Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Iphetogela ga Ditshedi ka Botsone go Nna Tse Dingwe—A Tota go Diragetse Jalo?

Go Iphetogela ga Ditshedi ka Botsone go Nna Tse Dingwe—A Tota go Diragetse Jalo?

Go Iphetogela ga Ditshedi ka Botsone go Nna Tse Dingwe—A Tota go Diragetse Jalo?

“NTLHA ya gore ditshedi di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe ke selo sa mmatota fela jaaka mogote o o tswang kwa letsatsing e le selo sa mmatota,” go rialo Porofesa Richard Dawkins, e bong rasaense yo o itsegeng thata yo o buelelang kgopolo ya gore ditshedi di iphetogetse fela ka botsone ya nna tse dingwe. Ke boammaaruri gore diteko le dilo tse di ileng tsa elwa tlhoko di a supa gore letsatsi le na le mogote. Mme a diteko le dilo tse di ileng tsa elwa tlhoko di a supa ka tsela e e tshwanang gore thuto ya gore ditshedi di iphetogetse fela ka botsone e boammaaruri?

Pele ga re araba potso eo, re tshwanetse go tlhalosa ntlha nngwe pele. Baitsesaense ba le bantsi ba ile ba lemoga gore fa nako e ntse e tsamaya, ditshedi tse di tswang mo ditsheding tse dingwe di kgona go tlhaga ka sebopego se se fetogileng go sekae. Charles Darwin o ne a bitsa seno “go tlhaga ga selo ka sebopego se sele fa se tswa mo go se sengwe.” Diphetogo tseno di ile tsa elwa tlhoko, tsa lemogiwa fa go dirwa ditekeletso, tsa ba tsa dirisiwa ka botlhale ke batho ba ba berekanang le dimela le diphologolo. * Diphetogo tseno di ka tsewa e le dilo tsa mmatota tse di diregang. Le fa go ntse jalo, baitsesaense ba bitsa diphetogonyana tseno “diphetogo tse di nnye tse di diregang mo ditsheding.” Tota le leina leno ka bolone le kaya se baitsesaense ba le bantsi ba se buang ba gatelela—e leng gore diphetogonyana tse dinnye tseno di naya bosupi jwa gore go na le mofuta o mongwe o o farologaneng gotlhelele wa diphetogo, mofuta o go se nang ope yo o kileng a o bona, o ba o bitsang diphetogo tse dikgolo tse di diregang mo ditsheding.

Wa bona, fano Darwin o ne a sa bue fela ka diphetogonyana tse batho ba kgonang go di bona. Mo bukeng ya gagwe e e tumileng ya The Origin of Species o ne a kwala a re: “Ke leba ditshedi tsotlhe tse di leng teng, e se selo se sengwe le sengwe sa tsone se bopilweng ka tsela e e kgethegileng, mme ke di leba e le tse di tswang mo ditsheding tse dingwe tse di neng di le palo e potlana.” Darwin o ne a re morago ga lobaka lo loleele thata, “ditshedi [tseno] tse di neng di le palo e potlana,” kgotsa tse ba reng ke ditshedi tse di kwa tlase, di ne tsa fetoga ka iketlo—ka gore go nne le “diphetogo tse dinnyennye thata”—mme tsa feleletsa e le ditshedi tse di dimilionemilione tse di leng teng mo lefatsheng. Ba ba buelelang kgopolo eno ba ruta gore diphetogonyana tseno di ne tsa nna tsa oketsega go fitlhelela di feleletsa e le diphetogo tse dikgolo tse di neng di tlhokega go dira gore tlhapi e fetoge go nna phologolo e e kgonang go nna ka bobedi mo metsing le mo lefatsheng le le omileng, le go dira gore kgabo e fetoge go nna motho. Diphetogo tseno tse ba reng ke diphetogo tse dikgolo di bidiwa diphetogo tse dikgolo tse di diregang mo ditsheding. Mo go ba le bantsi, ntlha eno ya bobedi e utlwala e dira tlhaloganyo. Ba ipotsa jaana, ‘Fa e le fa go kgonega go nna le diphetogo tse dinnye mo teng ga mofuta o le mongwe wa setshedi, ke ka ntlha yang fa mokgwa wa go iphetola ga ditshedi ka botsone go nna mofuta o mongwe wa ditshedi o ka se ka wa kgona go dira diphetogo tse dikgolo fa go sena go feta lobaka lo loleele?’

