Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Saense e Ganetsa se Genesise e se Buang?

A Saense e Ganetsa se Genesise e se Buang?

Baebele ya Reng

A Saense e Ganetsa se Genesise e se Buang?

BATHO ba le bantsi ba bolela gore saense e ganetsana le pego ya Baebele ya popo. Mme se se ganetsanang tota ke dikgopolo tsa saense le tsa batho ba ba ipitsang Batataladi ba Bakeresete, e seng Baebele. Dingwe tsa ditlhopha tseno di bua di gatelela mme di sa bue boammaaruri gore, go ya ka Baebele, dilo tsotlhe tse di bopilweng di bopilwe ka malatsi a le marataro a a nang le diura di le 24, dingwaga di le 10 000 tse di fetileng.

Le fa go ntse jalo, Baebele ga e tshegetse kgopolo eo. Fa e ka bo e dumalana le kgopolo eo, go ne go tla raya gore dilo di le dintsi tse di lemogilweng ke ba saense mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng di tla bo di dira gore Baebele e se ka ya nna boammaaruri. Fa o tlhatlhoba Baebele ka kelotlhoko o tla lemoga gore ga e ganetsane gope le mabaka a a tlhomameng a saense. Ke ka lebaka leo Basupi ba ga Jehofa ba sa dumalaneng le “Bakeresete” bao ba Batataladi le ba le bantsi ba ba reng popo e tlhodilwe mo malatsing a marataro a mmatota. Dintlha tse di latelang di bontsha se tota Baebele e se rutang.

‘Tshimologo’ e Nnile Leng?

Pego ya Genesise e simolola ka mafoko ano a a sa raraanang mme a nonofile: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” (Genesise 1:1) Bakanoki ba Baebele ba a dumela gore temana eno e tlhalosa sengwe se se diragetseng e seng ka malatsi a dilo di bopilweng ka one a go buiwang ka one mo temaneng ya 3 go ya kwa pele. Se se kaiwang fano se segolo thata. Go ya ka mafoko a a simololang a Baebele, lobopo, go akaretsa le polanete ya rona ya Lefatshe, lo ne lo ntse lo le teng nako e e sa lekanyediwang pele ga malatsi a popo a simologa.

Baithutajioloji ba fopholetsa gore lefatshe le tshwanetse la bo le na le dingwaga tse di ka nnang dibilione di le 4 le le teng, mme baithutadinaledi bone ba bolela gore lobopo lo tshwanetse lwa bo lo na le dingwaga di ka nna dibilione di le 15 lo le teng. A dintlha tseno—kgotsa diphetogo tse di tla dirwang malebana le kafa re tlhaloganyang kgang eno ka teng—di ganetsana le Genesise 1:1? Nnyaa. Baebele ga e tlhalose gore “magodimo le lefatshe” di na le dingwaga di le kae. Saense ga e ganetse temana eno ya Baebele.

Malatsi a Popo A ne A le Maleele go le Kana Kang?

Go tweng ka boleele jwa malatsi a popo? A a ne a le boleele jwa diura di le 24 tsa mmatota? Bangwe ba bolela gore e re ka Moshe—mokwadi wa Genesise—moragonyana o ne a bua ka letsatsi le le tlang morago ga malatsi a le marataro a popo fa a ne a bua ka Sabata ya beke le beke, ka jalo letsatsi lengwe le lengwe la popo e tshwanetse ya bo e le boleele jwa diura tse 24 tsa mmatota. (Ekesodo 20:11) A mafoko a a mo go Genesise a tshegetsa ntlha eno?

