Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne O ka Reng?

O ne O ka Reng?

O ne O ka Reng?

KE ENG SE SE PHOSO KA SETSHWANTSHO SENO?

Supa dilo tse tharo tse di sa tsamaisaneng le pego ya Baebele e e mo go Genesise 3:1-5.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

Tse go ka Tlotliwang ka Tsone: Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a bolelela Adame le Efa gore ba se ka ba ja ga setlhare sa kitso ya molemo le bosula? O akanya gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ikobela melao ya ga Jehofa?

GO DIRAGETSE LENG?

Thala mola o o golaganyang tiragalo ya popo le “letsatsi” le e simolotseng ka lone.

Letsatsi 1 Letsatsi 2 Letsatsi 3 Letsatsi 4 Letsatsi 5 Letsatsi 6 Letsatsi 7

4. Genesise 1:14-16

5. Genesise 1:24

6. Genesise 1:20, 21

KE NNA MANG?

7. Ke nna motho wa ntlha yo dipego di bontshang ka ene gore o ne a aga motse.

KE NNA MANG?

8. Ke nna mosadi wa ntlha morago ga ga Efa, yo o bidiwang ka leina mo Baebeleng.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletse ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

Tsebe 5 Ke phologolo efe e e neng e itsiwe mo Baebeleng ka bokgoni jwa yone jwa go palama? (Diane 30:․․․)

Tsebe 9 Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tshwanelwa ke go bakwa? (Tshenolo 4:․․․)

Tsebe 20 Kitso ya maemo a a kwa godimo e re e bonang mo go Genesise ke bosupi jwa eng? (2 Timotheo 3:․․․)

Tsebe 25 Sengwe le sengwe se dirilwe eng “mo motlheng wa sone”? (Moreri 3:․․․)

Bana, Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

(Dikarabo di mo tsebeng ya 12)

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. Noga e ne ya bua le Efa, e seng le Adame.—Genesise 3:1.

2. Adame le Efa ga ba ka ba nna le bana go fitlhela ba sena go tlosiwa mo tshimong ya Edene.—Genesise 4:1.

3. Adame le Efa ba ne ba sa ikatega fa ba le mo tshimong.—Genesise 2:25.

4. “Letsatsi” 4.—Genesise 1:14-16, 19.

5. “Letsatsi” 6.—Genesise 1:24, 31.

6. “Letsatsi” 5.—Genesise 1:20, 21, 23.

7. Kaine.—Genesise 4:17.

8. Ada.—Genesise 4:19.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 31]

First circle: Breck P. Kent; second circle: © Pat Canova/Index Stock Imagery