Lebaka La go Bo re Dumela Gore Mmopi o Teng
Lebaka La go Bo re Dumela Gore Mmopi o Teng
Baitse ba le bantsi ba saense ba lemoga gore go na le motlhami yo o botlhale yo o bopileng dilo tsa tlholego. Ba bona go sa utlwale go dumela gore botshelo jo bo raraaneng jo bo mo lefatsheng bo nnile teng ka kotsi. Ka jalo, baitse ba saense le babatlisisi ba le bantsi ba dumela gore go na le Mmopi.
Bangwe ba bone ba ile ba nna Basupi ba ga Jehofa. Ba tlhatswegile pelo gore Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng ke Motlhami le Modiri wa lobopo lo lo teng. Ke eng fa ba dumela jalo? Tsogang! e ile ya botsa bangwe ba bone. Dikakgelo tsa bone di ka nna tsa go kgatlha. *
“Botshelo bo Raraane ka Tsela e Motho A ka Se Kang a e Tlhaloganya”
▪ WOLF-EKKEHARD LÖNNIG
TLHALOSO E KHUTSHWANE KA GA GAGWE: Mo dingwageng di le 28 tse di fetileng ke ile ka dira tiro ya saense e e amanang le go fetoga ga dijini mo dimeleng. Mo dingwageng di le 21 tsa dingwaga tseo, ke ntse ke hirilwe kwa Setheong sa Max Planck Institute for Plant Breeding Research kwa Cologne, kwa Jeremane. Mme ke nnile mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa ka dingwaga di batla di tshwara masome a mararo.
Go ya ka boitemogelo jwa me mo thutong eno ya dijini, le go ithuta ga me thutotshelo le thuto ya dilo tsa tlholego le thuto ya popego ya dilo, go ile ga dira gore ke lemoge gore botshelo bo raraane ka tsela e motho a ka se kang a e tlhaloganya e bile bo jesa kgakge. Go ithuta ka dilo tseno go ile ga ntlhatswa pelo thata gore botshelo, tota le jwa ditshedi tse dinnye thata, bo tshwanetse jwa bo bo dirilwe ke motho yo o botlhale.
Baitsesaense ba itse sentle gore botshelo bo raraane jang. Mme gantsi dilo tse di kgatlhang tseno, di tlhalosiwa ka tsela e e tshegetsang kgopolo ya gore ditshedi di iphetogetse fela ka botsone go nna mefuta e mengwe ya ditshedi. Le fa go ntse jalo, nna ke akanya gore mabaka a a ntshiwang go ganetsa pego ya Baebele malebana le popo a phutlhama fa a sekasekiwa ka kelotlhoko go dirisiwa dilo tsa saense. Ke ile ka tlhatlhoba mabaka ao mo masomeng a dingwaga a a fetileng. Fa ke sena go tlhatlhoba ditshedi ka kelotlhoko le go sekaseka tsela e melao e e laolang lobopo e dirang ka tsela e e itekanetseng ka yone, e dirilwe ka tsela e e dirang gore botshelo bo kgonege mo lefatsheng, ke patelesega go dumela gore go na le Mmopi.
“Sengwe le Sengwe Se ke Se Bonang Se na Le Motswedi”
▪ BYRON LEON MEADOWS
TLHALOSO E KHUTSHWANE KA GA GAGWE: Ke nna kwa United States mme ke bereka kwa National Aeronautics and Space Administration ke bereka ka fisikisi ya leisara. Gone jaanong ke thusa mo go direng thulaganyo ya khomputara e e tla thusang mo go tokafatseng tsela ya go bona maemo a tlelaemete ya lefatshe, maemo a bosa le dilo tse dingwe mo polaneteng ya rona. Ke mogolwane mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Kilmarnock mo kgaolong ya Virginia.
