O Tshwanetse go Dumela Mang?
O Tshwanetse go Dumela Mang?
“Ke boammaaruri gore, ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.”—BAHEBERA 3:4.
A O DUMALANA le se se buiwang ke mokwadi yono wa Baebele? Batho ba nnile le kitso e e gatetseng pele thata mo dilong tsa saense ya lobaka lwa dingwaga di ka nna 2 000 fa e sale temana ele e kwalwa. A go sa ntse go na le motho yo o akanyang gore bosupi jo re nang le jone mo dilong tsa tlhago jo bo bontshang gore di bopilwe bo dira gore re dumele gore go na le yo o di dirileng, gore go na le Mmopi—Modimo?
Tota le mo dinageng tse di tlhabologileng batho ba le bantsi ba araba ka gore ee. Ka sekai, kwa United States, patlisiso e e neng ya dirwa ke makasine wa Newsweek ka 2005 e ne ya fitlhelela gore diperesente di le 80 tsa batho “ba dumela gore Modimo ke ene a tlhodileng lobopo.” A ba dumela seno ka gonne ba sa rutega? A go na le moitsesaense yo o dumelang mo Modimong? Makasine mongwe wa saense wa Nature o ne wa bega ka 1997 gore mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa bomankge ba ba ithutang ka ditshedi, bomankge ba fisikisi, le baitse ba dipalo ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba dumela mo Modimong, ba re ga se fela gore o teng mme gape o reetsa dithapelo e bile o a di araba.
Le fa go ntse jalo, baitsesaense ba bangwe ga ba batle gotlhelele go dumalana le ntlha eno. Dr. Herbert A. Hauptman, yo o neng a gapa Sekgele sa Nobel, o ne a bolelela khonferense e e neng e tshwerwe bosheng jaana e e neng e bua ka saense gore go dumela mo selong se e seng sa tlholego, bogolo jang go dumela mo Modimong, ga go tsamaisane le saense ya mmatota. A re: “Go dumela mo selong se se ntseng jalo go kotsi mo bathong.” Tota le baitsesaense ba ba dumelang mo Modimong ga ba gololesege go ruta gore bosupi jo bo bonalang mo dimeleng le mo diphologolong, jo bo bontshang gore di bopilwe, bo raya gore di na le yo o di dirileng. Ka ntlha yang? Fa Douglas H. Erwin, yo o ithutang ka botshelo jwa ditshedi tsa bogologolo kwa Smithsonian Institute, a ne a tlhalosa lengwe la mabaka, a re: “Mongwe wa melao ya saense ke gore, dikgakgamatso ga di letlelelwe.”
O ka letla batho ba bangwe ba go bolelela se o tshwanetseng go se akanya kgotsa go se dumela. Kgotsa gongwe o ka rata go itlhatlhobela bosupi ka bowena mme wa itirela tshwetso ya gago. Fa o ntse o bala ka dilo tse di bonweng bosheng jaana ke saense tse di tlhalosiwang mo ditsebeng tse di latelang, ipotse, ‘A go a utlwala go swetsa ka gore go na le Mmopi?’
[Mafoko a a mo go tsebe 3]
Itlhatlhobele bosupi ka bowena
[Lebokoso mo go tsebe 3]
A BASUPI BA GA JEHOFA BA DUMELA GORE POPO E DIRILWE MO MALATSING A LE MARATARO A MMATOTA?
Basupi ba ga Jehofa ba dumela pego ya popo jaaka e tlhalositswe mo bukeng ya Baebele ya Genesise. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ga se setlhopha sa bodumedi se se dumelang mo goreng popo e dirilwe mo malatsing a le marataro a mmatota jaaka bangwe ba akanya. Ka ntlha ya eng? Sa ntlha, setlhopha seno sa bodumedi se se reng popo e dirilwe mo malatsing a le marataro a mmatota, se dumela gore popo yotlhe le lefatshe le ditshedi tsotlhe tse di mo go lone di tlhodilwe mo malatsing a le marataro a diura di le 24 dingwaga di le 10 000 tse di fetileng. Le fa go ntse jalo, seno ga se se Baebele e se rutang. * Gape setlhopha seno sa bodumedi se amogetse dithuto di le dintsi tse di sa tshegediweng ke Baebele. Basupi ba ga Jehofa bone ba theile dithuto tsa bone tsa bodumedi mo lefokong la Modimo fela.
Mo godimo ga moo, mo dinageng dingwe ditlhopha tseno tsa batho ba ba dumelang mo go reng popo e dirilwe mo malatsing a marataro a mmatota di tsewa e le selo se le sengwe fela le ditlhopha tsa Botataladi tse di nang le go kopanela ka tlhagafalo mo dipolotiking. Ditlhopha tseno di leka go gatelela batho ba dipolotiki, baatlhodi, le barutisi gore ba dumele melao le dithuto tse di tsamaisanang le bodumedi jwa tsone.
Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye letlhakore mo dipolotiking. Ba tlotla tshwanelo ya dipuso ya go tlhoma melao le go tlhokomela gore e a diragadiwa. (Baroma 13:1-7) Le fa go ntse jalo, ba tsaya tsiya mafoko a ga Jesu a gore “ga ba karolo ya lefatshe.” (Johane 17:14-16) Mo bodireding jwa bone jwa phatlalatsa, ba neela batho tshono ya go ithuta ka melemo ya go tshela ka melao ya Modimo. Mme gone ga ba tlole melao ya bone ya Bokeresete ya go se tseye letlhakore mo dipolotiking ka go tshegetsa maiteko a ditlhopha tsa Botataladi tse di lekang go tlhoma melao mo setšhabeng e e tla gatelelang batho go amogela melao ya Baebele.—Johane 18:36.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 11 Tsweetswee bona setlhogo se se reng “Baebele ya Reng: A Saense e Ganetsa se Genesise e se Buang?” se se mo tsebeng 18 ya makasine ono.