Thuto ya gore go nnile ga direga diphetogo tse dikgolo mo ditsheding e theilwe mo ditumelong di le tharo tse dikgolo:

1. Go fetoga ga dijini gore ditshedi di tshwanele tikologo e di leng mo go yone (mutation) go dira gore go feleletse go tlhagile mofuta o mosha wa ditshedi. *

2. Go itlhophela ga tlhago mofuta wa ditshedi tse di tla nnang mo tikologong e e rileng (natural selection) go dira gore go feleletse go na le mefuta e mesha ya ditshedi.

3. Rekoto ya masalela a dilo tsa bogologolo (fossil record) e bontsha gore eleruri go nnile le diphetogo tse dikgolo mo dimeleng le mo diphologolong.

A go na le bosupi jwa gore eleruri diphetogo tse dikgolo jalo mo ditsheding di ile tsa direga mo go ka tsewang gore ke selo se tota se leng teng?

A go Fetoga ga Dijini mo Ditsheding go ka Kgona go Tlhagisa Mofuta o Mosha wa Ditshedi?

Dintlha di le dintsi ka semela kgotsa phologolo nngwe di laolwa ke melao e e mo dijining, selo se e keteng polane mo teng ga karolo e e mo garegare (nucleus) ya sele nngwe le nngwe. * Babatlisisi ba lemogile gore phetogo nngwe le nngwe e e ka diregang mo dijining tsa semela kgotsa tsa phologolo e ka fetola semela se sesha kgotsa ngwana wa phologolo eo. Ka 1946, Hermann J. Muller, yo o kileng a gapa Sekgele sa Nobel, e bile e le mosimolodi wa dipatlisiso kaga go fetoga ga dijini, o ne a bolela jaana: “Ga se fela gore batho ba dirisa diphetogo tseno tse di diregang sewelo, e bile di le dinnye thata fa ba batla go fetola phologolo nngwe kgotsa semela sengwe, mme gape mokgwa ono ke one o tlhago e ntseng e o dirisa go dira gore mofuta o o rileng wa ditshedi o iphetole ka boone gore o nne mofuta o mongwe, tlhago e dirisa thulaganyo ya go itlhophela mofuta wa setshedi se se tla tshelang mo tikologong e e rileng.”

Ee, thuto ya gore go a kgonega gore go direge diphetogo tse dikgolo mo ditsheding e theilwe mo go reng go fetoga ga dijini go ka dira gore go runye, e seng fela mefuta e mesha ya setshedi, mme gape le losika lo losha gotlhelele lwa dimela le diphologolo. A go na le tsela ya go supa gore selo seno se ba se buang ka bopelokgale jaana se boammaaruri? Akanya ka se se neng sa fitlhelelwa morago ga dingwaga di le 100 go dirwa dipatlisiso mo dijining.

Mo dingwageng tsa bofelo tsa bo1930, baitsesaense ba ne ba itumelela go amogela kgopolo ya gore fa e le fa tlhago e kgona go itlhophela ka boyone mofuta wa ditshedi tse di tla tshelang mo tikologong e e rileng, mme ka go dira jalo e kgona go tlhagisa mefuta e mesha ya dimela ka go fetola dijini tsa tsone, go raya gore mokgwa wa maitirelo wa go fetola dijini le one o tshwanetse wa kgona go tlhagisa mofuta o mosha wa setshedi kwantle ga mathata. “Go ile ga tsoga boitumelo jo bo seng kana ka sepe mo gare ga batho ba le bantsi ba ba ithutang ka ditshedi le ba ba ithutang ka dijini, mme segolobogolo mo gare ga ba ba berekanang le mefuta ya dimela le diphologolo,” go ne ga rialo Wolf-Ekkehard Lönnig, e bong rasaense go tswa kwa Max Planck Institute for Plant Breeding Research (setheo se se dirang dipatlisiso ka mefuta ya dimela) kwa Jeremane, fa a ne a botsolodiwa ke bakwadi ba Tsogang! Ba itumedisiwa ke eng se se kana kana? Lönnig, yo o feditseng dingwaga di ka nna 28 a ntse a ithuta ka go fetoga ga dijini mo dimeleng, o ne a re: “Babatlisisi bano ba ne ba ithaya ba re jaanong nako e gorogile ya gore ba fetole mekgwa e e tlholang e dirisiwa ya go godisa dimela le go tsadisa diphologolo. Ba ne ba ithaya ba re ka go tlhopha dijini le go di fetola ka tsela e ba batlang ka yone, ba ka kgona go tlhagisa dimela le diphologolo tse disha le tse di botoka.” *