Mo dipatlisisong tsa me gantsi ke bereka ka melao ya fisikisi. Ke leka go tlhaloganya kafa dilo dingwe di diragalang ka teng le lebaka la go bo di diragala. Mo dilong tse ke di ithutang, ke bona bosupi jo bo phepafetseng jwa gore sengwe le sengwe se ke se bonang se na le motswedi o se tswang kwa go one. Ke dumela gore go a utlwala go ya ka saense go dumela gore Modimo ke ene motswedi wa dilo tsotlhe tsa tlholego. Melao ya tlholego e tlhomame thata mo e leng gore ke tshwanetse gore ke dumele gore e ile ya tlhomiwa ke Morulaganyi, Mmopi.
Fa e le gore boammaaruri jono bo phepafetse jaana, ke ka ntlha yang fa baitse ba saense ba le bantsi jaana ba dumela gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe? A e ka tswa e le gore batho ba ba dumelang mo thutong eno ba leba bosupi ba setse ba ntse ba itiretse ditshwetso tsa bone? Seno ke selo se se tlwaelegileng mo gare ga baitse ba saense. Mme go bona sengwe se direga, le fa se ka tswa se bonala e kete se boammaaruri jang, ga se reye gore tshwetso e motho a neng a ntse a na le yone pele e boammaaruri. Ka sekai, motho yo o dirang dipatlisiso ka fisikisi ya leisara a ka nna a gatelela gore lesedi le tsamaya ka makhubu, gore le tshwana le makhubu a modumo, ka gore gantsi lesedi le dira jaaka makhubu. Le fa go ntse jalo, se a se buang e ka tswa e le ntlha e e sa felelang ka gonne bosupi bo bontsha gape gore lesedi le tsamaya ka dikarolwana tse dinnye thata tse di bidiwang matlhasedi. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba gatelelang gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe ba theile mabaka a bone mo bosuping jo bo sa felelang, mme e bile ba dira gore dilo tse ba sa bolong go di dumela di tlhotlheletse tsela e ba lebang bosupi ka yone.
Go a nkgakgamatsa go bona go na le batho ba ba amogelang kgopolo ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe, fa “baitse” ba kgopolo eno bone ba ganetsana ka se se ka tswang se ile sa diragala. Ka sekai, a o tla dumela gore dipalo di siame fa baitse bangwe ba re 2 tlhakanya le 2 ke 4, mme baitse ba bangwe bone ba re e tshwanetse ya bo e le 3 kgotsa gongwe 6? Fa e le gore seabe sa saense ke go dumela fela dilo tse di ka supiwang, tsa lekiwa tsa ba tsa boelediwa, he kgopolo ya gore botshelo bo tswa mo go sengwe se se rileng bo bo bo fetogela go sengwe se sele, ga e boammaaruri.
“Go ka Se Direge Gore Selo se Tswe mo go Seng Sepe”
▪ KENNETH LLOYD TANAKA
TLHALOSO E KHUTSHWANE KA GA GAGWE: Ke moithutajeoloji, yo gone jaanong a berekelang mokgatlho wa Geological Survey ya kwa United States, kwa Flagstaff, Arizona. Mo e ka nnang ka masome a mararo a dingwaga, ke nnile le seabe mo patlisisong ya saense ya dilo tse di farologaneng tse di amanang le jeoloji, go akaretsa le jeoloji ya dipolanete. Ditlhogo tse dintsi tsa patlisiso e ke e dirileng le dimmapa tsa polanete ya Mars di ile tsa gatisiwa mo dimakasineng tsa saense tse di kafa molaong. Jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ke dirisa diura di le 70 kgwedi nngwe le nngwe ke rotloetsa batho go bala Baebele.
