Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Laola Tsela ya go Lebelela Thelebishene

Go Laola Tsela ya go Lebelela Thelebishene

Go Laola Tsela ya go Lebelela Thelebishene

“FA RE sena go e bulela, re lebelela sengwe le sengwe se se bontshiwang, re lebelela lenaneo lengwe le lengwe le le tlileng go latela,” go ne ga bolela jalo Claudine. “Ga re e time pele re ya go robala.” Bangwe ba re: “Ga ke gone go tlosa matlho a me mo go yone,” fa ba bangwe bone ba re, “Ga ke batle go lebelela thelebishene ka tsela e ke e lebelelang ka yone, mme gone ga ke kgone go nna ke sa e lebelele.” A o lebelela thelebishene thata? A o tshwenyegile ka seabe se thelebishene e ka tswang e na le sone mo lelapeng la gago? Fano go na le dikakantsho dingwe tse di tla go thusang gore o kgone go laola tsela e o lebelelang thelebishene ka yone.

1. LEKA GO BONA GORE O E LEBELELA GO LE KANA KANG. “Yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe,” go bolela Diane 14:15. Go botlhale go sekaseka mekgwa ya gago ya go lebelela thelebishene gore o tle o bone gore a go a tlhokega gore o dire diphetogo. Mo lobakeng lwa beke kwala nako le nako fa o lebelela thelebishene go bona gore o dirisa nako e e kana kang o e lebeletse. O ka nna gape wa kwala lenaane la mananeo a o a lebeletseng, le se o se ithutileng mo go one, le gore o itumeletse mananeo ano go le kana kang. Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa ke go bala nako e o e dirisitseng o lebeletse thelebishene. O tla gakgamalela go bona gore ke nako e e kana kang. Go itse fela gore o dirisa nako e kana kang ya botshelo jwa gago o lebeletse thelebishene go tla go tlhotlheletsa gore o dire diphetogo.

2. FOKOTSA NAKO YA GO LEBELELA THELEBISHENE. Leka go se lebelele thelebishene letsatsi le le lengwe fela mo bekeng, beke yotlhe, kgotsa kgwedi yotlhe. Mme gape, o ka nna wa rata go ipeela dithibelo gore o tla dirisa nako e e kanakang letsatsi le letsatsi o lebeletse thelebishene. Fa o ka fokotsa nako e o lebelelang thelebishene ka yone ka halofo ya ura letsatsi le letsatsi, o tla nna le diura di le 15 tse di oketsegileng kgwedi nngwe le nngwe. Dirisa nako eno go dira ditiro tse di botlhokwa, tse di jaaka ditiro tsa semoya, go bala buka nngwe e e molemo, kgotsa go nna le balelapa le ditsala. Dipatlisiso di bontshitse gore batho ba ba lebelelang thelebishene go le gonnye ba itumelela go e lebelela go feta batho ba ba e lebelelang thata.

Tsela nngwe ya go fokotsa go lebelela thelebishene thata ke go e ntsha mo kamoreng ya go robala. Bana ba ba nang le thelebishene mo dikamoreng tsa bone ba dirisa mo e ka nnang ura le halofo ba e lebeletse go feta bana ba ba se nang yone mo dikamoreng tsa bone. Mo godimo ga moo, fa thelebishene e le mo kamoreng ya ngwana batsadi ga ba itse gore ngwana o lebeletse eng. Batsadi le banyalani ba tla fitlhela gore ba kgona go nna le nako e ntsi mmogo fa ba ntsha thelebishene mo kamoreng ya bone. Ba bangwe, ba itlhophetse go se nne le thelebishene gotlhelele mo magaeng a bone.

3. RULAGANYA SE O TLA SE LEBELELANG. Gone mme, ee, go na le mananeo a le mantsi a a siameng go ka lebelelwa mo thelebisheneng. Go na le gore o nnele go fetofetola ditšhanele kgotsa go lebelela sengwe le sengwe se se tlhagang, leba pele gore ke mananeo afe a a tla bontshiwang gore o tle o tlhophe a o batlang go a lebelela. Bulela thelebishene fa lenaneo le o le tlhophileng le simolola, mme o time thelebishene fa le fela. Kgotsa go na le go lebelela lenaneo ka nako e le gasiwang ka yone, o ka nna wa le gatisa mo bidiong gore o tle o le lebelele nako e nngwe. Seno se tla dira gore o kgone go le lebelela ka nako e e go siametseng gape o tla kgona le go fetisa dipapatso.

4. TLHOPHA SE O TLA SE LEBELELANG. Baebele e boletse e sa le pele gore mo metlheng ya rona batho e tla nna “baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” Gongwe o tla dumela gore bontsi jwa batho ba re ba bonang mo thelebisheneng ba ntse fela jalo. “Mme bano” Baebele e re gakolola gore re ba ‘fularele.’ (2 Timotheo 3:1-5) Re tlhagisiwa jaana: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.”—1 Bakorintha 15:33.

Go kgona go tlhopha sentle go raya gore o nne le boikgapo. A e kile ya re o lebeletse terama kgotsa baesekopo mo metsotsong ya ntlha e le mmalwa, wa lemoga gore ga ya siama, mme wa tswelela o e bogela fela ka go bo o batla go bona gore go tlile go direga eng morago? Ba le bantsi ba ne ba iphitlhela ba le mo seemong se se ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, fa o ikemiseditse go tima thelebishene gore o tle o kgone go dira sengwe se sele, o tla fitlhela gore ga o tshwenyege ka gore go sala go diregang.

Bogologolo pele thelebishene e nna gone, mopesalema o ne a kwala jaana: “Ga nkitla ke tlhoma selo se se se nang molemo wa sepe fa pele ga matlho a me.” (Pesalema 101:3) A bo seno e le mokgele o o molemo jang ne o re ka nnang re gopotse ka one fa re tlhopha se re tla se lebelelang! Bangwe, fela jaaka Claudine, ba tsere tshwetso ya go tlosa dithelebishene mo magaeng a bone. O ne a re: “Ke ne ke sa lemoge ka moo thelebishene e dirileng ka teng gore ke se tlhole ke tshwenngwa ke dilo tse di tshwanetseng go ka bo di ntshwenya. Fa ke nna le tshono ya go lebelela thelebishene, ke tshosiwa ke dilo tse ke di bonang, tse pele di neng di sa ntshose. Ke ne ke tlhola ke akanya gore ke kgona go tlhopha ka botlhale se ke neng ke se lebelela, mme jaanong ke a lemoga gore ke ne ke sa kgone. Fa ke lebelela dilo tse di siameng, ke di itumelela thata.”

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Kwala gore o dirisa nako e e kana kang o lebeletse thelebishene

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Mo boemong jwa go lebelela thelebishene dira tiro nngwe e e botlhokwa

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

O se ka wa okaoka go tima thelebishene!