Baitsesaense kwa United States, Asia, le kwa Yuropa ba simolotse dithulaganyo tse di etleediwang sentle ka tsa madi tsa go dira dipatlisiso, tse di dirisang mekgwa e go neng go bonala e tla akofisa thulaganyo eno ya go dira gore ditshedi di iphetogele ka botsone go nna mefuta e mengwe ya ditshedi. Morago ga dingwaga tse di fetang di le 40 go ntse go dirwa dipatlisiso tse di tseneletseng, go fitlheletswe eng? Peter von Sengbusch, yo e leng mmatlisisi a re: “Maiteko ano a go batla go tlhagisa mefuta e e farologaneng ya dimela ka go dirisa marang, le fa gone a jele madi a mantsi thata, a reteletswe fela thata ke go fitlhelela se a neng a tshwanetse go se fitlhelela.” Lönnig o ne a re: “Mo dingwageng tsa bo1980, boitumelo jo bogolo le ditebelelo tse baitsesaense ba neng ba na le tsone di ne di fedile gotlhelele. Thulaganyo ya go dira dipatlisiso ka go fetolwa ga dijini tsa ditshedi e ne ya tlogelwa kwa dinageng tsa Bophirima. Mo e ka nnang ditshedi tsotlhe tse di tlhagisitsweng ka go fetolwa ga dijini ‘ga di a ka tsa nna se go neng go lebeletswe gore di nne sone,’ ka mafoko a mangwe, di ne di swa kgotsa di le bokoa thata go feta ditshedi tsa ntlha.” *

Go ntse go le jalo, tshedimosetso e e setseng e kokoantswe go tla go fitlha jaanong ya dipatlisiso tse di tsereng dingwaga di le 100 malebana le go fetola dijini tsa ditshedi ka kakaretso mme bogolo jang ya dingwaga di le 70 tsa go tlhogisa dimela le go tsadisa diphologolo tse di fetotsweng dijini e thusa baitsesaense go fitlhelela ditshwetso dingwe malebana le go kgona go dirisa mokgwa wa go fetola dijini mo ditsheding go tlhagisa mofuta o mosha wa ditshedi. Fa Lönnig a sena go sekaseka bosupi, o ne a konela jaana: “Mokgwa wa go fetola dijini tsa setshedi ga o ka ke wa kgona go dira gore mofuta o o rileng [wa semela kgotsa phologolo] o fetoge go nna o sele. Tshwetso eno e dumalana le maitemogelo otlhe a kopantswe mmogo le matswela otlhe a dipatlisiso tse di dirilweng mo lekgolong la bo20 la dingwaga go leka go fetola dijini tsa ditshedi, e bile e dumalana le melao e e amogelang gore dilo dingwe di ka kgonega. Ka gone, molao o o dirang gore setshedi se boele se tlhagise mofuta wa sone gape o raya gore mefuta e e rileng ya ditshedi, tse dijini tsa tsone di farologaneng le tsa e mengwe, e beetswe melelwane mo e ka fitlhang gone mme ga go kgonege go dira gore melelwane eno e tlolwe kgotsa e fetele kwa mefuteng e mengwe, e dirwa ke go fetoga ka phoso ga dijini tsa ditshedi.”

Akanyetsa se dintlha tse di fa godimo di se kayang. Fa e le gore baitsesaense ba ba katisitsweng sentle ga ba kgone go tlhagisa mofuta o mosha wa setshedi ka go tlhopha le go fetola dijini ka tsela e ba batlang ka yone mo ditsheding, a go ka kgonega gore go iphetola go go se nang tlhaloganyo ga dijini gone go dire sengwe se se botoka? Fa e le fa patlisiso e bontsha gore go fetolwa ga dijini tsa setshedi ga go kake ga fetola mofuta o o rileng wa setshedi gore e nne o mongwe o sele, he go raya gore diphetogo tse dikgolo mo ditsheding di diregile jang?

