Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Tsela e Ntšha e Makasine wa Tsogang! o Kwalwang ka Yone Maabane bosigo ke ne ke fetsa go bala makasine wa Tsogang! wa January 2006. Ruri ke rata tsela e ntšha e o kwalwang ka yone! Tsogang! jaanong ke makasine o motho a ka o dirisang go ithuta, le tsela e o dirilweng ka yone e tlhotlheletsa mmadi go akanya. Mo makasineng ono otlhe, ke kgona go bona kafa Jehofa a re thusang ka teng gore re tswelele re gole semoyeng.

B. N., Canada

Ke na le dingwaga di le 16. Dikarolo tse disha tsa makasine ono wa Tsogang! di tla re thusa thata fa re ithuta Baebele. Ditlhogo dingwe di na le dipotso tse di thusang mmadi go akanya ka se a se badileng. Ke rata go dirisa Tsogang! fa ke dira tiro ya me ya sekolo. Ke solofela gore lo tla tswelela lo re gatisetsa tshedimosetso e e molemolemo jaana e e thusang.

S. N., Namibia

Tumelo Ya me E Nnonotshitse—Fa ke Ntse ke Itshokela Bolwetse Jwa ALS (January 2006) Fa ke sena go bala maitemogelo a ga Jason Stuart, ke ne ka lemoga gore mathata otlhe a me a mannye thata. Ke ne ka simolola go lemoga gore Jehofa o anaanela se re mo direlang sone go ya kafa maemo a rona a re letlang ka gone. Ke kgatlhwa ke boikutlo jwa go intsha setlhabelo le jwa go ikanya Jehofa jwa mosadi wa ga Jason. Ga ke na go tsamaya ke lebala boitemogelo jono mme ka metlha bo tla nthusa go lebana le mathata a a tla tsogang mo isagweng.

C.R.S., Peru

Ke ne ka lela fa ke sena go bala ka kgang ya ga Jason, e seng fela ka gonne go nkamile pelo go bala ka dilo tse di neng di mo diragalela mme gape ka gonne, jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke motlotlo tota go nna le motho yo o tshwanang le ene e le mokaulengwe wa me. Go tswa mo setlhogong seno, ke bona botlhokwa jwa go ipaakanyetsa diteko, ka gonne “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele” di ka tlela mongwe le mongwe wa rona.—Moreri 9:11.

T. A., Hungary

Mmè o ne a tlhokafala a bolawa ke bolwetse jwa ALS. Ka gone boitemogelo jwa ga Jason bo ne jwa nkama fela thata. Sekao sa gagwe se ne sa nkgothatsa gore ke tswelele pele ke dira bojotlhe mo bodireding jwa me. Ke rapelela gore Jehofa a nne a nonotshe mokaulengwe yono le mosadi wa gagwe.

L.Z.G., Paraguay

Lebaka la go bo Jason a ne a dirisa nako ya gagwe ya fa a ne a sa ntse a itekanetse, a nweleletse mo go ithuteng, mme ka gone a nna le polokelo ya dilo tsa semoya e a neng a kgona go gelela mo go yone fa a ne a tlhoka go dira jalo, e ne ya dira gore ke akanye. E ne ya dira gore ke ikemisetse go feta pele go tlhagafala thata mo go ithuteng ga me Baebele.

Y. M., Japane

Basha ba Botsa Jaana—Ke ka Ntlha Yang fa ke Ikgobatsa? (January 2006) Fa ke sa ntse ke le mosha ke ne ke na le bothata jwa go dirisa diokobatsi le bojalwa, mme bothata jo bogolo thata jo ke neng ke na le jone e ne e le go ikgobatsa. Ke ntse ke kgaratlha, mme ditlhogo tse di tshwanang le seno di nthusitse go itshoka. Ga ke na mafoko a go leboga.

E. C., United States

Ga ke bolo go ikgobatsa go tloga fa ke sa ntse ke le mo dingwageng tsa bolesome. Gone jaanong ke na le dingwaga di le 56. Ke kgaogane le mokgwa ono wa go ikgobatsa dingwaga di le nnè tse di fetileng, mme ka dinako dingwe ke nna le mathata a magolo mo ke utlwang ke eletsa e kete nka ikgobatsa gape. Setlhogo seno se fitlheletse mo botennyeng jwa pelo ya me. Se tla thusa batho ba ba tshwanang le nna go boa ba tshela botshelo jo bo botoka gape.

Ga re a newa leina, Netherlands

Ke na le dingwaga di le 17 mme ke rata go leboga gore lo bo lo gatisitse setlhogo seno. Ke na le bothata jono jwa go ikgobatsa. Bosheng jaana ke sa tswa go itshegaka gape. Morago ga moo ke ne ka bua le mmè mme ka mo kopa gore a rapele le nna. Le fa ke na le bothata jono, ke ithutile gore Jehofa o a nthata. Setlhogo sa lona se nthusitse thata, mme ke leboga Modimo ka sone!

