Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itshireletse Gore O se Ka wa Tseelwa Koloi ka Dikgoka!

Itshireletse Gore O se Ka wa Tseelwa Koloi ka Dikgoka!

Itshireletse Gore O se Ka wa Tseelwa Koloi ka Dikgoka!

KA MOKWADI WA TSOGANG! WA MO AFRIKA BORWA

GO TSEELWA koloi ka dikgoka ke bothata jo bo ntseng bo gola mo ditoropong di le dintsi go ralala lefatshe, go tloga kwa Karachi go ya kwa Lisbon le go tswa kwa Nairobi go fitlha kwa Rio de Janeiro. Go ya ka Bureau of Justice Statistics ya kwa United States, mo gare ga dingwaga tsa 1993 le 2002 go nnile le dikoloi di le 38 000 tse di tsewang ka dikgoka ngwaga le ngwaga kwa United States.

Afrika Borwa, e e nang le selekanyo sa baagi ba ba dirang nngwe thatarong fa ba bapisiwa le ba kwa United States, e na le selekanyo se se kwa godimo thata sa dikoloi tse di tsewang ka dikgoka—mo e ka nnang 14 000 ka ngwaga. Fa o sena go sekaseka dikai dingwe, o tla tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba tsaya go tseelwa koloi ka dikgoka e le nngwe ya bokebekwa jo ba bo tshabang thata go a feta otlhe. Dipego tse di latelang ke dilo tse di ileng tsa diragalela batho bangwe ba ba nnang mo toropong e kgolo thata ya Afrika Borwa e leng Johannesburg. Fa o ka bala ka se se ba diragaletseng, go ka nna ga go thusa gore o itse gore o tshwanetse go dira eng fa go ka direga gore o tseelwe koloi ka dikgoka, kgotsa tota le e leng go fokotsa kotsi ya gore o tseelwe koloi ka dikgoka.

Dilo Tse di Diragetseng Tota

▪ “E ne e setse e le ngwaga nna le tsala ya me e bong Susan re dira tiro ya go rera mmogo. Ka Laboraro mongwe, pele ga re ya kwa mothong mongwe yo re ithutang le ene Baebele, re ne ra emisa koloi kafa tlase ga setlhare mo mmileng o o bapileng le matlo gore re nwe tee. Susan o ne a tswa mo koloing go ya go tsaya manki kwa morago. E ne ya re a re o nnaya kopi, go ne ga tlhaga banna ba babedi ba re neng re sa itse gore ba tswa kae, mongwe wa bone a supile Susan mo thamong ka tlhobolo. Ke tshogile, ke ne ka leka go tswa mo koloing, mme monna yo mongwe o ne a nkgoromeletsa mo teng. Basadi ba babedi, ba ba pateleditsweng go tsena mo koloing le banna ba babedi ba re kgweetsa—ke ne ke akanya tota gore ba tlile go re betelela kgotsa go re bolaya.”—Anika, mosadi yo mosha yo o nyetsweng.

▪ “Ke ne ke kgweetsa koloi ya me ka 7:00 a.m ke ya tirong. Ke ne ka ema mo marakanelong a ditsela mo gantsi batho ba batlang tiro ba ratang go ema teng. Ke ne ke sa tseele sepe tlhogong, go fitlhela mongwe a nkgotlha mo thamong ka tlhobolo a e tsentseng ka fensetere ya koloi e e neng e butswe, mme a re, ‘Tswa, kgotsa ke tla go thuntsha.’ Ka yone nako eo go ne ga tlhaga helikopotara ya pharakano. E re ka legodu leno le ne le akanya gore ke mapodise, le ne la thuntsha go tswa foo la tshaba. Le ne la nthuntsha mo thamong mme ka gobala monyetsane. Seno se ne sa dira gore ke feletse ke sule ditokololo go tswa mo thamong go ya kwa tlase. Ga ke kgone go dirisa matsogo le dinao tsa me mme e bile di sule.”—Barry, rraagwe mosimane wa dingwaga tsa bolesome.