A go Itlhophela ga Tlholego Mofuta wa Setshedi se se Tla Tshelang mo Tikologong e e Rileng go Dira Gore go Nne le Mefuta e Mesha ya Ditshedi?

Darwin o ne a dumela gore se a neng a re ke go itlhophela ga tlholego mofuta wa setshedi se se tla tshelang mo tikologong e e rileng go ne go ka tlhopha ditshedi tse di tshwanelang tikologo eo, mme ditshedi tse di sa siamelang tikologo eo di ne di tlile go feleletsa di nyeletse. Babueledi ba gompieno jaana ba kgopolo eno ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe ba ruta gore jaaka fa mefuta e e rileng ya ditshedi e ntse e anama mme e kgona go itlhaola, mokgwa wa tlholego wa go itlhophela mofuta wa setshedi se se rileng mo tikologong e e rileng o ne wa tlhopha mofuta ono o dijini tsa one di neng di bopegile ka tsela e e dirang gore o siamele go nna mo lefelong la tsone le lesha. Ka ntlha ya moo, babueledi ba thuto eno ba bolela gore ditlhopha tseno tse di nnang mo mafelong a a rileng la bofelo di ne tsa feleletsa e le mefuta e mesha ya ditshedi.

Jaaka fa re bone pelenyana, bosupi jwa dipatlisiso bo bontsha sentle gore go fetolwa ga dijini tsa ditshedi ga go ka ke ga tlhagisa mofuta o mosha gotlhelele wa semela kgotsa phologolo. Le fa go ntse jalo, babueledi ba thuto eno ya gore ditshedi dingwe di iphetogetse fela go nna tse dingwe ba ntsha bosupi bofe go tshegetsa se ba se buang sa gore mokgwa wa tlhago wa go itlhophela setshedi se se tla nnang mo tikologong e e rileng ke one o o tlhophang go fetola dijini ka tsela e e tshwanetseng go tlhagisa mofuta o mosha wa setshedi? Bukana nngwe e e gatisitsweng ka 1999 ke National Academy of Sciences (NAS) kwa United States e bolela jaana: “Sekai sengwe se se molemo thata se se bontshang kafa mefuta mengwe ya ditshedi e fetogang ka teng go nna e mengwe ke sa mefuta e le 13 ya dinonyane tsoothaga tse Darwin a neng a ntse a batlisisa ka tsone kwa Ditlhaketlhakeng tsa Galápagos, tse gone jaanong di itsiweng e le dithaga tsa ga Darwin.”

Mo dingwageng tsa bo1970, setlhopha sengwe sa babatlisisi, se se neng se eteletswe pele ke Peter le Rosemary Grant, se ne sa simolola go batlisisa ka dinonyane tseno mme sa fitlhela gore morago ga ngwaga di le mo leubeng, dinonyane tse di nang le melomo e megolo go sekae di ne di kgona go ata go feta tse di neng di na le melomo e mennye. E re ka bogolo jwa melomo ya dinonyane le popego ya tsone e le nngwe ya ditsela tse dikgolo thata tsa go tlhaola mefuta e e farologaneng e le 13 ya dinonyane tseno, go ne ga fitlhelwa ntlha eno e le e e kgatlhang thata. Bukana eno e tswelela jaana: “BooraGrant ba lekanyetsa gore fa go ne go ka nna le leuba mo e ka nnang gangwe dingwaga dingwe le dingwe di le lesome mo ditlhaketlhakeng tseno, go ne go ka tlhaga mofuta o mosha wa dinonyane tseno tsoothaga mo lobakanyaneng lwa dingwaga di ka nna 200 fela.”

