Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Karolo e e kwa teng ya lewatle, go tla go fitlha jaanong ke yone karolo e kgolo e go nang le ditshedi tse dintsi mo go yone mo polaneteng eno. E bile ke yone e maemo a leng makgwakgwa go a gaisa otlhe mo go yone . . . Le fa go ntse jalo, gongwe le gongwe fela kwa re lebang teng re fitlhela go na le ditshedi, ka dinako tse dingwe di le dintsi ka tsela e e sa tlwaelegang.”—NEW SCIENTIST, BORITANE.

Mo kgetsing nngwe e e neng e lerilwe mo pele ga kgotla ya melaometheo bosheng jaana, moatlhodi wa kgotlatshekelo ya puso kwa Harrisburg, Pennsylvania, U.S.A., o ne a atlhola gore “go thulana le molaomotheo go ruta mo diphaposiborutelong tsa saense mo dikolong gore [dilo di bopilwe ke motho mongwe yo o botlhale] go na le gore di iphetogetse fela ka botsone go nna mefuta e mengwe ya ditshedi.”—NEW YORK TIMES, U.S.A.

Go ya ka patlisiso e e neng ya dirwa ka 2005, “diperesente di le 51 tsa Baamerika ga ba dumele mo kgopolong ya gore ditshedi di iphetogetse fela ka botsone go nna mefuta e mengwe ya ditshedi.”—NEW YORK TIMES, U.S.A.

Harriet, e leng khudu e kgolo thata ya Galápagos, e e nang le dingwaga di le 175, e e boima jwa dikilogerama di le 150, e e nnang mo dizuu kwa Brisbane, kwa Australia, ke “phologolo e go itsiweng e tsofetse go di gaisa tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng.”—AUSTRALIAN BROADCASTING CORPORATION.

Babatlisisi bangwe ba kwa Switzerland ba ile ba lemoga kafa mefuta mengwe ya mmidi e itshireletsang ka teng gore e se ka ya tlhaselwa ke dikhukhwane tse di jang medi ya mmidi. Di ntsha lonko longwe mo mmung. Lonko lono lo ngoka mofuta mongwe wa dibokwana tse di bolayang dibokwana tsa khukhwane eno.—DIE WELT, JEREMANE.

Tlhapi e Kgolo e e Bidiwang Squid e Tserwe Dinepe

Gaufi le Ditlhaketlhake tsa Bonin, kafa borwa jwa Japane, baitsesaense, ka lekgetlho la ntlha, ba ile ba kgona go tsaya senepe sa tlhapi e kgolo ya squid e e tshelang. Ba ne ba tsenya ditlhapi tse dinnye tsa squid le ditšhotlho mo dikgwageng go ngoka tlhapi e kgolo eno mme ba tlhoma dikhamera mo godimo ga dikgwage tseno. Mokaloba yono wa tlhapi, mo botennyeng jwa dimetara di le 900, go lekanngwa gore a ka nna boleele jwa dimetara di le 8.

“Di-dinosaur Di ne Di ja Bojang”

Pego ya Associated Press e bontsha gore “baitsesaense ba gakgametse tota” go fitlhela gore “di-dinosaur di ne di ja bojang.” Ba ne ba lemoga seno fa ba ne ba tlhatlhoba boloko jwa bogologolo jwa dinosaur ya mofuta wa sauropod, jo bo neng jwa bonwa kwa India. Ke ka ntlha yang fa seno se ne sa ba gakgamatsa? Pego eno e bega gore go ne go dumelwa gore “bojang bo tlhagile morago thata ga gore di-dinosaur di nyelele.” Gape go ne go dumelwa gore di-sauropod “di ne di se na meno a a siameng gore a ka sila matlhare a bojang. Caroline Stromberg, yo e leng mankge wa saense yo o ithutang ka dimela tsa bogologolo tala, e bile e le ene a neng a eteletse pele setlhopha sa babatlisisi ba ba lemogileng ntlha eno, a re: “Batho ba le bantsi ba ne ba sa e akanye le go e akanya kgang ya gore [di-sauropod] di ne di ja bojang.”

Dinotshe di Fofa Jang?

Go kile ga buiwa, go dirwa motlae, go twe baenjeniri ba ntshitse bosupi jwa gore dinotshe ga di kgone go fofa. Go ne go bonala ditshenekegi tseno tse di “boima,” ka diphuka tse di iteelang bokhutshwanyane fela di ka se ke tsa bo di na le maatla a a lekaneng go dira gore notshe e kgone go nna mo moyeng. Go bona gore ditshenekegi tseno di dira jang, baenjeniri ba ne ba “tsaya ditshwantsho tsa dinotshe tse di phaphaselang, ba dirisa khamera e e kgonang go tsaya ditshwantsho di le 6000 ka motsotswana,” go rialo New Scientist. Ba tlhalosa mokgwa o notshe e o dirisang ba re ke “o o sa tlwaelegang.” Leloko lengwe la setlhopha se se neng se dira dipatlisiso ka ntlha eno le tlhalosa jaana: “Lefuka le phaphaselela kwa godimo le kwa tlase le ntse le menogana didikirii di le 90—makgetlo a le 230 ka motsotswana. . . . E tshwana le sefetlhamowa, moo thipa ya sefetlhamowa le yone e nnang e menogana.” Se ba se boneng se ka nna sa thusa baenjeniri go dira difetlhamowa bosha mme ba dira difofane tse di kgonang go laolega botokanyana.

Dipeba Tse di Opelang

New Scientist e bega gore “dipeba di kgona go opela, e bile . . . fa di opelela tse e tlileng go nna balekane ba tsone dipina tsa tsone di raraane fela jaaka dipina tsa dinonyane.” Dipina tsa dipeba di tsamaya ka segalo se se kwa godimo thata mo e leng gore ditsebe tsa motho ga di kgone go se utlwa—gongwe ke gone ka moo batho ba ntseng ba se ke ba di utlwa pele. Babatlisisi kwa St. Louis, Missouri, U.S.A., ba fitlhetse gore lentswe la peba e tonanyana “le ne le rulagantswe ka dinoto, tse di dirang gore e nne se re se bitsang ‘pina.’” Seno se dira gore dipeba di nne mo setlhopheng se se kgethegileng sa diphologolo. Diamusi tse dingwe tse go itsiweng di kgona go opela ke maruarua, didolofine, mefuta mengwe ya bommamathwane, le batho.