Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa Mosha yo o Tshwenyegileng

Go Thusa Mosha yo o Tshwenyegileng

Go Thusa Mosha yo o Tshwenyegileng

SIBIA, mosetsana mongwe wa dingwaga di le 13 wa kwa Mexico, o ne a lemoga gore mosetsana mongwe yo o mo tlelaseng ya bone o ne a tlhola a tla sekolong a lela. O ne a leka go mo gomotsa. Ka letsatsi lengwe mosetsana yono o ne a bolelela Sibia gore rragwe ke lekgoba la bojalwa mme o betsa mmaagwe.

Sibia o tlhalosa jaana: “O ne a mpolelela gore ga a batle go tshela, gore o kile a leka go ipolaya. O ne a re ga go na ope yo o mo ratang le gore o ne a ikutlwa a le nosi. Ke ne ka mmolelela gore go na le Mongwe yo o mo ratang thata, Motho yo o botlhokwa thata mo lobopong. Morago ga foo ka mo tlhalosetsa ka maikaelelo a ga Jehofa ka batho.”

Moragonyana Sibia o ne a naya mosetsana yono buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo mme a simolola go e ithuta le ene letsatsi lengwe le lengwe ka nako ya boikhutso kwa sekolong. Ka bonya mosetsana yono o ne a simolola fetoga, a sa tlhole a le motho yo o ikgaphetseng kwa thoko mme a simolola go bua le go tshega le ba bangwe. Mosetsana yono o ne a kwala jaana mo lekwalong le a neng a le kwaletse Sibia: “Ke a go leboga ka ntlha ya botsalano jwa gago le go bo o le motho yo o tlhaloganyang. O tshwana le mogolole yo ke sa bolong go eletsa go nna le ene. Ke a itse gone jaanong gore go na le mongwe yo o amegang ka nna—Jehofa.”

Gongwe le wena o itse mosha yo o ka solegelwang molemo ke buka ya Basha. Dikgaolo tsa yone tse 39 di akaretsa ditlhogo tse di jaaka: “Ke Ka Kgona Jang go Dira Ditsala tsa Mmatota?,” “Go Tweng Kaga go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?,” le “Ke Tla Itse Jang Fa E Le Lorato lwa Mmatota?” O ka kopa go romelelwa buka eno ka go tlatsa setlankana se se mo makasineng ono o bo o se romela kwa atereseng e e mo go sone kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Tsweetswee nthomelelang khopi ya buka e e bontshitsweng fano.

□ Tsweetswee ikopanyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya Baebele.