Le fa go ntse jalo, bukana eno ya NAS ga ya umaka dintlha dingwe tse di botlhokwa mme gone e le tse di gakgamatsang. Mo dingwageng tse di neng tsa latela morago ga leuba, dinonyane tsoothaga tse di neng di na le melomo e mennye di ne tsa boa gape tsa ntsifala. Ka gone, Peter Grant le moithuti wa gagwe e bong Lisle Gibbs, ba ne ba kwala mo makasineng wa saense wa Nature ka 1987 gore ba bone “go boa go ntsifala tse di neng di le dintsi pele ga leuba.” Ka 1991, Grant o ne a kwala gore “palo ya mofuta o o rileng wa dinonyane tseno, ka ntlha ya gore maemo a tlhago e le one a dirileng gore di nne fano, e nna e fetofetoga” nako le nako fa tlelaemete e fetoga. Babatlisisi ba ne ba ela tlhoko gape gore mengwe ya se go neng go twe ke “mefuta” e sele ya dinonyane tseno di ne di tsadisana le mefuta e mengwe mme bana ba yone ba bo ba kgona go itshokela tlelaemete go feta batsadi ba bone. Peter le Rosemary Grant ba ne ba konela ka gore fa mefuta eno ya dinonyane tseno e ka tswelela e tsadisana jalo, e ne e ka feleletsa e dirile gore “mefuta” e mebedi e feleletse e kopane go nna o le mongwe mo lobakeng lwa dingwaga di le 200.

Morago kwa ka 1966, George Christopher Williams, yo e leng mankge yo o ithutang ka ditshedi le go iphetogela ka botsone go nna tse dingwe, o ne a kwala jaana: “Ke maswabi gore go simolotswe go dirisiwa kgopolo ya go itlhophela ga tlholego mefuta ya ditshedi tse di tla nnang mo tikologong e e rileng go tlhalosa gore go tla jang gore ditshedi dingwe di bo di fetogile go nna tse dingwe. Kgopolo eno e botlhokwa fa o tlhalosa gore go tla jang gore ditshedi dingwe di bo di kgona go tshela mo tikologong e e rileng.” Jeffrey Schwartz, yo e leng mmueledi wa thuto eno ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe o ne a kwala ka 1999 gore fa e le gore se Williams a se buang se boammaaruri, mokgwa wa tlholego wa go tlhopha mofuta wa ditshedi tse di tla tshelang mo tikologong e e rileng o ka nna wa bo o thusa mefuta eno ya ditshedi go kgona go tshela mo maemong mangwe a a fetogileng, mme “ga o simolole sepe se sesha.”

Ee, dithaga tsa ga Darwin ga di fetoge go nna “sepe se sesha.” E sa ntse e le dithaga. Mme ntlha ya go bo mefuta mengwe e kgona go tsala bana le mefuta e mengwe e dira gore motho a ipotse dipotso ka mekgwa e babueledi ba kgopolo eno ba e dirisang go tlhalosa mofuta o o rileng wa setshedi. Mo godimo ga moo, di kgona go senola boammaaruri jwa gore tota le ditheo tsa maemo a a kwa godimo tsa saense di kgona go tla di fitlha dintlha dingwe fa di bega ka bosupi bongwe jwa dipatlisiso.

A Direkoto Tsa Masalela a Dilo Tsa Bogologolo di Bontsha Gore Eleruri go Nnile le Diphetogo Tse Dikgolo mo Dimeleng le mo Diphologolong?

Bukana e e umakilweng pelenyana ya NAS e dira gore mmadi a sale ka kgopolo ya gore masalela a a ribolotsweng ke baitsesaense a supela sentle gore eleruri go nnile le diphetogo tse dikgolo mo dimeleng le mo diphologolong. E bolela jaana: “Go ile ga bonwa ditshedi di le dintsi thata tse di neng tsa nna tsa tlhaga mo gare ga mefuta e e farologaneng ya diphologolo, mo gare ga ditlhapi le ditshedi tse di kgonang go nna ka bobedi mo metsing le mo mmung o o omileng, mo gare ga ditshedi tse di kgonang go nna ka bobedi mo metsing le mo mmung o o omileng le digagabi, mo gare ga digagabi le diamusi, le mo gare ga diphologolo tsa dipopego tse di tshwanang le tsa motho, tse di jaaka botshwene, mo e leng gore go thata go supa ka tlhamalalo gore go diregile leng gore mofuta mongwe wa setshedi o fetogele go nna o mongwe.”

