelo ya Ngwana

DUSTIN o ne a simolola go kopanela fa mmaagwe a ithuta Baebele le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Le fa gone a ne a le dingwaga di le 11 fela, o ne a kgona go akanyetsa dilo kwa teng e bile a botsa dipotso tse di nang le tlhaloganyo. Go ise go ye kae o ne a kopa gore kgaitsadi yo e kileng ya bo e le morongwa yo o neng a ithuta le mmaagwe a ithute Baebele le ene. O ne a simolola le go bolelela bana ba a tsenang sekolo le bone ka dilo tse a di ithutang.

Dustin o ne a simolola go nna teng kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi e e mo lefelong la bone, le go araba dipotso fa go tlhokega gore bareetsi ba nne le seabe. Fa ene le bomonnawe ba ne ba etetse rragwe, rragwe o ne a gatelela gore ba ye kerekeng mmogo. Dustin o ne a tlhalosa lebaka la go bo a batla go ya kwa Holong ya Bogosi. Rragwe o ne a dumela mme a re o tla mo letla go ya koo.

Maitsiboa mangwe morago ga pokano kwa Holong ya Bogosi, mmaagwe Dustin o ne a sa mmone. Kwantle ga go bolelela mmaagwe, o ne a ya go bua le molebedi wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mme a mo kopa gore a mo kwadise mo sekolong. Mmaagwe o ne a dumela. Ka boitumelo o ne a letela puo ya gagwe ya ntlha ka go swegaswega pelo. Le fa go ntse jalo, ka yone nako eo, o ne a simolola go nna le ditlhabi tse di botlhoko mo nokeng mme o ne a isiwa kwa dingakeng tse di farologaneng gore di mo tlhatlhobe. Kgabagare, letsatsi le le botlhokwa la gore Dustin a neele puo ya gagwe kwa Holong ya Bogosi le ne la goroga. Ka nako eo, o ne a setse a dirisa dithobane tse di mo thusang go tsamaya. Le fa gone go ne go bonala gore o utlwa botlhoko, o ne a ya kwa seraleng a sa tsaya dithobane tsa gagwe tse di mo thusang go tsamaya.

Ka bonako morago ga foo, go ne ga lemogiwa gore Dustin o na le bolwetse jo bo bidiwang Ewing’s sarcoma, mofuta mongwe wa kankere ya marapo e e sa tlwaelegang. O ne a fetsa karolo e kgolo ya ngwaga o o latelang a le kwa kokelong ya bana ya kwa San Diego, kwa California. Kalafi ya dikhemikale, kalafi ya marang mme kgabagare go kgaolwa leoto la moja le lerapo la noka, ga di a ka tsa koafatsa tumelo le lorato lwa gagwe le legolo ka Jehofa. Fa a ne a setse a le bokoa thata go ka ipalela, mmaagwe, yo o neng a se nke a tloga fa thoko ga gagwe, o ne a mmalela.

Le mororo seemo sa ga Dustin se ile sa nna maswe thata, o ne a se ke a ngongorega. O ne a nna a tshwaregile, a ntse a tsamaya ka setulo sa gagwe sa maotwana a kgothatsa balwetse ba bangwe le batsadi ba bone, go akaretsa le molwetse mongwe wa Mosupi. Badiri ba kokelo ba ne ba kgona go bona gore Dustin le mosha yoo wa Mosupi ba ne ba farologane—tumelo ya bone e ne e ba nonotsha.

Dustin o ne a batla go kolobediwa. Ka jalo, a ntse a rapame mo sofeng, ka go bo a le bokoa thata go ka nna, bagolwane ba Bakeresete ba ne ba tlhatlhoba le ene dipotso tse di bodiwang batho ba ba batlang go kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa. Ka October 16, 2004, Dustin o ne a kolobediwa kwa kopanong ya potologo, a le dingwaga di le 12 le sephatlo.

Fa puo ya kolobetso e tla tloga e simolola, Dustin o ne a kgoromediwa ka setulo sa gagwe sa maotwana go ya go nna le batho ba bangwe ba ba yang kolobetsong. Fa ba kopiwa gore ba eme ka dinao, Dustin o ne a ema ka leoto le le lengwe, a apere sutu ya gagwe e ntle, a itshwareletse ka setulo. O ne a araba dipotso tsa kolobetso ka lentswe le le kwa godimo le le utlwalang sentle. Ba lelapa la gaabo Dustin botlhe ba ne ba le teng, go akaretsa le rragwe yo o mo tshotseng le mmagwe wa bobedi. Badiri ba kwa kokelong le batsadi ba bana ba bangwe ba ba tshwerweng ke kankere le bone ba ne ba le teng.

Letsatsi morago ga gore Dustin a kolobediwe, o ne a boa a ya kwa kokelong. Kankere e ne e setse e fetetse mo marapong otlhe mo mmeleng wa gagwe. Fa a ntse a koafala mme a lemoga gore o tla tloga a tlhokafala, o ne a botsa mmaagwe gore a o a swa. Mmaagwe o ne a araba ka go mmotsa a re: “Ke ka ntlha yang fa o botsa, a o tshaba go swa?”

O ne a re: “Nnyaa. Ke tla tswala matlho fela mme fa ke a bula mo tsogong ya baswi, go tla bo go ntse jaaka e kete ke ne ke sa tswa go a tswala motsotswana fela. Nka se tlhole ke utlwa botlhoko.” Go tswa foo a tlhalosa jaana: “Ke tshwenyegile fela ka ba lelapa la gaetsho.”

Dustin o ne a tlhokafala kgwedi e e latelang. Kwa phitlhong ya ga Dustin, go tlile dingaka, baoki le ba malapa a badiri ba kwa kokelong, barutabana, baagelani, le ba lelapa la gaabo Dustin—ba e leng Basupi ba ga Jehofa le ba e seng Basupi. Dustin o ne a kopile gore batho botlhe ba ba nnang teng mo phitlhong ba neelwe bosupi jo bo molemo ka dilo tse a neng a di dumela. Molebedi wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, yo a neng a mo abela puo e le nngwe e a ileng a kgona go e neela, o ne a neela puo e e molemo e e neng ya nonotsha tumelo ya batho ba ba neng ba le teng foo.

Makwalo a mabedi a Dustin a neng a a rata thata a ne a gatisiwa a bo a neelwa batho ba ba neng ba le teng kwa phitlhong ya gagwe—Mathaio 24:14 le 2 Timotheo 4:7. Tumelo ya gagwe e e nonofileng le go ikanyega ga gagwe go ne ga kgothatsa batho botlhe ba ba neng ba mo itse. Re lebeletse go boa re mo amogela gape ka tsogo ya baswi.—Jaaka go boletse Mosupi yo o neng a ithuta le Dustin.

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

“Ke tlhabane tlhabano e e molemo, ke tabogile lobelo go ya bofelong, ke bolokile tumelo.”—2 Timotheo 4:7

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Kwa godimo: Dustin, fa a ne a sa ntse a na le botsogo jo bo siameng

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Kwa tlase: Fa Dustin a kolobediwa, a le dingwaga di le 12 le sephatlho