Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ka Kgona go Thusa Baswi?

A o Ka Kgona go Thusa Baswi?

Baebele ya Reng

A o Ka Kgona go Thusa Baswi?

“Go tswa fela kwa tshimologong Kereke e ile ya . . . rapelela [baswi] . . . gore fa ba setse ba itshekisitswe jalo, ba kgone go amogela boitumelo jwa go bona Modimo.”—“Katekesima ya Kereke ya Katoliki.”

BATHO ba ditso tsotlhe ba amegile ka seemo sa baswi. Gongwe o ile wa ikutlwa o hutsafatse e bile o latlhegetswe fa mongwe yo o mo ratang a tlhokafala. O ka tswa o ipotsa gore a batho ba ba suleng ba tswelela ba tshela, a ba a boga kgotsa a ba mo kagisong le gore a go na le sengwe se wena o ka se dirang go ba thusa.

Batho ba le bantsi ba bodumedi ba dumela gore ba ka kgona go thusa batho ba ba suleng. Ka sekai, Bahindu, ba dumela gore fa ba fisa setopo sa mongwe yo ba mo ratang mo lotshitshing lwa Noka ya Ganges mme ba bo ba gasaganya molora wa sone mo metsing a teng, ba ka tlhomamisega gore moya wa moratiwa wa bone o tla itumela. Kwa Botlhaba, Babuda ba fisa ditshwantsho tsa dikoloi, matlo, diaparo le tsa madi, ba dira jalo ka go bo ba dumela gore motho yo o tlhokafetseng o tla kgona go dirisa dilo tseo mo lefatsheng le a yang kwa go lone. Mo Afrika, go tshololelwa bojalwa kwa mabitleng, ka kgopolo ya gore moswi o tla solegelwa molemo ke tshupelo eo.

Bakatoliki ba ruta gore fa motho a swa a ise a ikwatlhaele “boleo jwa ka boomo” o ipeile mo boemong jwa go se amogelwe ke Modimo. Boemo jono “bo bidiwa ‘dihele’” mme o tla ya diheleng. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ruta gore motho yo o amogelwang ke Modimo a ka kgona go nna le tsholofelo ya go bona “boitumelo jo bo feletseng” kwa legodimong a na le Modimo, mme e seng pele ga a itshekisiwa sentle. Gore motho a itshekisiwe jalo o tlhoka gore a nne nako e e rileng kwa pakatoring mme a itshokele “go phepafadiwa ka molelo” a otlhaelwa diphoso tse a ka kgonang go di itshwarelwa. Le fa go ntse jalo, fa motho a sa ntse a le kwa pakatoring a ka kgona go thusiwa ke dithapelo tse di mmuelelang—dithapelo tse di rapelwang mo leineng la kereke—le ke Mmisa e a tla e tshwarelwang. Gantsi ke ditsala le ba losika ba motho yo o tlhokafetseng ba ba duelelang ditirelo tse di ntseng jalo.

Go tlwaelegile gore motho a batle go dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang go fedisa tsela epe fela e motho yo o mo ratang a ka tswang a boga ka yone. Fa go ne go ka kgonega go ba thusa, a Modimo o ka bo a sa tlhalosa sentle gore seo se tshwanetse sa dirwa jang? Mma re bone gore Baebele ya reng malebana le go thusa baswi.

Seemo sa Baswi

Dilo tsotlhe tse di tlhalositsweng fa godimo, di dirwa ka go bo batho ba dumela gore go na le moya o o sa sweng, ke gore, go na le karolo nngwe ya motho e e tswelelang e tshela fa mmele wa gagwe one o sena go swa. A ke seo Baebele e se rutang? Ya re: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa, mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo, ka gonne go ba gakologelwa go lebetswe. Le lorato lwa bone le letlhoo la bone le lefufa la bone di setse di nyeletse, mme ga ba tlhole ba na le kabelo epe ka bosakhutleng mo go sepe se se tshwanetseng go dirwa kafa tlase ga letsatsi. Sotlhe se seatla sa gago se se bonang go se dira, se dire ka maatla a gago, gonne ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole, lefelo le o yang kwa go lone.” (Moreri 9:5, 6, 10) Sheol ke lefoko la Sehebera le le tlhalosang fela lebitla le le tlwaelegileng le batho ba yang kwa go lone.

Malebana le kafa loso lo amang motho ka teng, mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a kwala jaana: “Moya wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; mo letsatsing leo dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.”—Pesalema 146:4.

Ditlhaloso tsa Baebele di a ikanyega e bile di a utlwala. Wena o akanya jang? A rre yo o lorato a ka dira gore bana ba gagwe ba boge ka ntlha ya boleo jo ba bo ruileng? (Genesise 8:21) A ka se ka a go dira. Gone he, ke ka ntlha yang fa Rrarona yo o kwa legodimong a ka dira selo se se ntseng jalo? Fa bangwe kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba simolola go amogela ngwao ya boheitane ya go fisa bana ba bone go ba isa ditlhabelo tsa medimo ya maaka, Jehofa o ne a kgala mokgwa oo o o supang letlhoo, a re ke ‘selo se a sa se laelang le se se neng se sa tla mo pelong ya gagwe.’—Jeremia 7:31.

Boleo jwa batho bo dira gore ba swe e seng gore ba ye go tlhokofadiwa mo botshelong jo bongwe. Go ya ka Dikwalo “dituelo tse boleo bo di duelang ke loso” mme “yo o suleng o golotswe mo boleong.”—Baroma 5:12; 6:7, 23.

Baswi ga ba boge. Go na le moo, go ntse jaaka e kete ba robetse boroko jo bo kwa teng, ba sa utlwe sepe. Ka jalo, ga go pelaelo gore maiteko otlhe a batho ba a dirang go thusa baswi a thulana le se Baebele e se rutang.

Baswi Ba na Le Tsholofelo Efe?

Seno ga se reye gore baratiwa ba gago ba ba suleng ba tla nna ba sa utlwe sepe go ya go ile. Mo boemong jwa moo, go na le tsholofelo e e itumedisang ka bone.

Pele ga Jesu a tsosa tsala ya gagwe e e rategang e bong Lasaro, o ne a re o ile go ‘mo tsosa mo borokong.’ (Johane 11:11) Mo lekgetlhong le lengwe o ne a tlhalosa gore ‘botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwa lentswe la gagwe mme ba tla tswa.’ (Johane 5:28, 29) Tsogo ya baswi e tla bo e setse e ba golotse mo boleong jwa bone jwa nako e e fetileng mme ka gone ba tla bo sa tlhoke go boga ka ntlha ya se ba se dirileng fa ba ne ba tshela. Ba tla nna le tshono ya go ithuta go itumelela botshelo mo maemong a a itekanetseng. A bo e le tsholofelo e e itumedisang jang ne!

Fa e le gore o kgatlhwa ke tsholofelo eo, o se ka wa etsaetsega go sekaseka gore a ditsholofetso tseno di boammaaruri. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

▪ A baswi ba utlwa sengwe?—Pesalema 146:4; Moreri 9:5, 6, 10.

▪ A Modimo o tla letla baswi gore ba boge mo diheleng tse di tukang molelo?—Jeremia 7:31.

▪ A baswi ba na le tsholofelo?—Johane 5:28, 29.