Go a gakgamatsa gore ba bo ba kgona go nna le bopelokgale jwa go bua jaana. Ka ntlha yang? Ka 2004, National Geographic e ne ya tlhalosa rekoto ya masalela a dilo tsa bogologolo, e re e tshwana le “filimi ya ditshwantsho tse di bontshang ka tsela e ditshedi di neng di ntse di fetoga ka yone go nna tse dingwe, e mo go yone mo ditshwantshong dingwe le dingwe di le 1 000, di le 999 di ileng tsa latlhegela mo phaposing e filimi e tlhatswetswang mo go yone.” A “setshwantsho” seno se se setseng, se se sosi mo gare ga di le dikete, se ka dirisiwa go ntsha bosupi jo bo feletseng jwa gore go nnile le diphetogo tse dikgolo tse di neng tsa direga tsa gore setshedi sengwe se fetoge go nna se sengwe? Rekoto ya masalela a dilo tsa bogologolo e bontsha eng tota? Niles Eldredge, yo e leng mmueledi yo mogolo thata wa kgopolo eno ya go iphetogela ga mofuta mongwe wa ditshedi go nna o mongwe, o a amogela gore rekoto eno ya masalela e bontsha gore le eleng mo lobakeng lo loleele, “mefuta e le mentsi ya ditshedi ga e bontshe e nnile le diphetogo tse di kalo go tswa mo mofuteng o mongwe go ya go o mongwe.”

Go tla go fitlha jaanong, baitsesaense ba setse ba epolotse, ba ba ba ntsha tshedimosetso ka masalela a dilo tsa bogologolo a ditshedi di ka nna dimilione di le 200 tse dikgolo le di ka nna dibilionebilione tsa ditshedi tse di nnye. Babatlisisi ba le bantsi ba a dumalana gore rekoto eno e kgolo le e e nang le tshedimosetso e ntsi jaana e bontsha gore ditlhopha tsotlhe tse dikgolo tsa diphologolo di tlhagile fela ka tshoganyetso mme ga di a ka tsa fetoga, mme di le dintsi tsa tsone di ne tsa boa tsa nyelela ka tshoganyetso fela jaaka fa di tlhagile. Fa moitsethutotshelo e bong Jonathan Wells a sena go sekaseka bosupi jwa rekoto ya masalela a dilo tsa bogologolo, o kwala jaana: “Kgopolo ya gore mefuta e e farologaneng e megolo ya ditshedi yotlhe e tswa mo setsheding se le sengwe, mme ya tla e ntse e fetoga mole le mole go a bonala gore ga se selo se se bonweng se direga. Kgopolo eno ga e kgone go tshegediwa sentle le fa o e leba o dirisa rekoto ya masalela a dilo tsa bogologolo le bosupi jwa dimolekhule.”

Go Iphetogela ga Ditshedi ka Botsone go Nna Tse Dingwe—A ke Selo sa Mmatota Kgotsa ke Tlhamane Fela?

Ke ka ntlha yang fa babueledi ba le bantsi ba bagolo ba kgopolo eno ba bua ba gatelela jaana gore dilo di diregile jaaka ba bua? Fa Richard Lewontin, mmueledi yo mogolo wa kgopolo eno ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe, a sena go nyatsa dingwe tsa dilo tse di buiwang ke Richard Dawkins, o ne a kwala gore baitsesaense ba le bantsi ba iketleeleditse go amogela dilo tse di buiwang ke saense tse di sa dumalaneng le dilo tse di dirang tlhaloganyo “ka gonne re dirile maitlamo go sa le pele, maitlamo a go dumela mo dilong tse di bonalang.” * Baitsesaense ba le bantsi ga ba batle le go akanyetsa kgang ya gore go ka tswa go nnile le motho mongwe yo o botlhale yo o dirileng dilo ka gonne, jaaka Lewontin a kwadile, “ga re ka ke ra itetla go akanya ka kgopolo ya gore Modimo o teng.”

Mo go yone ntlha eno, moithutaloago mongwe e bong Rodney Stark o nopolwa mo bukeng ya Scientific American a re: “Ka dingwaga di ka nna 200, go ntse go buelelwa kgopolo ya gore fa o batla go nna moitsesaense o se ka wa letla mogopolo wa gago o tlhotlhelediwa ke bodumedi.” Go feta moo o tlhalosa gore mo diyunibesithing tse di dirang dipatlisiso, “batho ba bodumedi ga ba bue sepe,” mme kafa letlhakoreng le lengwe “batho ba e seng ba bodumedi bone ba kgetholola.” Go ya ka Stark, “mo bathong ba maemo a a kwa godimo [mo go tsa saense] dilo di go tsamaela sentle fa o se motho yo o dumelang mo bodumeding.”

