Re ne Ra Buisana le Mankge mo go Tsa Saense ya Ditshedi
Re ne Ra Buisana le Mankge mo go Tsa Saense ya Ditshedi
KA 1996, Michael J. Behe, yo gone jaanong e leng porofesa wa saense e e amanang le tsela e dikhemikale tsa ditshedi di berekang ka yone, kwa Yunibesithing ya Lehigh kwa Pennsylvania, U.S.A., o ne a golola buka ya gagwe e e reng Darwin’s Black Box—The Biochemical Challenge to Evolution. Makasine wa Tsogang! wa May 8, 1997 (ka Seesemane) o ne o na le motseletsele wa ditlhogo tse di neng di botsa gore: “Go Tlile Jang Gore Re bo Re le Mono?—A ke Ka Kotsi Kgotsa a re Bopilwe?” mme di ne tsa umaka buka eno ya ga Behe. Dingwaga di le lesome fa e sale buka ya Darwin’s Black Box e gatisiwa, baitsesaense ba ba buelelang thuto ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe ba ile ba leka go ganetsa se Behe a se buang mo bukeng eno. Batshwayadiphoso ba ile ba nyatsa Behe, ba re o letla bodumedi jwa gagwe—o tsena kereke ya Katoliki ya Roma—bo mo kgoreletsa go akanya jaaka baitsesaense ba tshwanetse go akanya. Ba bangwe ba re se a se tlhalosang ga se dumalane le saense. Tsogang! e ile ya buisana le Porofesa Behe go utlwa gore ke ka ntlha yang fa dikgopolo tsa gagwe di tsositse kganetsano e kanakana.
TSOGANG!: KE KA NTLHA YANG FA O AKANYA GORE DILO TSE DI TSHELANG DI RE NAYA BOSUPI JWA GORE DI NA LE MOTHO YO O BOTLHALE YO O DI BOPILENG?
POROFESA BEHE: Nako le nako fa re bona dilo tse di rulagantsweng ka tsela nngwe e e raraaneng, re lemoga gore go raya gore di dirilwe ka boikaelelo. Tsaya ka sekai, metšhini e re e dirisang letsatsi le letsatsi—koloi, kgotsa motšhini o o segang bojang, kgotsa gongwe le eleng dilonyana tse dinnye. Sekai se ke ratang go se dirisa ke sedirisiwa se se diretsweng go tshwara dipeba. O kgona go bona gore se dirilwe ka boikaelelo ka gonne o bona dikarolo tse di farologaneng tsa sedirisiwa seno di beilwe ka tsela ya gore di kgone go tshwara peba.
Saense e gatetse pele thata mo e leng gore jaanong e kgona go bona kafa dikarolwana tse dinnye thata tsa setshedi di dirang ka teng go boloka setshedi seo se tshela. Mme sengwe se se re gakgamaditseng le go feta ke gore baitsesaense ba bone metšhini e e raraaneng e e berekang ya dikarolwana tse dinnye tseno tsa ditshedi. Ka sekai, mo teng ga disele tse di tshelang go na le “dilori” tse dinnye thata tse di rwalang dilo go tswa mo letlhakoreng le lengwe la sele go ya kwa letlhakoreng le lengwe. Go na le “matshwao” a mannye thata a a bolelelang “dilori” tseno gore di ye kwa molemeng kgotsa kwa mojeng. Disele dingwe di na le “dienjene” tse dinnye thata tse di tsamaisang disele tseno ka seedi. Mo maemong le fa e ka nna afe a mangwe, fa batho ba bona tsela e e raraaneng thata jaana e dilo tseno di dirang ka yone, ba fetsa ka gore dilo tseno di rulagantswe ka boikaelelo. Ga go na tlhaloso e nngwe e re ka e ntshang go tlhalosa go raraana gono ga dilo, le fa Darwin a tlile ka thuto ya gagwe ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe. E re ka re ntse re tlhola re bona nako le nako gore fa dilo di rulagantswe ka tsela eno go raya gore di dirilwe ka boikaelelo, go a utlwala gore re akanye gore go dira ga dikarolwana tse dinnye thata tseno tsa ditshedi go rulagantswe ke motho mongwe yo o botlhale.
TSOGANG!: O AKANYA GORE KE KA NTLHA YANG FA BA LE BANTSI BA BADIRIKAWENA BA SA DUMALANE LE WENA MO KGANNYENG YA GORE DILO DI TSHWANETSE TSA BO DI NA LE MOTHO YO O BOTLHALE YO O DI DIRILENG?