▪ “Nna le mosadi wa me e bong Lindsay re ne re ipaakanyetsa go ya go ja dijo tsa motshegare. Ke ne ke mo letile mo koloing. Ditswalo tsa koloi di ne di lotletswe mme difensetere di ne di butswe go se kae ka gonne go ne go le mogote. Ke ne ke ntse mo setulong sa mokgweetsi mme ke lebile kwa pele fa ke bona banna ba babedi ba tlhaga ba iketlile fela. Fa ba setse ba le dikgato di le robedi go tswa fa pele ga koloi, ba ne ba kgaogana, yo mongwe a ya kafa ntlheng ya molema ya koloi mme yo mongwe a ya kafa mojeng. Ke sa lebelela, ba ne ba le mo ditswalong tsa koloi ba ntshupa ka ditlhobolo go tswa kafa matlhakoreng oomabedi mme ba ntse ba ntaela gore ke dire eng. Fa ke sena go dumisa koloi, jaaka ba ntaetse, ba ne ba nkgoa ba re ke tsene kwa morago. Mongwe wa bone o ne a kgweetsa koloi mme yo mongwe ene a ntse le nna a mpateletsa gore ke tsenye tlhogo. O ne a mpotsa a re, ‘O ka mpha lebaka lefe la gore ke se ka ka go bolaya?’ Ke ne ka araba ka re, ‘Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.’ O ne a nna a bua ka go mpolaya mme nna ke ntse ke rapela e bile ke akantse ka mosadinyana wa me, ke ipotsa gore o tla dira eng fa a fitlhela gore monna wa gagwe ga a yo le koloi e ile.”—Alan, molebedi yo o etang e bile e le motsadi.

Ditiragalo tseno di bontsha kafa go tseelwa koloi ka dikgoka go ka diragalang ka bonako ka teng e bile o sa lebelela. Di bontsha gape maemo a gantsi batho ba ba tsayang dikoloi ka dikgoka ba a dirisang. Mo mafelong a le mantsi, ga go tlhole go babalesegile go leta kgotsa go iketla mo koloing e e emeng mo tseleng e e gaufi le matlo. Mafelo a mangwe a a kotsi ke marakanelo a ditsela le mmila o o tsenang mo legaeng la gago.

Go Lepalepana le Ditlamorago

Ka boitumelo, mo tiragalong ele e e amang Susan le Anika go ne ga felela ka selo se se itumedisang. Fa batho ba ba neng ba ba tseela koloi ba sena go tsamaya le bone sekgalanyana, basadi ba babedi bano ba ne ba simolola go ba tlhalosetsa ka tiro e ba e dirang ya go ruta ka Baebele. Seno se ne sa bonala se ama digakolodi tsa banna bano. Anika o tlhalosa jaana: “Ba ne ba kopa maitshwarelo ka se ba se dirang mme ba re ba dira seno ka ntlha ya nako e re tshelang mo go yone, ba patelesega go utswa le go tsaya dikoloi ka dikgoka gore ba tle ba kgone go itshedisa. Re ne ra ba tlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela khumanego le go boga.” Molaetsa wa Baebele o ne wa ama magodu ano a dikoloi mme a ne a swetsa gore a re busetse madi le ditshupanako tse a neng a di tsere, mme a solofetsa Susan le Anika gore a ka se ka a ba utlwisa botlhoko. Susan o gakologelwa jaana: “Morago ga foo mongwe wa bone o ne a re laela gore re dire jang gore re tile go tseelwa koloi gape ka dikgoka mo nakong e e tlang. Anika o oketsa jaana: “Mme ba ne ba dira gore re ba solofetse gore re ka se ka ra tlhola re ema fa thoko ga tsela go nwa tee.” Mme fela jaaka ba ne ba buile, ba ne ba emisa koloi mme ba tswa, ka boitumelo ba amogela dikgatiso tsa Baebele mme ba tlogela Susan le Anika gore ba tsamaye ka pabalesego ka koloi ya bone.

Alan, molebedi yo o etang, o ne a laelwa gore a tswe mo koloing ya gagwe fa magodu ano a fitlha kwa lefelong lengwe le le kwa thoko. Le fa gone a ne a latlhegelwa ke dilo tse di tlhwatlhwakgolo, o ne a itumela go bo a ne a falotse a sa gobadiwa. Alan o gakologelwa jaana: “Ke akanya gore ke ile ka falola seemo seno ke sa gobala ka gonne ke ne ke dirisana le bone e bile ke sa itwele mme e bile ke ne ke sa tlalelwa. Mme ke dumela gore ke ne ke tshwanetse go nna kelotlhoko thata. Ke ile ka ithuta go tswa mo go se se ntiragaletseng gore motho o tshwanetse go nna o ntshitse matlho dinameng e re ka re tshela mo nakong ya bofelo ya tsamaiso e e boikepo ya ga Satane. Ka letsatsi le le latelang, Alan le Lindsay ba ne ba boela kwa tshimong yone ele go ya go tswelela ba rera le phuthego e ba neng ba abetswe kwa go yone. Alan o tlhalosa jaana: “Re ne ra rapela, mme re ne re ntse re le kelotlhoko letsatsi lotlhe. Go ne go se motlhofo, mme Jehofa o ne a re ‘naya maatla a a fetang a a tlwaelegileng.’”—2 Bakorintha 4:1, 7.