Fa e le gore o dumela gore thuto ya gore go nnile le diphetogo tse dikgolo mo gare ga ditshedi e boammaaruri, go raya gore o tshwanetse wa bo o dumela gore batho ba ba dumelang mo go reng Modimo a ka se ka a itsiwe le gore Modimo ga a yo ga ba na go letla ditumelo tsa bone di ama tsela e ba tlhalosang ka yone dilo tse di bonweng ke saense. O tshwanetse wa bo o dumela gore mokgwa wa go fetoga ga dijini le mokgwa wa tlholego wa go itlhophela ditshedi tse di tla tshelang mo tikologong e e rileng ke one o o dirileng gore go bo go na le ditshedi tsotlhe tse di teng, ntswa dipatlisiso tse di tsereng dingwaga di le lekgolo, go batlisisiwa ka dilo di le dibilionebilione tse di ileng tsa fetolwa dijini, di bontsha gore go fetolwa ga dijini tsa ditshedi ga go a ka ga fetola le fa e le mofuta o le mongwe fela wa setshedi go o dira setshedi se sesha. O tshwanetse wa bo o dumela gore ditshedi tsotlhe di ile tsa nna tsa fetoga ka iketlo ka botsone go nna ditshedi tse dingwe, di tswa mo selong se le sengwe, le mororo ntlha ya gore rekoto ya masalela a dilo tsa bogologolo e bontsha gore mefuta e megolo ya dimela le diphologolo e ne ya nna gone ka tshoganyetso fela mme ga ya ka ya fetoga go tswa mo mefuteng e mengwe, tota le eleng morago ga dibilionebilione tsa dingwaga. A tumelo ya mofuta oo e utlwala e theilwe mo selong sa mmatota kgotsa e theilwe mo ditlhamaneng?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Barui ba dintša ba kgona go tsadisa dintša tsa bone ka tsela e e leng gore kgabagare dintšanyana tsa tsone di tlhaga di na le maoto a makhutshwane kgotsa boboa jo boleele go feta jwa batsadi ba tsone. Le fa go ntse jalo, diphetogo tseno tse barui ba dintša ba di dirang di kgonega ka gonne go fetotswe tsela e dijini dingwe di berekang ka yone. Ka sekai, mmele o monnye wa ntša ya mofuta wa dachshund o dirwa ke gore mahihiri a yone a sa ka a gola ka tsela e e tlwaelegileng, mme seno sa dira gore e nne khutshwane.

^ ser. 6 Bona lebokoso le le reng “Kafa Mefuta e e Farologaneng ya Ditshedi e Tlhalosiwang ka Gone”

^ ser. 11 Dipatlisiso di bontsha gore cytoplasm ya sele (karolo e e seeledi e e mo teng ga sele), lotha lwa sele, le dikarolo tse dingwe tsa sele le tsone di na le seabe mo go laoleng gore setshedi se tlile go nna jang.

^ ser. 13 Dikakgelo tsa ga Lönnig tse di mo setlhogong seno ke tsa gagwe ka esi, ga a emele Max Planck Institute for Plant Breeding Research.

^ ser. 14 Ditekeletso tse di neng tsa dirwa tsa go fetola dijini di ne tsa bontsha gangwe le gape gore ga go direge thata gore go tlhage mofuta o mosha gotlhelele wa setshedi, mme ka metlha go aga go ntse go tlhaga mofuta o o tshwanang le o o kileng wa tlhaga pele. Go tswa mo go yone tiragalo eno Lönnig o ne a tlhama se a se bitsang “molao o o dirang gore setshedi se boele se tlhagise mofuta wa sone gape.” Mo godimo ga moo, go ne ga tlhophiwa palo e e kwa tlase ga peresente e le nngwe ya dimela tseno tse di tlhagisitsweng ka gore go fetolwe dijini tsa tsone gore go ye go dirwa dipatlisiso ka tsone, mme e ne e le palo e e kwa tlase ga peresente e le nngwe ya tse di tlhophilweng e go neng ga fitlhelwa e ka kgona go dirisiwa mo mebarakeng. Go fetolwa ga dijini mo diphologolong go ne ga tlhagisa matswela a a maswe thata go feta mo dimeleng, mme mokgwa ono o ne wa tlogelwa gotlhelele.

