Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Botlhokwa Gore o Dumela Eng?

A go Botlhokwa Gore o Dumela Eng?

A go Botlhokwa Gore o Dumela Eng?

A O AKANYA gore botshelo bo na le se bo se kayang? Fa e le gore eleruri botshelo bo nnile teng ka gore dilo di iphetogele fela ka botsone go nna tse dingwe, he go raya gore mafoko a a nopotsweng mo lokwalopakeng lwa Scientific American a boammaaruri: “Tsela e re tlhaloganyang thuto eno ka yone gone jaanong, go raya gore . . . tota ga go na se re se tshelelang.”

A ko o akanye gore mafoko ao a kaya eng tota. Fa e le gore tota ga go na se re se tshelelang, go raya gore mo botshelong o tlile fela go tla go leka go dira molemo mongwe, gongwe le go fetisetsa mekgwa mengwe e o nang le yone mo kokomaneng e e latelang. Mme fa o swa go fedile gotlhelele ka wena. Boboko jwa gago, jo bo kgonang go akanya, le go tlhatlhanya ka bokao jwa botshelo, gotlhe go ne go tla bo go nnile teng fela ka kotsi.

Ga se gone fela. Batho ba le bantsi ba ba dumelang kgopolo eno ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe ba bolela gore Modimo ga a yo kgotsa a ka se kgone go tsaya kgato malebana le dikgang tsa batho. Fa e le gore go ntse jalo, go raya gore isagwe ya rona e ne e tla bo e ikaegile ka baeteledipele ba dipolotiki, ba thuto le ba bodumedi. Fa re leba rekoto ya bone ya nako e e fetileng, go raya gore tlhakatlhakano, dikgotlhang le boferefere tse di aparetseng batho di ne di tla tswelela. Fa e le gore tota dilo di nnile teng ka gore tse dingwe di iphetogele fela ka botsone go nna tse dingwe, go ne go tla bonala go na le mabaka a mantsi a go tshela ka boikutlo jono jo bo kotsi jwa gore: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.”—1 Bakorintha 15:32.

Boammaaruri jo bo se nang bana ba phefo ke gore Basupi ba ga Jehofa ga ba amogele dikgopolo tse di umakilweng fa godimo. E bile Basupi ga ba dumalane le se dikgopolo tseo di theilweng mo go sone—e leng gore botshelo bo nnile gone ka gore dilo dingwe di iphetogele fela ka botsone go nna tse dingwe. Go na le moo, Basupi ba dumela gore Baebele e boammaaruri. (Johane 17:17) Ka jalo, ba dumela se e se bolelang malebana le gore go tlile jang gore re bo re le fano: “[Wena, Modimo] o na le motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) Mafoko ao a bua go le gontsi.

Botshelo bo na le bokao. Mmopi wa rona o na le maikaelelo a a lorato a a tla amang botlhe ba ba tshelang go ya ka thato ya gagwe. (Moreri 12:13) Maikaelelo ao a akaretsa tsholofetso ya botshelo mo lefatsheng le le se nang tlhakatlhakano, dikgotlhang le boferefere—e bile go se na le loso. (Isaia 2:4; 25:6-8) Basupi ba ga Jehofa ba ba dimilione go ralala lefatshe ba ka kgona go supa gore go ithuta ka Modimo le go dira go rata ga gagwe go dirile gore botshelo bo nne le bokao tota!—Johane 17:3.

Se o se dumelang se botlhokwa, ka gonne se ka ama e seng fela tsela e o itumelang ka yone gone jaanong mme gape se ama le botshelo jwa gago mo isagweng. Ke wena o tshwanetseng wa dira tshwetso. A o tla dumela kgopolo e e sa kgoneng go tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle gore go tla jang gore re bo re na le bosupi jo bontsi jaana jwa gore lefatshe le bopilwe? Kgotsa a o tla dumela se Baebele e se bolelang, e leng gore lefatshe le botshelo jo bo mo go lone di bopilwe ke Motlhami yo o gakgamatsang—Jehofa, Modimo yo o “bopile[ng] dilo tsotlhe”?—Tshenolo 4:11.