Yo tiragalo eno e neng ya mo gobatsa thata, e bong Barry, ene o setse a na le dingwaga di le 11 a tsamaya ka setulo sa maotwana. Se se itumedisang ke gore Barry o ne a nna a ntse a na le boikutlo jo bo siameng mme ga a ka a dira gore se se mo diragaletseng se mo galefise. Tumelo ya gagwe mo tsholofetsong ya ga Jehofa Modimo ya gore o tla tlisa lefatshe le lesha ga ya ka ya reketla. (2 Petere 3:13) Barry o sa ntse a tswelela a ya kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha mme o dirisa tshono nngwe le nngwe e a e bonang go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gagwe. A re: “Ke ne ke ntse ke itumelela go direla Jehofa. Le fa ke ntse mo setulong sa maotwana mme ke sa kgone go itirela go le gontsi, gantsi ke akanya ka se Jehofa a ileng a ntirela sone mme seo se nthusa gore ke itshoke. Go ise go ye kae, tsamaiso e e boikepo eno e tla fela mme a bo go tla itumedisa jang fa ke tla bo ke tsamaya gape!”—Isaia 35:6; 2 Timotheo 3:1-5.

Dikgato tse balaodi ba Afrika Borwa ba ileng ba di tsaya di ile tsa dira gore go tseelwa dikoloi ka dikgoka go go anameng mo nageng go fokotsege. Le fa go ntse jalo, go tseelwa dikoloi ka dikgoka go sa ntse go tswelela e bile go a oketsega mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Bakeresete ba boammaaruri ba lebeletse pele ka tsholofelo nako ya fa Bogosi jwa Modimo jwa kwa legodimong jo e leng jone fela puso e e tla fedisang bokebekwa jo bo ntseng jalo le thubakanyo.—Pesalema 37:9-11; Mathaio 6:10.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]

DINTLHA TSE DI KA GO THUSANG GO FOKOTSA KOTSI YA GO TSEELWA KOLOI KA DIKGOKA

▪ Fa o kgweetsa mo lefelong le go tsewang dikoloi ka dikgoka mo go lone, boloka ditswalo tsa koloi ya gago di lotletswe le difensetere di tswetswe.

▪ Fa o fokotsa lobelo mo setopong mo marakanelong a ditsela, tlhokomela batho ba ba lebegang ba belaetsa ba ba ntseng ba tsamaya kafa matlhakoreng oomabedi a tsela.

▪ Fa o dira gore go nne le sekgala se se lekaneng fa gare ga gago le koloi e e kwa pele ga gago go tla go thusa gore o kgone go tswa ka bonako fa go tlhaga boemo bongwe jo bo kotsi.

▪ Fa koloi e ka go thula kwa morago, nna kelotlhoko fa o tswa go ya go bona gore koloi ya gago e senyegile go le kana kang. E ka tswa e le leano fela. Fa seno se ka direga mo lefelong le dikoloi tse tsewang thata ka dikgoka mo go lone, go tla nna botoka fa o ka tswelela ka go kgweetsa go fitlha kwa seteisheneng sa mapodise se se gaufi.

▪ Nna o ntshitse matlho dinameng ka batho ba o sa ba itseng ba ba ntseng ba tsamayatsamaya gaufi le mmila o o tsenang mo legaeng la gago. Fa o lemoga gore go na le batho ba ba ntseng jalo, go ka nna botoka gore o fete mme o boele gae moragonyana, kgotsa o ka nna wa swetsa gore o ye kwa seteisheneng sa mapodise se se gaufi.

▪ Fa e le gore o tlhoka go leta mo koloing e e pakilweng mo lefelong le le kotsi kgotsa mo lefelong le go nang le batho ba se kae fela mo go lone, nna kelotlhoko ka se se diragalang fa pele ga gago le kwa morago. Fa e le gore o belaela gore go ka tlhaga boemo bongwe jo bo kotsi, dumisa koloi mme o dikologe le seterata seo.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Barry o tswelela a na le boikutlo jo bo siameng le fa a le mo setulong sa maotwana