Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo O ne Wa Bopa Ditshedi ka go Dirisa Mokgwa wa go Iphetogela ga Dilo go Nna tse Dingwe?

A Modimo O ne Wa Bopa Ditshedi ka go Dirisa Mokgwa wa go Iphetogela ga Dilo go Nna tse Dingwe?

A Modimo O ne Wa Bopa Ditshedi ka go Dirisa Mokgwa wa go Iphetogela ga Dilo go Nna tse Dingwe?

“O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.”—TSHENOLO 4:11.

KA BONAKONYANA fela morago ga gore Charles Darwin a anamise kgopolo ya gore dilo di nnile teng ka gore tse dingwe di iphetogele fela ka botsone go nna tse dingwe, ditumelo di le dintsi tse di ipitsang tsa Bokeresete di ne tsa simolola go batla ditsela tsa go nyalanya go dumela ga tsone mo Modimong le go dumela mo kgopolong eno ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe.

Gompieno, dikereke di le dintsi tse di itsegeng tsa “Bokeresete” di bonala di rata go amogela kgang ya gore Modimo o tshwanetse a bo a ile a dirisa mokgwa ono wa go iphetogela ga dilo go nna tse dingwe ka tsela nngwe fa a ne a bopa ditshedi. Dingwe di ruta gore Modimo o dirile lobopo ka tsela ya gore dikhemikale tse di sa tsheleng, tsone ka botsone di iphetole go nna dilo tse di tshelang, mme kgabagare di feleletse di dirile motho. Ba ba dumelang thuto eno, e go tweng ke go dumela mo go reng Modimo o dirisitse mokgwa wa go iphetogela ga dilo go nna tse dingwe go bopa dilo, ba dumela gore e ne ya re fela fa tiragalo ya popo e sena go simolola, Modimo ga wa ka wa tlhola o tsenya letsogo. Ba bangwe ba akanya gore totatota Modimo o ne wa letla mokgwa wa go iphetogela ga dilo ka botsone di nna tse dingwe gore o dire mefuta e le mentsi ya dimela le diphologolo, mme nako le nako o ne a ntse a tsenelela go dira gore mokgwa ono o kgone go fetela mo logatong lo lo latelang.

Go Nyalanya Dithuto Tse Pedi Tseno—A go A Kgonega?

A thuto eno ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe e tsamaisana le se se rutiwang ke Baebele? Fa e le gore e boammaaruri, he go raya gore pego ya Baebele kaga go bopiwa ga motho wa ntlha, e bong Adame, tota ke kgang fela e boikaelelo jwa yone e leng go re ruta thuto nngwe kaga boitshwaro, mme ga go a tshwanelwa gore e tsewe jaaka e ntse. (Genesise 1:26, 27; 2:18-24) A ke kafa Jesu a neng a leba pego eno ya Baebele ka teng? Jesu o ne a re: “A lo ne lwa se ka lwa bala gore yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’? Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Mathaio 19:4-6.

Jesu fano o ne a nopola pego e e buang ka popo e e kwadilweng mo go Genesise kgaolo 2. Fa e le gore Jesu o ne a dumela gore lenyalo la ntlha e ne e le la ditlhamane fela, a o ne a tla bua ka lone go tshegetsa ntlha e a neng a e ruta, e leng gore lenyalo ke selo se se boitshepo? Nnyaa. Jesu o ne a umaka pego ya Genesise ka gonne a ne a itse gore ke selo se se diragetseng.—Johane 17:17.

Barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba dumela pego ya Genesise e e buang ka popo. Ka sekai, Efangele ya ga Luke e re naya lenaane la tatelano ya losika lwa boJesu go ya go fitlha fela kwa go Adame. (Luke 3:23-38) Fa e ne e le gore Adame ke motho wa tlhamane fela, ke bomang mo lenaaneng leno la tatelano ya losika ba e neng e tla bo e le batho ba mmatota, mme ke bomang ba e neng e tla nna batho ba tlhamane fela? Fa e le gore tshimologo ya losika lono ke batho ba ditlhamane fela, go bua ga ga Jesu a re ke Mesia, yo o tshotsweng mo losikeng lwa ga Dafide, go ne go tla bo go le boammaaruri go le kana kang? (Mathaio 1:1) Luke, mokwadi wa Efangele o ne a re o “latedisitse dilo tsotlhe ka tlhomamo go tswa kwa tshimologong.” Go bonala sentle gore o ne a dumela gore pego ya Genesise e e buang ka popo e boammaaruri.—Luke 1:3.

Tumelo ya ga moaposetoloi Paulo mo go Jesu e ne e golagana le go dumela ga ga Paulo pego ya Genesise. O ne a kwala a re: “E re ka loso lo le ka motho, tsogo ya baswi le yone e ka motho. Gonne fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.” (1 Bakorintha 15:21, 22) Fa e le gore Adame ga se ene mogologolwane wa batho botlhe ka tsela ya mmatota, ene yo ‘boleo bo neng jwa tsena mo lefatsheng ka ene le loso ka boleo,’ ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a tshwanelwa ke go swa gore a dirolole ditlamorago tsa boleo jo re bo ruileng?—Baroma 5:12; 6:23.