POROFESA BEHE: Baitsesaense ba le bantsi ga ba dumalane le nna ka gonne ba lemoga gore kgopolo ya
gore go na le motho mongwe yo o botlhale yo o dirileng dilo e raya gore dilo ga di a direga ka tsela ya saense—gore go bonala e raya gore dilo ga di a direga ka tsela ya tlholego. Kgopolo eno e dira gore ba le bantsi ba ikutlwe ba sa gololesega. Le fa go ntse jalo, ka metlha ke ile ka nna ka rutiwa gore saense e tshwanetse go latela sengwe le sengwe se bosupi bo se bontshang. Ka pono ya me ke bogatlapa go gana selo se bosupi bo se bontshang sentle fela ka gonne o akanya gore tshwetso e e rileng e ka nna ya se ka ya amogelwa ke filosofi.TSOGANG!: O KA ARABA JANG BATSHWAYADIPHOSO BA BA RENG GO AMOGELA KGOPOLO YA GORE GO NA LE MOTHO YO O BOTLHALE YO O DIRILENG DILO GO BONTSHA BOTLHOKAKITSO?
POROFESA BEHE: Motho o fitlhelela tshwetso ya gore selo se dirilwe ka boikaelelo e seng ka ntlha ya botlhokakitso. Ga re a e fitlhelela ka ntlha ya se re sa se itseng; mme ke ka ntlha ya se re se itseng. Fa Darwin a ne a gatisa buka ya gagwe ya The Origin of Species dingwaga di le 150 tse di fetileng, ditshedi di ne di bonala di sa raraana. Baitsesaense ba ne ba akanya gore sele ke selo se se sa raraanang, mo e leng gore ba ne ba akanya gore e ka kgona go ipumpunyegela fela ka boyone mo seretseng. Mme fa e sa le ka nako eo, saense e bone gore disele ke dilo tse di raraaneng thata, di raraane thata go feta metšhini ya lekgolo la rona la bo21 la dingwaga. Go dira ga dilo ka tsela e e raraaneng jaana go bontsha gore di dirilwe ka boikaelelo.
TSOGANG!: A SAENSE E KILE YA LEKA GO NTSHA BOSUPI JWA GORE GO IPHETOGELA GA DITSHEDI KA BOTSONE GO NNA TSE DINGWE, E DIRISA MOKGWA WA GORE TLHAGO ITLHOPHELE MO DI TLA NNANG GONE, E KA TSWA E LE GONE GO GO DIRILENG DIKAROLWANA TSE DINNYE TSE O BUANG KA TSONE TSE DI RARAANENG TSA DITSHEDI?
POROFESA BEHE: O ka batlisisa mo bukeng le fa e le efe ya saense, o tla lemoga gore ga go na motho ope yo o kileng a tsaya matsapa—e ka tswa e le ka go dira ditekeletso kgotsa ka go bontsha selo sengwe se se supiwang ke saense—a go bontsha gore dikarolwana tseno tse dinnye di itlhagetse jang ka mokgwa wa ga Darwin. Ga go na ope yo o kileng a dira jalo le mororo mo dingwageng tse di lesome fa e sale buka ya me e gatisiwa, mekgatlho e le mentsi ya saense, e e tshwanang le National Academy of Sciences le American Association for the Advancement of Science, e ikuetse fela thata mo malokong a yone gore a dire sotlhe se ba ka se kgonang go gana kgopolo ya gore ditshedi di bontsha gore go na le motho yo o botlhale yo o di dirileng.
TSOGANG!: O ARABA JANG BA BA BONTSHANG KA DIKAROLO DINGWE TSA DIJALO KGOTSA DIPHOLOGOLO TSE BA BOLELANG GORE GA DI A DIRWA SENTLE?
POROFESA BEHE: Lebaka fela la go bo ga re itse gore boikaelelo jwa serwe sengwe mo setsheding ke eng ga le reye gore ga se na karolo e e botlhokwa e se e dirang mo setsheding. Ka sekai, dirwe dingwe tse go neng go dumelwa gore ga di dire sepe mo mmeleng, go kile ga bo go akanngwa gore di bontsha gore mmele wa motho kgotsa wa setshedi sengwe ga wa dirwa sentle. Ka sekai, appendix le dikodu go kile ga bo go dumelwa gore ke dirwe tse di sa direng sepe mo mmeleng wa motho mme batho ba ne ba ariwa go di ntsha. Mme jaanong go ne ga tlhokomelwa gore dirwe tseno di na le se di se dirang mo thulaganyong ya mmele ya go lwantsha malwetse mme jaanong ga di tlhole di tsewa e le dirwe fela tse di sa direng sepe mo mmeleng.
Ntlha e nngwe e re tshwanetseng go e gakologelwa ke gore mo ditsheding dilo dingwe go bonala di na le go itiragalela fela ka botsone. Mme lebaka fela la gore koloi ya me e bobetsegile golo gongwe, kgotsa e fedile mowa mo leotwaneng ga le reye gore koloi eno kgotsa leotwana leno ga le a dirwa ka boikaelelo. Ka tsela e e tshwanang, ntlha ya go bo dilo dingwe di itiragalela fela ka botsone mo ditsheding ga le reye gore metšhine e mennye thata e e raraaneng ya botshelo e itlhagetse fela ka boyone. Go dumela jalo ga go dire tlhaloganyo.
[Mafoko a a mo go tsebe 12]
“Ka pono ya me ke bogatlapa go gana selo se bosupi bo se bontshang sentle fela ka gonne o akanya gore tshwetso e e rileng e ka nna ya se ka ya amogelwa ke filosofi”