Nnyaa ga a e tshegetse. Boammaaruri ke gore lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “letsatsi” le ka raya boleele jo bo farologaneng jwa nako, e seng diura di le 24 fela. Ka sekai, fa Moshe a ne a sobokanya ditiro tsa Modimo tsa popo, o ne a bua ka malatsi otlhe a le marataro jaaka e kete ke letsatsi le le lengwe. (Genesise 2:4) Mo godimo ga moo, ka letsatsi la ntlha la popo, “Modimo a simolola go bitsa lesedi Motshegare, mme lefifi lone a le bitsa Bosigo.” (Genesise 1:5) Fano, karolo ya nako ya diura di le 24 e tlhalosiwa ka lefoko “letsatsi.” Eleruri ga go na mabaka mo Dikwalong a gore motho a ka ikakanyetsa fela ka boene gore letsatsi lengwe le lengwe la popo le ne le le boleele jwa diura di le 24.

Gone mme malatsi a popo a ne a le boleele jo bo kana kang? Mafoko a a mo go Genesise kgaolo 1 le 2 a bontsha gore go ne go buiwa ka boleele jo bo sa tshwaneng jwa dinako.

Dilo Tse di Bopilweng di Tlhaga Kgato ka Kgato

Moshe o ne a kwala pego ya gagwe ka Sehebera, mme o ne a kwala a lebile dilo jaaka motho yo o emeng mo godimo ga lefatshe. Mabaka ano a mabedi, le go itse gore lobopo lo nnile gone pele dipaka kgotsa “malatsi” a popo a nna teng, a thusa go rarabolola kgang e e amanang le pego ya popo. Jang?

Fa o tlhatlhoba pego ya Genesise ka kelotlhoko o tla bona gore ditiragalo tse di simolotseng ka “letsatsi” lengwe di ile tsa fetela kwa letsatsing le lengwe kgotsa a mangwe a a latelang. Ka sekai, pele ga “letsatsi” la ntlha la popo le simolola, lesedi le le neng le tswa mo letsatsing le le neng le setse le le teng le ne le sa kgone go fitlha mo lefatsheng, gongwe e le ka ntlha ya maru a a kitlaneng. (Jobe 38:9) Ka “letsatsi” la ntlha, selo seno se se neng se thibela lesedi la letsatsi go fetela mo lefatsheng se ne sa simolola go tloga, mme seo sa thusa gore lesedi le kgone go feta mo loaping. *

Ka “letsatsi” la bobedi go bonala loapi lo ile lwa tswelela lo apoga, lo dira gore go nne le sebaka se se bulegileng fa gare ga maru a a kitlaneng a a kwa godimo le lewatle kwa tlase. Ka “letsatsi” la bonè loapi lo ne lo setse lo apogile thata jaana mo e leng gore letsatsi le ngwedi di ne di kgona go bonala “mo phuthologong ya magodimo.” (Genesise 1:14-16) Ka mafoko a mangwe, fa motho a lebile seno a le mo lefatsheng, letsatsi le ngwedi di ne tsa simolola go bonala. Dilo tseno di ne tsa direga kgato ka kgato.

Pego ya Genesise e bontsha gore fa loapi lo ntse lo apoga, ditshedi tse di fofang—go akaretsa le ditshenekegi le ditshedi tse di diphuka—di ile tsa simolola go bonala ka “letsatsi” la botlhano. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore ka “letsatsi” la borataro, Modimo o ne a sa ntse “a bopa sebatana sengwe le sengwe sa naga le sebopiwa sengwe le sengwe se se fofang sa magodimo ka mmu.”—Genesise 2:19.

Go bonala sentle gore puo e e dirisiwang mo Baebeleng e dira gore re kgone go swetsa ka gore go ka tswa go ile ga direga dilo tse dikgolo mo pakeng, kgotsa “letsatsi” lengwe le lengwe la popo, di direga kgato ka kgato go na le gore di direge ka nako e le nngwe fela, gongwe e bile tse dingwe di fetela kwa ‘letsatsing’ le lengwe la popo.