Go dira gore motho a se ka a nna le tumelo mo pegong ya Genesise e e buang ka popo, go tshwana le go reketlisa one motheo wa tumelo ya Bokeresete. Thuto ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe le dithuto tsa ga Keresete ga di tsamaisane. Go leka go nyalanya dithuto tse pedi tseno go ka dira fela gore motho a feleletse a na le tumelo e e bokoa e e tla dirang gore a feleletse a ‘heheutlelwa kwa le kwa jaaka e kete o heheutlwa ke makhubu e bile a akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto.’—Baefeso 4:14.

Tumelo e e Theilweng mo Motheong o o Nitameng

Ka makgolokgolo a dingwaga Baebele e ile ya nna ya tshwaiwakaka diphoso le go tlhaselwa. Mme nako le nako e ile ya nna ya itshupa e le boammaaruri. Fa Baebele e bua ka hisitori, boitekanelo, le saense, nako le nako dipego tsa yone di ile tsa nna tsa itshupa gore di ka ikanngwa. Kgakololo ya yone malebana le ditirisano tsa batho e a ikanyega e bile ga e felelwe ke nako. Difilosofi le dithuto tsa batho, fela jaaka bojang jo botala, di a tlhoga di bo di swaba fa nako e ntse e ile, mme Lefoko la Modimo “le tla nna ka bosakhutleng.”—Isaia 40:8.

Thuto ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe ga se thuto ya saense fela. Ke filosofi ya batho e e ileng ya simologa ya ba ya nna ya gola ka masomesome a dingwaga. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, thuto e e dumelwang gone jaanong ya ga Darwin ya gore dilo di ile tsa iphetogela ka botsone go nna tse dingwe, yone ka boyone e ile ya nna ya fetoga ka iketlo—mme ya fetoga fela thata—jaaka fa batho ba ntse ba leka go tlhalosa bosupi jo bo ntseng bo oketsega jo bo bontshang gore dilo tse re di bonang mo lefatsheng di bopilwe. Re go kgothaletsa gore o nne o sekaseke kgang eno go ya pele. O ka dira jalo ka go sekaseka ditlhogo tse dingwe tse di mo makasineng ono. Mo godimo ga moo, o ka rata gape go bala dikgatiso tse di bontshitsweng mo tsebeng eno le mo tsebeng ya 32.

Go ka direga gore fa o sena go batlisisa ka kgang eno, o fitlhele gore go ikanya ga gago se Baebele e se buang ka dilo tsa nako e e fitileng go a nonotshiwa. Se se botlhokwa le go feta, tumelo ya gago mo go se Baebele e se solofetsang ka isagwe e tla nonotshiwa. (Bahebera 11:1) Gape o ka nna wa iphitlhela o tlhotlheletsega go baka Jehofa, “Modiri wa legodimo le lefatshe.”—Pesalema 146:6.

DIKGATISO TSE DINGWE TSE O KA DI BALANG

Buka ya Batho Botlhe Mo boroutšhareng jono go tlotlwa ka dikai tsa dilo tse di bontshang gore Baebele e boammaaruri

Is There a Creator Who Cares About You? Tlhatlhoba bosupi jo bongwe jwa saense, o bo o ithute gore ke ka ntlha yang fa Modimo yo o amegang a letleletse pogo e kanakana

Totatota Baebele e Ruta Eng? Potso e e reng Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe? e arabiwa mo kgaolong 3 ya buka eno

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

Jesu o ne a dumela pego ya Genesise e e buang ka popo. A o ne a dumela selo se se seng boammaaruri?

[Lebokoso mo go tsebe 9]

FA GO BUIWA KA GO IPHETOGELA GA DITSHEDI KA BOTSONE DI NNA TSE DINGWE GO TEWANG?

Tlhaloso nngwe e e ntshiwang ya kgopolo eno ke gore: “Go fetoga ga selo go nna sengwe se sele.” Le fa go ntse jalo, kgopolo eno e ka dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, e dirisiwa go tlhalosa diphetogo tse dikgolo tse di diregang mo dilong tse di sa tsheleng—go nna teng ga lobopo. Mo godimo ga moo, lefoko leno le dirisiwa go tlhalosa diphetogo tse dinnye mo dilong tse di tshelang—tsela e dimela le diphologolo di fetogang ka teng gore di kgone go tsamaisana le tikologo e di leng mo go yone. Le fa go ntse jalo, polelo eno gantsi e dirisiwa go tlhalosa kgopolo ya gore botshelo bo simolotse mo dikhemikaleng tse di sa tsheleng, ya tloga ya nna disele tse di kgonang go ikatisa, mme ka iketlo tsa nna tsa fetoga go nna ditshedi tse di raraaneng, mme ditshedi tse di botlhale thata tse di neng tsa di tlhagisa e ne ya nna batho. Fa go buiwa ka “go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe” mo setlhogong seno, e a bo e le ka kgopolo eno ya boraro.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]

Space photo: J. Hester and P. Scowen (AZ State Univ.), NASA