Ke ne ka rutiwa go dumela mo go reng dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe, mme ke ne ke sa kgone go amogela gore maatla a magolo a a tlhokegang go bopa lobopo a ka tswa a ile a nna teng kwantle ga Mmopi yo o maatla. Go ka se direge gore selo se tswe mo go seng sepe. Ke bona gape tlhaloso e e nonofileng mo Baebeleng ka boyone e e bontshang gore Modimo o teng. Buka eno e re naya dikai di le dintsi tsa dintlha tsa saense tse di malebana le tiro e ke e dirang, tse di jaaka gore lefatshe le kgolokwe mme le akgega “mo go se nang sepe.” (Jobe 26:7; Isaia 40:22) Dilo tseno di ile tsa kwalwa mo Baebeleng bogologolo pele ga batho ba ka supa gore di ntse jalo morago ga go dira dipatlisiso.
Akanya ka tsela e re dirilweng ka yone. Re na le ditemosi, re a ikutlwa, re na le tlhaloganyo ya go akanya, bokgoni jwa go bua le maikutlo. Mme se segolo le go feta, re kgona go utlwa lorato, go le itumelela le go le bontsha. Kgopolo ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe ga e kgone go tlhalosa kafa batho ba nnileng le dinonofo tseno ka teng.
Ipotse gore, ‘Metswedi le tshedimosetso e e dirisiwang go tshegetsa kgopolo eno ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe e boammaaruri go le kana kang?’ Pego ya jeoloji ga ya felela, e raraane e bile e tlhakanya tlhogo. Babueledi ba thuto eno ba paletswe ke go bontsha kafa dikgopolo tsa bone di leng boammaaruri ka teng mo laboratoring ba dirisa dithulaganyo tsa saense. Mme le fa baitse ba saense ka kakaretso ba dirisa mekgwa e e siameng ya go bona tshedimosetso, gantsi ba tlhotlhelediwa ke moya wa bogagapa fa ba tlhalosa dilo tse ba di boneng. Baitse saense ba itsege e le batho ba ba rotloetsang megopolo ya bone fa tshedimosetso e ba e boneng e tlhaela kgotsa e ikganetsa. Ditiro tsa bone le go ipona ga bone ke gone go tlang kwa pele mo kgannyeng eno.
Jaaka moitse wa saense le moithuti wa Baebele, ke batla boammaaruri jo bo feletseng, jo bo tsamaisanang le dilo tse di lemogilweng gore ke tle ke kgone go tlhaloganya sentle. Mo go nna go dumela mo Mmoping ke gone go dirang tlhaloganyo thata.
“Sele e Bontsha Sentle Gore e Dirilwe”
▪ PAULA KINCHELOE
TLHALOSO E KHUTSHWANE KA GA GAGWE: Ke na le boitemogelo jwa dingwaga di le mmalwa mo tirong ya go batlisisa ka disele le thutotshelo ya dimolekhule le ya ditshedi tse di bonwang fela ka maekorosekopo. Gone jaanong ke berekela Emory University, kwa Atlanta, Georgia kwa U.S.A. Mme gape ke moithaopi yo o rutang batho ba ba buang Se-Russia Baebele.
Mo thutong ya me ya thutatshelo, ke ne ka dirisa dingwaga di le nnè ke tlhoma mogopolo fela mo seleng le dikarolwana tsa yone. Fa ke ntse ke ithuta mo go oketsegileng ka DNA, RNA, diporoteine, le thulaganyo ya go sila dijo, ke ile ka gakgamala thata go bona kafa dilo tseno di raraaneng ka teng, di na le thulaganyo e bile di tlhomame. Mme le fa ke ne ke kgatlhwa ke go bona kafa batho ba ithutileng mo gontsi ka teng ka sele, ke ne ka gakgamala go bona gore go sa ntse go na le go le gontsi mo go ka ithutiwang ka yone. Sele e bontsha sentle gore e dirilwe, mme seno ke lebaka le le losi le le dirang gore ke dumele mo Modimong.
Go ithuta ga me Baebele go ile ga supa gore Mmopi yoo ke mang—ke Jehofa Modimo. Ke tlhatswegile pelo gore ga se Motlhami yo o botlhale fela mme gape ke Rre yo o pelonomi le yo o lorato yo o amegang ka nna. Baebele e tlhalosa boikaelelo jwa botshelo mme e bile e naya batho tsholofelo ya isagwe e e itumedisang.