^ ser. 29 Go dumela mo dilong tse di bonalang mo ntlheng eno, go raya kgopolo ya gore selo se le sosi se se ka tsewang e le sa mmatota ke se se bonwang ka matlho, gore sengwe le sengwe se se mo lobopong, go akaretsa le dilo tsotlhe tse di tshelang, di nnile gone kwantle ga gore motho mongwe yo o nang le maatla a a fetang a motho a tsenelele.

[Mafoko a a mo go tsebe 15]

“Mokgwa wa go fetola dijini tsa setshedi ga o ka ke wa kgona go dira gore mofuta o o rileng [wa semela kgotsa phologolo] o fetoge go nna o sele”

[Mafoko a a mo go tsebe 16]

Tshwetso e re ka e fitlhelelang ka dithaga tsa ga Darwin ke gore di bontsha gore mefuta e e farologaneng ya diphologolo e ka kgona go fetofetoga le maemo gore e kgone go tsamaisana le go fetofetoga ga tlelaemete

[Mafoko a a mo go tsebe 17]

Go ya ka rekoto ya masalela a dilo tsa bogologolo, ditlhopha tsotlhe tse dikgolo tsa diphologolo di tlhagile fela ka tshoganyetso mme ga di a ka tsa fetoga

[Tšhate mo go tsebe 14]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

KAFA MEFUTA E E FAROLOGANENG YA DITSHEDI E TLHALOSIWANG KA GONE

Go dirisiwa ditsela tse di farologaneng go tlhalosa gore ditshedi dingwe di ka tswa di wela mo setlhopheng sefe, go tswa go mefuta e e rileng go ya go dikarolo tse di kwa godimo thata tsa setlhopha se se rileng sa mofuta mongwe wa setshedi. * Ka sekai, bapisa mokgwa o o dirisitsweng fa tlase fano go bontsha mefuta e e farologaneng mo gare ga batho le ntsi.

BATHO DINTSI

Mofuta sapiens melanogaster

Karolo Homo Drosophila

Losika Hominids Drosophilids

Thulaganyo Sika loo motho Diptera

Tlelase Diamusi Ditshenekegi

Lekgamu Chordates Arthropods

Setlhopha Diphologolo Diphologolo

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 48 Ela tlhoko: Genesise kgaolo 1 e bontsha gore dimela le diphologolo di ne di tla itlhagisa go ya “kafa mofuteng wa tsone.” (Genesise 1:12, 21, 24, 25) Le fa go ntse jalo, kgopolo ya lefoko ‘mofuta’ mo Baebeleng ga e tshwane le ya lefoko ‘mofuta’ mo saenseng mme ga le a tshwanela go tlhakatlhakanngwa le kgopolo ya lefoko leno ka saense.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Tšhate eno e tserwe mo bukeng ya Icons of Evolution—Science or Myth? Why Much of What We Teach About Evolution Is Wrong, e e kwadilweng ke Jonathan Wells.

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Ntsi e e fetotsweng dijini (e e fa godimo), le fa gone e le ka sebopego se se sa tlwaelegang, e sala e ntse e le ntsi

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Dr. Jeremy Burgess/Photo Researchers, Inc.

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Ditekeletso tse di dirilweng mo dimeleng, go fetolwa dijini mo go tsone, go fitlhetswe gangwe le gape gore palo ya tse disha tsa tsone e ne e ntse e ngotlega, fa kafa letlhakoreng le lengwe go nna go tlhaga mofuta o le mongwe fela wa dimela tse di fetotsweng dijini (Semela se se bontshiwang fano se se fetotsweng dijini se na le malomo a magolo)

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

From a Photograph by Mrs. J. M. Cameron/ U.S. National Archives photo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

Finch heads: © Dr. Jeremy Burgess/Photo Researchers, Inc.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Dinosaur: © Pat Canova/Index Stock Imagery; fossils: GOH CHAI HIN/AFP/Getty Images