N. M., Czech Republic

“Ruri ga ke dumele!” Ke tsela e ke neng ka arabela ka yone fa ke bona setlhogo seno. Ke na le dingwaga di le 18. Ke ntse ke tlhola ke ikgobatsa. Botlhoko jo ke bo utlwang bo nthusa go kokobetsa maikutlo a me. Gantsi ke tle ke utlwe e kete nka iketeka, mme ga ke itse gore ke lwantshane jang le boikutlo jono. Ke ne ka gakgamala tota fa ke bona setlhogo seno. Ke ne ka seka dikeledi, mme ka rapela Jehofa go mo leboga. Ke mo phuthegong ya ga Jehofa fela mo motho a kgonang go bona kgomotso e e tshwanang le eno!

A. P., Russia

Fa ke le dingwaga di le 14, ke ne ka simolola go okobatsa botlhoko jwa maikutlo a me ka go ikgobatsa. Nkile ka bo ka ya bookelong ka ntlha ya gone. Go kwala nako le nako fa ke ikgobatsa go nthusitse go dira gore ke fokotse mokgwa ono. Gape, fa ke utlwa ke raelesega go ikgobatsa, ke leletsa tsala nngwe e e tlhaloganyang mogala. Thapelo e ile ya nthusa thata. Mme e ne e re fa ke ikutlwa ke sa tshwanelege go rapela, ditsala le bagolwane ba Bakeresete ba ile ba rapela le nna. Ke ntwa e e matlho mahibidu, mme ke ithutile go itshoka le go amogela thuso yotlhe e e teng gore ke se ka ka ikgobatsa.

N. W., Jeremane

Setshwantsho se se mo tsebeng ya ntlha ya makasine ono se bontsha mosetsana a goga moriri wa gagwe, gape se bo se umaka “Sara,” yo o neng a goga moriri wa gagwe go ikgobatsa. Morwadiake o na le bolwetse jo bo bidiwang trichotillomania, bolwetse jo bo dirang gore motho a ikgoge moriri. Bolwetse jono bo amana le jwa obsessive-compulsive disorder. Bolwetse ke jone bo mo pateletsang go dira jalo, e seng ka gonne a batla go ikgobatsa. Ga se jaaka e kete go ikgoga moriri ke kgato e e isang kwa goreng o itshegakake.

M. H., United States

“Tsogang!” e a araba: Lefoko “trichotillomania,” le le tlhamilweng mo dingwageng tsa bofelo tsa lekgolo la bo19 la dingwaga, le raya mofuta wa bolwetse jwa go ikutlwa fela o patelediwa ke sengwe go goga moriri wa gago. Jaaka fa setshwantsho sa rona se ne se leka go bontsha, batho bangwe ba dirisa go ikgoga moriri go ikgobatsa. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore mongwe le mongwe yo o ikgogang moriri o na le bothata jwa go ikgobatsa jo bo tlhalosiwang mo setlhogong sa rona. Jaaka fa mmadi yo o fa godimo a bontsha ka dinako dingwe mokgwa ono o amana thata le bolwetse jwa “obsessive-compulsive disorder.”

Mo maemong otlhe, bomankge bangwe ba tlhalosa gore go tshwanetse ga tlhatlhobiwa gore a motho a ka tswa a se na bolwetse jwa “trichotillomania” gore mongwe le mongwe a newe tlhokomelo go ya ka maemo a gagwe. Ka gone, go ka nna ga nna botlhale gore ba ba nang le bothata jono ba bone ngaka gore e tlhatlhobe gore bothata jwa bone ke eng le gore a ka thusiwa jang.

O ne O ka Reng? (January 2006) Ke itumeletse karolo e ntšha eno thata! Re ruta ditlogolwana tsa rona, mme setlhogo seno se tlile go ba thusa thata fa ba bala Baebele letsatsi le letsatsi le fa ba bala ditlhogo tsa Tsogang! go ba thusa fa ba dira dikabelo tsa bone tsa kwa sekolong. Re leboga tsela e lo kgathalelang bana ka yone.

B. E., United States

Karolo eno e a gwetlha, mme ka metlha fa ke bona karabo ke a itumela! Maabane bosigo ke feditse maitseboa otlhe ke bala tsebe eno; e ne e kgatlha tota! Fa ke gola, ke tla rata go thusa mo go direng makasine ono gore ba bangwe le bone ba ka ithuta ka Jehofa!

D. H., United States

Ke na le dingwaga di le robedi. Lelapa la rona le dirisa tsebe eno mo thutong ya rona ya lelapa. Re itumelela dilo tse re tshwanelwang ke go dira dipatlisiso ka tsone. Karolo e e reng “Ke Nna Mang?” e nna thata ka dinako dingwe, mme gone re rata kgwetlho eno. Tswelelang pele go dira tiro e ntle eno.

C. W., United States