Basha ba ba tsenang sekolo ba ba rutiwang gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe ba ka tswa ba sa tlhomamisega gore ba dumele eng. Seno se ka ba tlhakanya tlhogo. Fa e le gore ba dumela mo Modimong, seno se tla leka tumelo ya bone. Mme ba ka fenya teko eo ka go tlhatlhoba dilo tse dintsi tse di gakgamatsang tsa tlholego tse di re dikologileng le ka go nna ba oketsa kitso ya bone ka Mmopi le ka dinonofo tsa gagwe. Nna ke dirile seno mme ke sweditse gore pego ya Baebele e e malebana le popo e boammaaruri mme ga e ganetsane le saense.
“Melao e e Kgatlhang Thata E e Sa Raraanang”
▪ ENRIQUE HERNÁNDEZ LEMUS
TLHALOSO E KHUTSHWANE KA GA GAGWE: Ke modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. Mme gape ke bereka ka fisikisi ya dipalo fela kwa National University of Mexico. Tiro e ke e dirang gone jaanong e akaretsa go batlisisa se se bakwang ke tiragalo e e bidiwang kgosomano ya dinaledi, e leng se se dirang gore go feleletse go na le dinaledi tse dintsi jaana. Ke ile ka bereka gape le ka thulaganyo e e raraaneng ya DNA.
Botshelo bo raraane thata gore go ka twe bo nnile teng ka kotsi. Ka sekai, akanya ka tshedimosetso e ntsi e e leng mo teng ga molekhule wa DNA. Fa go fopholediwa fela, kgonego ya gore chromosome e le nngwe fela e nne teng fela ka boyone ke selo se se akanyediwang gore se ka nna teng ga 1 mo makgetlhong a le dimilione di le dimilione di le 9, e leng selo se tota go ka tweng se ka se ka sa direga. Ke akanya gore ke boeleele go akanya gore maatla a a se nang tlhaloganyo a ka kgona go dira e seng fela chromosome e le nngwe mme le dilo tsotlhe tse di tshelang tse di raraaneng.
Mo godimo ga moo, fa ke ithuta ka dilo tse di raraaneng thata, e ka tswa e le dilo tse dinnyennye mo motho a ka se kgoneng go di bona fela ka matlho a gagwe kgotsa e le tsela e dinaledi tse di kgolo di tsamayang ka teng mo lefaufaung, ke kgatlhwa ke melao e e kgatlhang thata e e sa raraanang, e e laolang tsela e di tsamayang ka yone. Nna ke tsaya gore melao eno ga e mpolelele fela gore ke tiro ya Mankge wa Dipalo—mme e tshwana le mosaeno wa Motaki yo o Setswerere.
Gantsi batho ba a gakgamala fa ke ba bolelela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka dinako tse dingwe ba mpotsa gore go tla jang gore ke dumele mo Modimong. Go a utlwala go bo ba mpotsa jalo, ka gonne madumedi a mantsi ga a kgothaletse badumedi ba bone gore ba batle bosupi jwa se ba se rutiwang kgotsa ba dire dipatlisiso ka dilo tse ba di dumelang. Le fa go ntse jalo, Baebele e re kgothaletsa gore re dirise ‘bokgoni jwa rona jwa go akanya.’ (Diane 3:21) Bosupi jotlhe jo bo leng teng mo dilong tsa tlholego jo bo supang gore go na le motlhami yo o botlhale, mmogo le bosupi jwa Baebele, bo ntlhatswa pelo gore ga se fela gore Modimo o teng mme gape o batla go araba dithapelo tsa rona.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 3 Maikutlo a a tlhalosiwang ke baitse mo setlhogong seno ga a supe se bathapi ba bone ba se dumelang.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]
Mars in background: Courtesy USGS Astrogeology Research Program, http://astrogeology.usgs.gov