Go ya Ka Mefuta ya Tsone

A go tlhaga kgato ka kgato gono ga dijalo le diphologolo go bontsha gore Modimo o ile a dirisa mokgwa wa go iphetogela ga dilo ka botsone go dira ditshedi tse dintsintsi tse di farologaneng? Nnyaa. Pego e bontsha sentle gore Modimo o ile a bopa dimela le diphologolo tsa “mefuta” yotlhe. (Genesise 1:11, 12, 20-25) A “mefuta” eno ya ntlhantlha ya dimela le diphologolo e bopilwe ka tsela e e dirang gore e kgone go tlwaelana le maemo le go fetofetoga le maemo a tikologo? Ke eng se se laolang gore “mefuta” e e farologaneng e felela kae ka diphetogo tsa yone? Baebele ga e re bolelele. Le fa go ntse jalo, e bolela gore ditshedi di ne tsa ‘nyeuma kafa mefuteng ya yone.’ (Genesise 1:21) Mafoko ano a bontsha gore go ka nna le diphetogo tse di rileng mo “mofuteng” o le mongwe, mme go na le fa di felelang teng. Rekoto ya dilo tsa bogologolo le dipatlisiso tsa segompieno tse di dirilweng di tshegetsa kgang ya gore mefuta ya konokono ya dimela le diphologolo ga ya fetoga go le kalo mo nakong e telele e e fetileng.

Go farologana le se Batataladi bangwe ba se bolelang, Genesise ga e rute gore lobopo, go akaretsa le lefatshe le dilo tsotlhe tse di tshelang mo godimo ga lone, di ile tsa bopiwa ka nako e khutshwane mo dingwageng tse di sa tswang go feta. Go na le moo, se Genesise e se buang go tlhalosa tsela e lobopo lo bopilweng ka yone le go nna teng ga botshelo mo lefatsheng se tsamaisana le dilo tse dintsi tse di lemogilweng ke ba saense.

Ka ntlha ya ditumelo tsa bone tsa filosofi, baitsesaense ba le bantsi ga ba dumalane le kgopolo ya Baebele ya gore Modimo o bopile dilo tsotlhe. Le fa go ntse jalo, se se kgatlhang ke gore mo bukeng ya bogologolo ya Baebele e leng Genesise, Moshe o ile a kwala gore lobopo lo nnile le tshimologo le gore botshelo bo ile jwa tlhaga kgato ka kgato, ka iketlo, mo lobakeng lo loleele. Go tlile jang gore Moshe a bo a nnile le tshedimosetso e e dumalanang le saense jalo dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng? Go na le tlhaloso e le nngwe fela e e utlwalang. Ene yo o nang le maatla le botlhale jwa go bopa magodimo le lefatshe o tshwanetse a bo a ile a naya Moshe kitso e e mo nakong jalo. Seno se dira gore mafoko a Baebele a gore e “tlhotlheleditswe ke Modimo” a nne boammaaruri le go feta.—2 Timotheo 3:16.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Mo tlhalosong ya se se diragetseng ka “letsatsi” la ntlha, lefoko la Sehebera le le diriseditsweng go kaya lesedi ke ʼohr, lesedi ka kakaretso; mme malebana le “letsatsi” la bonè, lefoko le le dirisitsweng ke ma·ʼohrʹ, le le rayang motswedi wa lesedi.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

▪ Modimo o bopile lobopo dingwaga di le kana kang tse di fetileng?—Genesise 1:1.

▪ A lefatshe le ile la bopiwa ka malatsi a le marataro a lengwe le lengwe le neng le le diura di le 24 fela?—Genesise 2:4.

▪ Go tla jang gore dibuka tsa ga Moshe malebana le tshimologo ya lefatshe di bo di dumalana sentle le saense?—2 Timotheo 3:16.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Genesise ga e rute gore lobopo lo ile lwa bopiwa ka nakwana e khutshwane malobanyana jaana

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

“Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.”—Genesise 1:1

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

Universe: IAC/RGO/David Malin Images

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]

NASA photo